Jobe 6:1-30

6  Mme Jobe a re:   “E kete matshwenyego+ a me a ka bo a lekantswe bokete otlhe fela,Le gore go ntse go le jalo ba beye pitlagano ya me mo sekaleng!   Gonne jaanong e boima go feta le moshawa wa mawatle.Ke gone ka moo mafoko a me a neng a nna puo e e phomesegelang+ fela.   Gonne metswi ya Mothatayotlhe e na le nna,+E moya wa me o nwang+ botlhole jwa yone;Ditherego tse di tswang kwa Modimong di tla di tlhomagane mo go nna.+   A pitse ya naga+ e tla lela e le mo bojannyeng,Kgotsa a poo e tla lela e le mo furung ya yone?   A dilo tse di se nang moutlwalo di ka jewa di se na letswai,Kgotsa a go na le moutlwalo mo matuteng a a boleta a morogo o o melang fa go ditsobotla?   Moya wa me o ganne go ama sepe.Di tshwana le bolwetse jo bo mo dijong tsa me.   E kete ke ne ke ka bona se ke se lopangLe Modimo a nnaya se ke se solofetseng!   Le gore Modimo a nthubaganye,A ntshe seatla sa gagwe mme a nkgaole!+ 10  Le gone moo go ne go ntse go tla nkgomotsa;Mme ke ne ke tla tlola ka boipelo+ mo ditlhabing tsa go belegwa ga me,Le mororo a ne a se kitla a nna le bopelotlhomogi, gonne ga ke a fitlha mafoko+ a Moitshepi.+ 11  Maatla a me ke eng, gore ke nne ke letile?+Le bokhutlo jwa me ke eng, gore ke nne ke lelefatsa moya wa me? 12  A maatla a me ke maatla a maje?Kgotsa a nama ya me ke ya kgotlho? 13  A ke ka gore go ithusa ga go yo mo go nna,Le gore tiro e e nang le matswela ka boyone e lelekilwe mo go nna? 14  Fa e le ope fela yo o ganelang mongwe ka ene+ ka bopelonomi jwa lorato,O tla tlogela go boifa Mothatayotlhe.+ 15  Bomorwarre ba dirile ka boferefere,+ jaaka molatswana wa mariga o o phothoselang,Jaaka moedi wa melatswana ya mariga e e phothoselang e e nnang e feta. 16  E fifaditswe ke dikgapetla tsa metsi,Kapoko e iphitlha mo go yone. 17  Mo pakeng e e leng yone ga e nne le metsi,+ e didimaditswe;E a kgala mo lefelong+ la yone fa go nna mogote. 18  Ditselana tsa tsela ya yone di fapositswe;Di tlhatlogela kwa lefelong le le se nang sepe mme di nyelele. 19  Ditlhopha tsa batsamai tsa kwa Tema+ di lebile,Setlhopha sa baeti sa Baseba+ se ba letile. 20  Ruri ba tlhabilwe ke ditlhong ka gonne ba ne ba na le tsholofelo;Ba tlile mo lefelong leo mme ba a swabisiwa.+ 21  Gonne jaanong lona banna lo nnile ba e seng ba sepe;+Lo bona selo se se tshosang, mme lo a boifa.+ 22  A ke ka gonne ke rile, ‘Nneyeng sengwe,Kgotsa lo nneye maatla mangwe a lona e le neo; 23  Lo bo lo nkgolole mo seatleng sa mmaba,+Le gore lo nkgolole+ mo seatleng sa bapatiki’? 24  Nthute, mme fa e le nna, ke tla didimala;+Mme dira gore ke tlhaloganye+ phoso le fa e ka nna efe e ke e go diretseng. 25  Mafoko a thokgamo ruri a ne a se botlhoko!+Mme ke eng se kgalemo ya lona e se kgalemelang?+ 26  A ke go kgalemela mafoko a lo a logelang leano,Fa mafoko a yo o itlhobogileng+ e le a phefo fela?+ 27  Lo tla nna lo tshelela motho yo o se nang rre+ bola go le kana kang,Le go ananya ka molekane wa lona!+ 28  Mme jaanong tswelelang pele lo ntlhwaele tsebe,Lo bone gore a ke tla aka+ fa pele ga lona. 29  Boang tsweetswee—a go se ka ga tsoga tshiamololo epe—Ee, boang—tshiamo ya me e sa ntse e le gone.+ 30  A go na le tshiamololo mo lolemeng lwa me,Kgotsa a magalapa a me ga a lemoge pitlagano?

Dintlha Tse di Kwa Tlase