Mareko 11:1-33
11 Jaanong fa ba ne ba fitlha gautshwane le Jerusalema, kwa Bethefage le Bethani+ kwa Thabeng ya Lotlhware, a romela ba le babedi ba barutwa ba gagwe+
2 mme a ba raya a re: “Yang kwa motsaneng o lo o lebileng ole, mme ka bonako fela fa lo fetela mo teng ga one lo tla fitlhela eselana e golegilwe, e motho ope a iseng a ko a nne mo go yone; e bofololeng mme lo e tlise.+
3 Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Ke ka ntlha yang lo dira seno?’ lo re, ‘Morena o a e tlhoka, mme o tla akofa a e busetsa kwano gape.’”+
4 Jalo ba tsamaya mme ba fitlhela eselana e golegilwe fa kgorong, ka kwa ntle fa mmileng o o welang mo tseleng, mme ba e bofolola.+
5 Mme bangwe ba bao ba emeng foo ba ba raya ba re: “Lo dirang lo bofolola eselana+ eno?”
6 Ba raya bano fela jaaka Jesu a ne a boletse; mme ba ba lesa ba tsamaya.+
7 Mme ba tlisa eselana+ kwa go Jesu, ba pega diaparo tsa bone tsa kafa ntle mo godimo ga yone, mme a nna mo go yone.+
8 Gape, ba le bantsi ba ala diaparo tsa bone tsa kafa ntle+ mo tseleng, mme ba bangwe ba kgaola dikala tse di nang le makakaba+ mo masimong.+
9 Mme ba ba neng ba tsamaya kwa pele le ba ba neng ba tla kafa morago ba nna ba goa ba re: “Boloka, re a rapela!+ A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa!+
10 A go bakwe bogosi jo bo tlang jwa ga rraarona Dafide!+ Boloka, re a rapela, kwa bogodimong jo bo kwa godimo!”
11 Mme a tsena mo Jerusalema, mo tempeleng; a lebaleba dilo tsotlhe mo tikologong, mme, e re ka nako e ne e setse e ile, a tswa a ya kwa Bethani a na le ba ba lesome le bobedi.+
12 Letsatsi le le latelang, ya re ba sena go tswa mo Bethani, a tshwarwa ke tlala.+
13 Mme a tshogana ka a bona setlhare sa mofeige se se neng se na le matlhare se le kgakajana, mme a ya go bona gore a gongwe o ka fitlhela sengwe mo go sone. Mme, fa a tla fa go sone, a se ka a fitlhela sepe fa e se matlhare fela, gonne e ne e se paka ya difeige.+
14 Jalo, a se raya a re: “A ope a se ka a tlhola aa ja leungo mo go wena ka bosaengkae.”+ Mme barutwa ba gagwe ba ne ba reeditse.
15 Jaanong ba tla mo Jerusalema. Fa a le koo a tsena mo tempeleng mme a simolola go lelekela kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi;+
16 o ne a sa letle ope go ralala tempele a tshotse selwana,
17 mme a nna a ruta a re: “A ga go a kwalwa go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo+ ya ditšhaba tsotlhe’?+ Mme lona lo e dirile logaga lwa dinokwane.”+
18 Mme baperesiti ba bagolo le bakwadi ba utlwa, mme ba simolola go batla kafa ba ka mmolayang ka gone;+ gonne ba ne ba mmoifa, gonne boidiidi jotlhe bo ne bo tshwarwa ke kgakge ka metlha ka ntlha ya go ruta ga gagwe.+
19 E rile go nna maitseboa, ba tswa mo motseng.
20 Mme e rile ba feta foo go sa le phakela, ba bona setlhare sa mofeige se setse se swabile go tswa meding.+
21 Jalo Petere, ya re a se gakologelwa, a mo raya a re: “Rabi, bona! setlhare sa mofeige se o neng wa se hutsa se swabile.”+
22 Mme fa Jesu a fetola a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.
23 Ammaaruri ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o rayang thaba eno a re, ‘Tsholetsega o bo o latlhelwe mo lewatleng,’ mme a sa belaele mo pelong ya gagwe mme a na le tumelo gore se a se buang se tlile go diragala, go tla mo diragalela fela jalo.+
24 Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Dilo tsotlhe tse lo di rapelelang e bile lo di kopa nnang le tumelo gore go ntse jaaka lo setse lo di amogetse, mme lo tla nna le tsone.+
25 Mme fa lo ema lo rapela, itshwareleng+ motho le fa e le eng se lo leng kgatlhanong le ene ka sone; gore Rraalona yo o kwa magodimong le ene a tle a lo itshwarele ditlolo tsa lona.”+
26 ——
27 Mme ba tla gape mo Jerusalema. Mme ya re a tsamaya mo tempeleng, baperesiti ba bagolo le bakwadi le banna ba bagolwane ba tla kwa go ene+
28 mme ba simolola go mo raya ba re: “O dira dilo tseno ka taolo efe? kgotsa ke mang yo o neng a go naya taolo eno ya go dira dilo tseno?”+
29 Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Lo nkarabe, mme ruri le nna ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.+
30 A kolobetso+ ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa mo bathong? Nkarabang.”+
31 Jalo ba simolola go akanya gareng ga bone, ba re: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa legodimong,’ o tla re, ‘Jalo, ke ka ntlha yang lo ne lwa se ka lwa mo dumela?’+
32 Mme fa re ka re, ‘E ne e tswa mo bathong’?”—Ba ne ba boifa boidiidi, gonne botlhe bano ba ne ba tsaya gore Johane eleruri e ne e le moporofeti.+
33 Ebu, fa ba fetola Jesu ba re: “Ga re itse.” Mme Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.”+