Lefitiko 16:1-34

16  Mme Jehofa a bua le Moshe morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi ka ntlha ya go atamela ga bone fa pele ga ga Jehofa mo ba neng ba swa.+  Mme Jehofa a raya Moshe a re: “Bua le Arone morwarrago, gore a se ka a tsena mo teng ga lefelo le le boitshepo+ ka dinako tsotlhe mo teng ga sesiro,+ fa pele ga sekhurumelo se se mo godimo ga Letlole, gore a se ka a swa;+ ka gonne ke tla bonala fa godimo ga sekhurumelo+ ke le mo lerung.+  “Arone a tsene mo teng ga lefelo le le boitshepo+ ka dilo tse di latelang: ka powana ya tshupelo ya boleo+ le phelefu ya tshupelo e e fisiwang.+  A apare seaparo se se telele se se boitshepo sa leloba,+ marokgwe a kafa teng+ a leloba a nne mo nameng ya gagwe, mme a ikgatlhe ka moitlamo wa lotheka+ wa leloba a ba a ikhapa ka sethathelela tlhogo+ sa leloba. Ke diaparo tse di boitshepo.+ Mme a tlhape nama ya gagwe mo metsing+ a ba a di apara.  “Mme a tseye dipotsane tse ditonanyana tse pedi mo phuthegong ya bomorwa Iseraele+ tsa tshupelo ya boleo+ le phelefu e le nngwe ya tshupelo e e fisiwang.+  “Mme Arone a ise poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe,+ mme a direle ene le ntlo+ ya gagwe+ tetlanyo.+  “Mme a tseye dipodi tse pedi a di emise fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo.  Mme Arone a gasetse dipodi tse pedi bola,+ bola jo bongwe e le jwa ga Jehofa mme bola jo bongwe e le jwa Asasele.+  Mme Arone a ise podi e bola+ bo e wetseng gore e nne ya ga Jehofa, mme a e dire tshupelo ya boleo.+ 10  Mme podi e bola bo e wetseng gore e nne ya Asasele e emisiwe e tshela fa pele ga ga Jehofa gore e direlwe tetlanyo, gore e tle e tsamaisediwe+ Asasele e ye kwa nageng.+ 11  “Mme Arone a ise poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe, mme a direle ene le ntlo ya gagwe tetlanyo; mme a tlhabe poo ya tshupelo ya boleo, e e leng ya gagwe.+ 12  “Mme a tseye setsholamolelo+ se tletse magala a a tukang a molelo go tswa mo sebesong+ fa pele ga ga Jehofa, le magofi a diatla+ tsa gagwe tsoopedi a tletse maswalo a a boleta a a nkgisitsweng monate, + mme a di tlise mo teng ga sesiro.+ 13  Gape a beye maswalo mo molelong fa pele ga ga Jehofa,+ mme leru la maswalo le bipe sekhurumelo sa Letlole,+ se se leng mo godimo ga Tshupo,+ gore a se ka a swa. 14  “Mme a tseye mangwe a madi a poo+ a a kgatšhe ka monwana fa pele ga sekhurumelo kafa botlhaba, mme o tla kgatšha+ mangwe a madi ka monwana ga supa fa pele ga sekhurumelo.+ 15  “Mme a tlhabe podi ya tshupelo ya boleo, e e leng ya batho,+ mme a tlise madi a yone mo teng ga sesiro+ mme a dire ka madi+ a yone fela jaaka a ne a dira ka madi a poo; mme a a kgatšhe go ela kwa sekhurumelong le fa pele ga sekhurumelo. 16  “Mme a direle lefelo le le boitshepo tetlanyo kaga boitshekologo+ jwa bomorwa Iseraele le kaga go tlhanoga ga bone mo maleong otlhe+ a bone; mme eo ke tsela e a tshwanetseng go direla mogope wa bokopanelo ka yone, o o agileng le bone mo gare ga boitshekologo jwa bone. 17  “Mme go se ka ga nna le motho ope yo mongwe mo mogopeng wa bokopanelo go simolola ka nako ya fa a tsena go ya go dira tetlanyo mo lefelong le le boitshepo go fitlha a tswa; mme a itirele tetlanyo+ a bo a direle le ntlo ya gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele.+ 18  “Mme a tswele kwa sebesong,+ se se fa pele ga ga Jehofa, mme a se direle tetlanyo, mme a tseye mangwe a madi a poo le mangwe a madi a podi a a beye mo dinakeng tsa sebeso go dikologa.+ 19  Gape a kgatšhe+ mangwe a madi mo go sone ka monwana ga supa a se ntlafatse a ba a se itshepise mo maitshekologong a bomorwa Iseraele. 20  “Fa a feditse go direla lefelo le le boitshepo tetlanyo+ le mogope wa bokopanelo le sebeso, gape a ise podi e e tshelang.+ 21  Mme Arone a beye diatla tsa gagwe tsoopedi+ mo tlhogong ya podi e e tshelang a ba a bolela+ ditlolo+ tsotlhe tsa bomorwa Iseraele mo go yone le go tlhanoga gotlhe ga bone mo maleong otlhe a bone + mme a a beye mo tlhogong ya podi+ a ba a e tsamaisa ka seatla sa motho yo o ipaakantseng+ a e isa kwa nageng.+ 22  Mme podi e sikare ditlolo tsotlhe+ tsa bone e di ise kwa lefatsheng le le sekaka, + mme a tsamaise podi gore e ye kwa nageng.+ 23  “Mme Arone a tsene mo mogopeng wa bokopanelo a apole diaparo tsa leloba tse a neng a di apara fa a ne a tsena mo teng ga lefelo le le boitshepo, mme a di beye fa fatshe foo.+ 24  Mme a tlhape nama ya gagwe mo metsing+ mo lefelong le le boitshepo+ a ba a apara diaparo+ tsa gagwe a ba a tswa a tla go isa tshupelo ya gagwe e e fisiwang+ le tshupelo e e fisiwang ya batho+ a ba a dira tetlanyo mo boemong jwa gagwe le mo boemong jwa batho.+ 25  Mme o tla kuisa mafura a tshupelo ya boleo mosi mo sebesong.+ 26  “Fa e le yo+ o tsamaiseditseng Asasele podi,+ a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme a tlhape nama ya gagwe mo metsing,+ morago ga moo a ka nna a tsena mo bothibelelong. 27  “Le fa go ntse jalo, o tla dira gore poo ya tshupelo ya boleo le podi ya tshupelo ya boleo, tse madi a tsone ka bobedi a neng a tlisiwa go tla go dira tetlanyo mo lefelong le le boitshepo, di ntshediwe kwa ntle ga bothibelelo; mme ba fise matlalo a tsone le nama ya tsone le boloko jwa tsone mo molelong.+ 28  Mme yo o di fisitseng a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme a tlhape nama ya gagwe mo metsing, morago ga moo a bo a ka tsena mo bothibelelong. 29  “Mme seno e nne molao ka bosakhutleng mo go lona:+ Mo kgweding ya bosupa mo letsatsing la bolesome la kgwedi+ lo bogise meya ya lona,+ mme lo se ka lwa dira tiro epe,+ e ka ne e le motho wa lefelo la lona kgotsa moagi wa moeng yo o agileng e le moeng mo gare ga lona. 30  Gonne mo letsatsing leno lo tla direlwa tetlanyo+ gore lo bolelwe lo le ba ba itshekileng. Lo tla itsheka mo maleong otlhe a lona fa pele ga ga Jehofa.+ 31  Ke sabata+ wa boikhutso jo bo feletseng mo go lona, mme lo bogise meya ya lona. Ke molao ka bosakhutleng. 32  “Mme moperesiti yo o tla tlodiwang+ le yo seatla sa gagwe se tla tsenngwang maatla gore a direle e le moperesiti+ jaaka motlhatlhami+ wa ga rraagwe a dire tetlanyo mme a apare diaparo tsa leloba.+ Ke diaparo tse di boitshepo.+ 33  Mme a direle lefelo le le boitshepo+ tetlanyo, le mogope+ wa bokopanelo le sebeso+ o tla se direla tetlanyo; le baperesiti le batho botlhe ba phuthego o tla ba direla tetlanyo.+ 34  Mme seno e nne molao ka bosakhutleng mo go lona,+ gore lo direle bomorwa Iseraele tetlanyo kaga maleo otlhe a bone gangwe ka ngwaga.”+ Ka jalo a dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase