Malaki 1:1-14
1 Polelo:
Lefoko la ga Jehofa ka Malaki ka ga Iseraele:
2 “Ke lo ratile,”+ go buile Jehofa.
Mme lo rile: “O re ratile ka tsela efe?”+
“A Esau e ne e se morwarraagwe Jakobe?”+ go bua Jehofa. “Mme ke ne ka rata Jakobe,+
3 mme Esau+ ene ke ne ka mo tlhoa; la bofelo ke ne ka dira dithaba tsa gagwe kgakgabalo+ le boswa jwa gagwe go nna jwa bophokoje ba kwa nageng.”+
4 “E re ka Edoma a ntse a re, ‘Re tšhwetlakantswe, mme re tla boa re bo re aga mafelo a a swafetseng,’ Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Fa e le bone, ba tla aga; mme nna, ke tla rutlolola.+ Ruri batho ba tla ba bitsa “karolo ya naga ya boikepo” le “batho ba Jehofa a ba atlhotseng+ ka bosakhutleng.”
5 Matlho a lona a tla go bona, mme lona ka bolona lo tla re: “E kete Jehofa a ka godisiwa mo karolong ya naga ya Iseraele.”’”+
6 “‘Fa e le morwa ene, o tlotla rraagwe;+ mme motlhanka, mong wa gagwe yo mogolo.+ Ka gone, fa ke le rre,+ go ntlotla go kae?+ Mme fa ke le Mong Yo Mogolo, go mpoifa+ go kae?’ Jehofa wa masomosomo o lo reile jalo, lona baperesiti ba lo nyatsang leina la me.+
“‘Mme lo rile: “Re nyaditse leina la gago ka tsela efe?”’
7 “‘Ka go isa senkgwe se se kgotletsweng+ mo sebesong sa me.’
“‘Mme lo rile: “Re go kgotletse ka tsela efe?”’
“‘Ka go bua lo re: “Tafole+ ya ga Jehofa ke selo se se nyatsegang.”+
8 Mme fa lo isa phologolo e e foufetseng gore e ntshiwe setlhabelo lo a re: “Ga se sepe se se bosula.” Mme fa lo isa phologolo e e tlhotsang kgotsa e e bobolang lo a re: “Ga se sepe se se bosula.”’”+
“Tsweetswee, e tlise gaufi le molaodi wa gago. A o tla go ipelela, kgotsa a o tla go amogela ka bopelonomi?” go buile Jehofa wa masomosomo.
9 “Mme jaanong, tsweetswee, nolofatsang sefatlhego+ sa Modimo, gore a tle a re utlwele botlhoko.+ Seno se dirilwe ke seatla sa lona. A o tla amogela ope wa lona ka bopelonomi?” go buile Jehofa wa masomosomo.
10 “Gape ke mang mo gare ga lona yo o tla tswalang dikgoro?+ Ga lo kitla lo tshubela sebeso sa me—lefela.+ Ga lo intumedise ka gope,” go buile Jehofa wa masomosomo, “e bile ga ke ipelele tshupelo ya mpho e e tswang mo seatleng sa lona.”+
11 “Gonne go tswa botlhabatsatsi le go ya bophirimong jwa lone leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng,+ mme mo lefelong lengwe le lengwe, go tla kuisiwa mosi wa setlhabelo,+ leina la me le tla direlwa neo, le mpho e e phepa;+ ka gonne leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng,”+ go buile Jehofa wa masomosomo.
12 “Mme lona lo ntlontlolola+ ka go bua lo re, ‘Tafole ya ga Jehofa ke selo se se kgotletsweng, le leungo la yone ke selo se se nyatsegang, e leng dijo tsa yone.’+
13 E bile lo rile, ‘Bonang! A bo e lapisa jang ne!’+ mme lo dirile gore e penelwe nko,” go buile Jehofa wa masomosomo. “Mme lo tlisitse sengwe se se tserweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se bobolang;+ ee, lo se tlisitse jaaka mpho. A nka se ipelela mo seatleng sa lona?”+ go buile Jehofa.
14 “Go hutsegile yo o dirang ka boferefere fa go na le phologolo e tonanyana mo motlhapeng wa gagwe, mme a bo a dira maikano a ntshetsa Jehofa e e bokoa.+ Ka gonne ke Kgosi e kgolo,”+ go buile Jehofa wa masomosomo, “mme leina la me le tla boitshega mo ditšhabeng.”+