Joshua 6:1-27
6 Jaanong Jeriko e ne e tswetswe thata ka ntlha ya bomorwa Iseraele, go se na ope yo o tswang e bile go se na ope yo o tsenang.
2 Mme Jehofa a raya Joshua a re: “Bona, ke tsentse Jeriko le kgosi ya yone, banna ba ba thata ba ba diganka, mo seatleng sa gago.+
3 Mme lona lotlhe banna ba ntwa lo gwante go dikologa motse, lo dikologe motse gangwe. Lo dire jalo malatsi a le marataro.
4 Mme baperesiti ba le supa ba tshole dinaka di le supa tsa diphelefu, fa pele ga Letlole, mme mo letsatsing la bosupa lo gwante go dikologa motse ga supa mme baperesiti ba letse dinaka.+
5 Mme go tla diragala gore fa ba letsa lonaka lwa phelefu, fa lo utlwa modumo wa lonaka, batho botlhe ba tlhabe mokgosi o mogolo wa ntwa;+ mme lobota lwa motse lo tla salalagana,+ mme batho ba tlhatlogele, mongwe le mongwe fa go lebaganeng le ene.”
6 Ka jalo Joshua morwa Nune a bitsa baperesiti+ a ba raya a re: “Tsayang letlole la kgolagano,+ mme baperesiti ba le supa ba tseye dinaka di le supa tsa diphelefu fa pele ga letlole+ la ga Jehofa.”
7 Mme a tswelela a raya batho a re: “Fetang mme lo gwante go dikologa motse, mme mophato o o tlhomeletseng ntwa+ o fetele kwa pele ga letlole la ga Jehofa.”
8 Ka jalo ga diragala fela jaaka Joshua a ne a boleletse batho; mme baperesiti ba le supa ba ba tshotseng dinaka di le supa tsa diphelefu fa pele ga ga Jehofa ba feta mme ba letsa dinaka, mme letlole la ga Jehofa la kgolagano le ne le ba setse morago.
9 Mme mophato o o tlhomeletseng ntwa o ne o tsamaya kwa pele ga baperesiti o letsa dinaka, fa masole a a sireletsang kafa morago+ a ne a setse Letlole morago a letsa dinaka a sa kgaotse.
10 Jaanong Joshua o ne a laetse batho,+ a re: “Lo se ka lwa goa le fa e le go utlwatsa mantswe a lona, go se ka ga tswa lefoko lepe mo melomong ya lona go fitlha letsatsi la fa ke lo raya ke re, ‘Goang!’ Foo lo goe.”
11 Mme a dira gore letlole la ga Jehofa le gwante go dikologa motse, le dikologe gangwe, morago ga moo ba bo ba ya kwa bothibelelong ba bo ba lala bosigo joo kwa bothibelelong.
12 Foo Joshua a tsoga go sa le phakela, mme baperesiti ba tsamaya ba tshotse letlole+ la ga Jehofa,
13 gape go ne go tsamaya baperesiti ba le supa ba ba tshotseng dinaka di le supa tsa diphelefu fa pele ga letlole la ga Jehofa, ba letsa dinaka ba sa kgaotse, mme mophato o o tlhomeletseng ntwa o ne o tsamaya kwa pele ga bone, fa masole a a sireletsang kafa morago one a ne a setse letlole la ga Jehofa morago a letsa dinaka a sa kgaotse.
14 Mme ba gwanta go dikologa motse gangwe mo letsatsing la bobedi, morago ga moo ba boela kwa bothibelelong. Ba ne ba dira jalo malatsi a le marataro.
15 Mme ga diragala mo letsatsing la bosupa gore ba tsoge go sa le phakela, fela fa bo sa, mme ba gwanta go dikologa motse ka mokgwa ono ga supa. Ke mo letsatsing leo fela ba neng ba gwanta go dikologa motse ga supa.
16 Mme ga diragala mo lekgetlong la bosupa gore baperesiti ba letse dinaka, mme Joshua a raya batho a re: “Goang; + gonne Jehofa o lo neile motse.+
17 Mme motse o tshwanetse go nna selo se se neeletsweng tshenyego;+ one le sengwe le sengwe se se mo go one ke sa ga Jehofa. Ke Rahabe+ fela wa seaka yo o tla tswelelang a tshela, ene le botlhe ba ba nang le ene mo ntlong, ka gonne o ne a fitlha barongwa ba re neng re ba rometse.+
18 Mme lona, lo ithibe mo selong se se neeletsweng tshenyego,+ e se re kgotsa lwa nna le keletso+ mme lwa tsaya sengwe sa selo se se neeletsweng tshenyego mme lwa dira gore bothibelelo jwa Iseraele e nne selo se se neeletsweng tshenyego mme lwa bo tlisetsa matlhabisa ditlhong.+
19 Mme selefera yotlhe le gouta le dilwana tsa kgotlho le tshipi ke selo se se boitshepo mo go Jehofa.+ Di tshwanetse go tsena mo letlotlong la ga Jehofa.”+
20 Foo batho ba goa, fa ba ne ba letsa dinaka. Mme ga diragala gore fela fa batho ba utlwa modumo wa lonaka e bile batho ba simolola go tlhaba mokgosi o mogolo wa ntwa, foo lobota lwa simolola go salalagana.+ Morago ga moo batho ba tlhatlogela mo motseng, mongwe le mongwe fa go lebaganeng le ene, mme ba thopa motse.
21 Ba senya sotlhe se se neng se le mo motseng, go simolola ka monna go fitlha ka mosadi, go simolola ka lekau go fitlha ka monnamogolo le go fitlha ka poo le nku le esele, ka bogale jwa tšhaka.+
22 Mme banna ba babedi ba ba neng ba tlhola lefatshe, Joshua a ba raya a re: “Tsenang mo ntlong ya mosadi, yo e leng seaka, mme lo ntshe mosadi yoo koo le botlhe ba gagwe, fela jaaka lo mo ikanetse.”+
23 Ka jalo makau a a neng a ile go le tlhola a tsena mme a ntsha Rahabe le rraagwe le mmaagwe le bomorwarraagwe le botlhe ba gagwe, ee, ba ntsha botlhe ba lelapa la gagabo ba a amanang le bone ka losika; mme ba ba baya ka kwantle ga bothibelelo jwa Iseraele.
24 Mme ba fisa motse ka molelo le sengwe le sengwe se se neng se le mo go one.+ Ke selefera fela le gouta le dilwana tsa kgotlho le tshipi tse ba neng ba di tsenya mo letlotlong la ntlo ya ga Jehofa.
25 Mme Rahabe wa seaka le ba ntlo ya ga rraagwe le botlhe ba e neng e le ba gagwe, Joshua a ba boloka ba tshela; mme o nna mo gare ga Iseraele go fitlha mo letsatsing leno,+ ka gonne o ne a fitlha barongwa ba Joshua a neng a ba romela gore ba ye go tlhola Jeriko.+
26 Foo Joshua a dira gore go bolelwe ikano ka yone nako eo, go twe: “Monna yo o tla emang a ba a aga motse ono, e leng Jeriko, a a hutsege fa pele ga ga Jehofa. A a latlhegelwe ke leitibolo la gagwe ka ntlha ya go thaya motheo wa one, e bile a a latlhegelwe ke yo mmotlana thata wa gagwe ka ntlha ya go tsenya ditswalo tsa one.”+
27 Ka jalo Jehofa a nna le Joshua,+ mme tumo ya gagwe ya nna mo lefatsheng lotlhe.