Lefitiko 14:1-57

14  Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re:  “Ono e tla nna molao wa molepero+ mo letsatsing la go tlhomamisa go itsheka ga gagwe, fa a tshwanetse go tlisiwa kwa moperesiting.+  Mme moperesiti a tswele kwa ntle ga bothibelelo, mme moperesiti a lebe; fa sebetso sa lepero se fodile+ mo moleperong,  foo moperesiti a ntshe taolo; mme, gore a iitshekise, a a itseele dinonyane tse pedi+ tse di tshelang tse di itshekileng le logong lwa mosedara+ le letsela+ le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le mosiama.+  Mme moperesiti a ntshe taolo, mme nonyane e le nngwe e bolaelwe mo sejaneng sa letsopa mo godimo ga metsi a a phepa.+  Fa e le nonyane e e tshelang yone, a e tseye le logong lwa mosedara le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le mosiama, mme a di ine tsone le nonyane e e tshelang mo mading a nonyane e e neng ya bolaelwa mo godimo ga metsi a a phepa.  Morago ga moo a a kgatšhe+ ga supa+ mo go yo o iitshekisang lepero mme a mmolele e le yo o itshekileng,+ mme a romele nonyane e e tshelang kwa nageng e e bulegileng.+  “Mme yo o iitshekisang a tlhatswe diaparo+ tsa gagwe a ba a beola moriri otlhe wa gagwe a tlhape+ mo metsing a itsheke, morago ga moo a ka nna a tsena mo bothibelelong. Mme a nne kwa ntle ga mogope wa gagwe malatsi a le supa.+  Mme go tla diragala mo letsatsing la bosupa gore a beole moriri otlhe wa gagwe mo tlhogong+ le mo seledung le dintshi tsa gagwe. Ee, a beole moriri otlhe wa gagwe, mme a tlhatswe diaparo tsa gagwe a ba a tlhapise nama ya gagwe mo metsing; mme a itsheke. 10  “Mme mo letsatsing la borobedi+ a tseye diphelefu tse pedi tse dipotlana tse di itekanetseng sentle le kwanyana e le nngwe e namagadi+ e e itekanetseng sentle, e e mo ngwageng wa yone wa ntlha, le tharosomeng ya ifa ya bupi jo bo boleta e le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka+ tse di kolobeditsweng ka leokwane le selekanyo se le sengwe sa loge sa leokwane;+ 11  mme moperesiti yo o mmolelang e le yo o itshekileng a ise motho yo o iitshekisang, le dilo, fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo. 12  Mme moperesiti a tseye phelefu e le nngwe e potlana mme a e ise e le tshupelo ya molato+ mmogo le selekanyo sa loge+ sa leokwane mme a di fokisetse kwa le kwa jaaka tshupelo e e fokwang+ fa pele ga ga Jehofa. 13  Mme a tlhabele phelefu e potlana mo lefelong+ le tshupelo ya boleo le tshupelo e e fisiwang di tlhabelwang mo go lone ka metlha, mo lefelong le le boitshepo,+ ka gonne, jaaka tshupelo ya boleo, tshupelo ya molato ke ya moperesiti.+ Ke selo se se boitshepotshepo. 14  “Mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya molato, mme moperesiti a a beye mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja.+ 15  Mme moperesiti a tseye sengwe sa selekanyo sa loge+ sa leokwane mme a se tshele mo legofing la moperesiti la molema. 16  Mme moperesiti a ine monwana wa gagwe wa moja mo leokwaneng le le mo legofing la gagwe la molema mme a kgatšhe lengwe la leokwane ka monwana wa gagwe ga supa+ fa pele ga ga Jehofa. 17  Mo leokwaneng le lengwe lotlhe le le mo legofing la gagwe moperesiti o tla baya lengwe la lone mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo godimo ga madi a tshupelo ya molato.+ 18  Mme mo go salang ga leokwane le le mo legofing la moperesiti o tla go tshela mo tlhogong ya yo o iitshekisang, mme moperesiti o tla mo direla tetlanyo+ fa pele ga ga Jehofa. 19  “Mme moperesiti a ise tshupelo ya boleo+ a ba a direle yo o iitshekisang tetlanyo mo boitshekologong jwa gagwe, mme morago ga moo o tla tlhaba tshupelo e e fisiwang. 20  Mme moperesiti a ise tshupelo e e fisiwang le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka+ mo sebesong, mme moperesiti+ a mo direle tetlanyo;+ mme a itsheke.+ 21  “Le fa go ntse jalo, fa e le motho wa maemo a a kwa tlase+ e bile a se na dithata tse di lekaneng,+ foo a a tseye phelefu e potlana e le nngwe jaaka tshupelo ya molato ya tshupelo e e fokwang gore a mo direle tetlanyo le nngwesomeng ya ifa ya bupi jo bo boleta jo bo kolobeditsweng ka leokwane jaaka tshupelo ya dijo tsa ditlhaka le selekanyo sa loge sa leokwane, 22  le maeba a mabedi+ kgotsa maphoi a mannye a mabedi, go ya kafa a nang le dithata ka gone, mme le lengwe e nne la tshupelo ya boleo mme le lengwe la tshupelo e e fisiwang. 23  Mme mo letsatsing la borobedi+ a di tlise kwa moperesiting kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo+ fa pele ga ga Jehofa go tlhomamisa go itsheka ga gagwe.+ 24  “Mme moperesiti a tseye phelefu e potlana ya tshupelo ya molato+ le selekanyo sa loge sa leokwane, mme moperesiti a di fokisetse kwa le kwa jaaka tshupelo e e fokwang fa pele ga ga Jehofa.+ 25  Mme a tlhabe phelefu e potlana ya tshupelo ya molato, mme moperesiti a tseye mangwe a madi a tshupelo ya molato mme a a beye mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja.+ 26  Mme moperesiti a tshele lengwe la leokwane mo legofing la molema la moperesiti.+ 27  Mme moperesiti a kgatšhe+ ka monwana wa gagwe wa moja lengwe la leokwane le le mo legofing la gagwe la molema ga supa fa pele ga ga Jehofa. 28  Mme moperesiti a beye lengwe la leokwane le le mo legofing la gagwe mo loretong lwa tsebe ya moja ya yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo lefelong la madi a tshupelo ya molato.+ 29  Mme leokwane le le setseng le le mo legofing la moperesiti o tla le tshela mo tlhogong+ ya yo o iitshekisang gore a mo direle tetlanyo fa pele ga ga Jehofa. 30  “Mme a ise lengwe la maeba kgotsa la maphoi a mannye a a ka tswang a na le dithata tsa go a bona,+ 31  lengwe la one le a ka tswang a na le dithata tsa go le bona e le la tshupelo ya boleo+ mme le lengwe e le la tshupelo e e fisiwang+ mmogo le tshupelo ya dijo tsa ditlhaka; mme moperesiti a direle yo o iitshekisang tetlanyo+ fa pele ga ga Jehofa. 32  “Ono ke molao wa yo sebetso sa lepero se neng se le mo go ene yo o ka tswang a se na dithata fa a tlhomamisa go itsheka ga gagwe.” 33  Mme Jehofa a bua le Moshe le Arone, a re: 34  “Fa lo tla mo lefatsheng la Kanana,+ le ke le lo nayang go nna thuo,+ mme ke baya sebetso sa lepero mo ntlong ya lefatshe le lo le ruang,+ 35  yo ntlo e leng ya gagwe o tshwanetse gore a tle go bolelela moperesiti, a re, ‘Sengwe se se tshwanang le sebetso se bonetse mo go nna mo ntlong.’ 36  Mme moperesiti a ntshe ditaelo, mme ba ntshe dilo tse di mo ntlong pele ga moperesiti a tsena a tla go bona sebetso, gore a se ka a bolela sengwe le sengwe mo ntlong e le se se itshekologileng; mme morago ga moo moperesiti o tla tsena a tla go bona ntlo. 37  Fa a bone sebetso, fa sebetso se le mo dipoteng tsa ntlo, se na le dikhuti tse di botala jo bosetlhana kgotsa tse di khibitswana, mme ponalo ya tsone e le kwa tengnyana ga lobota, 38  foo moperesiti a tswe mo ntlong a ye kwa kgorong ya ntlo mme a tlhaolele ntlo kwa thoko+ malatsi a le supa. 39  “Mme moperesiti a boe mo letsatsing la bosupa mme a lebe;+ mme fa sebetso se aname mo dipoteng tsa ntlo, 40  foo moperesiti a ntshe ditaelo, mme ba somole+ maje a sebetso se leng mo go one, ba a latlhele kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng. 41  Mme o tla dira gore ntlo e falwe gotlhe fela kafa teng, mme ba tshele seretse sa letsopa se ba se epileng kwa ntle ga motse mo lefelong le le itshekologileng. 42  Mme ba tseye maje a mangwe ba a tsenye mo boemong jwa maje a pele; mme o tla dira gore go tsewe seretse se se farologaneng sa letsopa, mme a dire gore go dilwe ntlo ka sone. 43  “Le fa go ntse jalo, fa sebetso se boa mme se tswa ntlo morago ga maje a sena go somolwa le morago ga go fala ntlo le go e dila, 44  foo moperesiti+ a tsene mme a lebe; mme fa sebetso se aname mo ntlong, ke lepero le le kotsi+ mo ntlong. E itshekologile. 45  Mme a dire gore ntlo e rutlwe mmogo le maje a yone le dikota tsa yone le seretse sotlhe sa letsopa sa ntlo mme e isiwe kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng.+ 46  Mme le fa e le mang yo o tsenang mo ntlong mo go lepe la malatsi a e tlhaoletsweng kwa thoko+ ka one o tla itshekologa go fitlha maitseboa;+ 47  mme le fa e le mang yo o lalang mo ntlong eo a tlhatswe diaparo+ tsa gagwe, mme le fa e le mang yo o jang mo ntlong eo a tlhatswe diaparo tsa gagwe. 48  “Le fa go ntse jalo, fa go direga gore ka tsela epe fela moperesiti a tle a ba a leba, mme bona, sebetso se sa anama mo ntlong morago ga go dila ntlo, foo moperesiti a bolele ntlo e le e e itshekileng, ka gonne sebetso se fodile.+ 49  Mme gore a itshekise ntlo mo boleong a a tseye dinonyane tse pedi+ le logong lwa mosedara+ le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase+ le mosiama. 50  Mme a bolaele nonyane e nngwe mo sejaneng sa letsopa mo godimo ga metsi a a phepa.+ 51  Mme a tseye logong lwa mosedara le mosiama+ le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le nonyane e e tshelang mme a di ine mo mading a nonyane e e neng ya bolaelwa mo metsing a a phepa, mme a a kgatšhe+ ga supa+ go ela kwa ntlong. 52  Mme a itshekise ntlo mo boleong ka madi a nonyane le metsi a a phepa le nonyane e e tshelang le logong lwa mosedara le mosiama le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase. 53  Mme a romele nonyane e e tshelang kwa ntle ga motse kwa nageng e e bulegileng mme a direle ntlo tetlanyo;+ mme e itsheke. 54  “Ono ke molao ka ga sebetso sepe sa lepero+ le ka ga go wa mo go sa tlwaelegang ga moriri+ 55  le ka ga lepero la seaparo+ le mo ntlong, 56  le ka ga go swatoga le logogo le lesophi,+ 57  gore go newe ditaelo+ fa sengwe se itshekologile le fa sengwe se itshekile. Ono ke molao ka ga lepero.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase