Mareko 4:1-41

4  Mme a simolola gape go ruta go bapa le lewatle.+ Mme boidiidi jo bogolo thata jwa phuthegela gaufi le ene, mo a neng a palama mokoro a ba a nnela koo mo lewatleng, mme boidiidi jotlhe jo bo neng bo ntse go bapa le lewatle bo ne bo le mo losing.+  Jalo a simolola go ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho+ a ba a ba raya mo thutong ya gagwe a re:+  “Reetsang. Bonang! Mojadi o ne a tswa a ya go jala.+  Ya re a ntse a jala, peo nngwe ya wela go bapa le tsela, mme dinonyane tsa tla tsa e ja tsa e fetsa.+  Mme peo e nngwe ya wela mo lefelong le le matlapa, ee, koo e neng e se na mmu o montsi gone, mme ya akofa ya mela ka go bo e se mo mmung o o boteng.+  E rile letsatsi le tlhaba, ya sha, mme ka go bo e se na modi ya swaba.+  Mme peo e nngwe ya wela mo mitlweng, mitlwa ya gola ya e hupetsa, mme ya se ka ya ungwa maungo ape.+  Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo,+ mme, ya re di gola e bile di oketsega, tsa simolola go ungwa maungo, mme di ne di ungwa go menagane ga masome a mararo, le masome a marataro le lekgolo.”+  Jalo a oketsa ka lefoko le le reng: “A yo o nang le ditsebe tsa gore a reetse a reetse.”+ 10  Jaanong e rile a le nosi, ba ba neng ba mo dikologile ba na le ba ba lesome le bobedi ba simolola go mmotsa dipotso kaga ditshwantsho+ tseno. 11  Mme a tswelela a ba raya a re: “Lona lo neetswe sephiri se se boitshepo+ sa bogosi jwa Modimo, mme mo go ba ba kwa ntle dilo tsotlhe di diragala ka ditshwantsho,+ 12  e le gore, le fa ba lebile, ba lebe mme le fa go ntse jalo ba sa bone, mme, le fa ba utlwa, ba utlwe mme le fa go ntse jalo ba sa tlhaloganye, le fa e le go tlhola ba boela morago mme ba newe boitshwarelo.”+ 13  Gape, a ba raya a re: “Ga lo itse setshwantsho seno, mme jalo lo tla tlhaloganya jang ditshwantsho tse dingwe tsotlhe? 14  “Mojadi o jala lefoko.+ 15  Bano, he, ke tse di leng go bapa le tsela koo lefoko le jalwang gone; mme ka bonako fela fa ba sena go le utlwa Satane o a tla+ a ba a tsaya lefoko le le neng le jadilwe mo go bone.+ 16  Mme ka tsela e e tshwanang bano ke tse di jetsweng mo mafelong a a matlapa: ka bonako fela fa ba sena go utlwa lefoko, ba le amogela ka boipelo.+ 17  Le fa go ntse jalo ga ba na modi mo go bone, ba tswelela ka nakwana; mme ka bonako fela fa pitlagano kgotsa pogiso e tsoga ka ntlha ya lefoko, ba a kgotšwa.+ 18  Go na le tse dingwe gape tse di jetsweng mo mitlweng; tseno ke ba ba utlwileng lefoko,+ 19  mme ditlhobaelo+ tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo+ le dikeletso tsa dilo tse dingwe tsotlhe di tsenelele mme di hupetse lefoko, mme le nne le le sa ungweng.+ 20  La bofelo, tse di neng tsa jalwa mo mmung o o molemo ke ba ba reetsang lefoko mme ba le amogele sentle ba bo ba ntsha maungo go menagane ga masome a mararo le ga masome a marataro le ga lekgolo.”+ 21  Mme a tswelela a ba raya a re: “Lobone ga lo tlisiwe gore lo bewe kafa tlase ga seroto se se lekanyang kgotsa kafa tlase ga bolao, ga ke re? Lo tlisiwa gore lo bewe mo godimo ga setlhomo sa lobone, a ga go jalo?+ 22  Gonne ga go na sepe se se fitlhilweng fa e se ka boikaelelo jwa gore se bewe mo pontsheng; ga go na sepe se se subegileng ka kelotlhoko fa e se ka boikaelelo jwa gore se tle mo pepeneneng.+ 23  Le fa e le mang yo o nang le ditsebe tsa go reetsa, a a reetse.”+ 24  Gape a ba raya a re: “Tlhokomelang se lo se utlwang.+ Ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tla lekanyediwa ka sone,+ ee, lo tla okelediwa ka go le gontsi.+ 25  Gonne yo o nang le sengwe o tla newa mo gontsi; mme yo o se nang sepe, le e leng se a nang le sone se tla tsewa mo go ene.”+ 26  Jalo a tswelela ka go re: “Ka tsela eno bogosi jwa Modimo bo tshwana fela le fa motho a latlhela peo mo mmung,+ 27  mme a robale bosigo a ba a tsoge motshegare, mme peo e tlhoge e bo e golele kwa godimo, gore jang ga a itse.+ 28  Mmu ka boone o ntsha maungo ka bonya, sa ntlha mogwang, go tswa foo seako, la bofelo dijo tsa ditlhaka tse di tletseng mo seakong. 29  Mme ka bonako fela fa maungo a letla, o tsenya sekele, ka gonne nako ya thobo e tlile.” 30  Mme a tswelela a re: “Ke eng se re tla tshwantshanyang bogosi jwa Modimo le sone, kgotsa re tla bo tlhalosa ka setshwantsho sefe?+ 31  Le tlhaka ya mosetara, e ka nako e e neng e jalwa ka yone mo mmung e neng e le e nnye thata mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng+ 32  mme fa e sena go jalwa, e gola e ba e nna kgolo go feta merogo yotlhe e mengwe e bo e ungwa dikala tse dikgolo,+ mo dinonyane tsa legodimo+ di neng di kgona go bona bonno mo moriting wa yone.”+ 33  Jalo o ne a tle a bue lefoko le bone ka ditshwantsho+ di le dintsi tsa mofuta oo, go ya kafa ba neng ba kgona go reetsa ka gone. 34  Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho, mme a tlhalosetse barutwa ba gagwe dilo tsotlhe kwa thoko.+ 35  Mme mo letsatsing leo, fa go sena go nna maitseboa, a ba raya a re: “A re kgabaganyetseng kwa losing lo lo ka kwa.”+ 36  Jalo, fa ba sena go phatlalatsa boidiidi, ba mo tsaya ka mokoro, fela jaaka a ne a ntse, mme fa go ene go ne go na le mekoro e mengwe.+ 37  Jaanong ga tsoga phefo e kgolo ya matsubutsubu e e bogale, mme makhubu a nna a itaaganela mo teng ga mokoro, mo mokoro o neng o tloga o tlala metsi.+ 38  Mme ene o ne a le fa lemoragong la mokoro, a robetse mo godimo ga mosamo. Jalo ba mo tsosa mme ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe re tloga re nyelela?”+ 39  Foo a tsoga a ba a kgalema phefo mme a raya lewatle a re: “Kgaotsa! Didimala!”+ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.+ 40  Jalo a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang lo le boboi? A ga lo ise lo nne le tumelo epe?” 41  Mme ba utlwa ba na le poifo e e sa tlwaelegang, ba raana ba re: “Tota yono ke mang, ka gonne le e leng phefo le lewatle di a mo utlwa?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase