Jobe 34:1-37

34  Mme Elihu a tswelela go araba a re:   “Reetsang mafoko a me, lona ba ba botlhale;Le lona ba lo itseng, ntshekegeleng tsebe.   Gonne tsebe ka boyone e leka mafoko,+Fela jaaka magalapa a utlwa dijo fa go jewa.+   A re itlhopheleng katlholo;A re itseng se se molemo mo gare ga rona.   Gonne Jobe o ne a re, ‘Ruri ga ke na molato,+Mme Modimo ka boene o fapositse katlholo ya me.+   A ke bua maaka kgatlhanong le katlholo ya me?Ntho ya me e e botlhoko ga e alafege le fa gone go se na tlolo.’+   Ke monna ofe yo o nonofileng yo o tshwanang le Jobe,+Yo o nwang go sotliwa jaaka metsi?+   Mme ruri o mo tseleng go ya kwa bolekaneng le badiri ba se se utlwisang botlhokoLe go tsamaya le batho ba ba boikepo.+   Gonne o rile, ‘Monna yo o nonofileng ga a boelwe+Ka go ipela mo Modimong.’ 10  Ka jalo, lona banna ba ba nang le temogo,+ ntheetsang.A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo,+Le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!+ 11  Gonne o tla duela+ motho wa mo lefatsheng go ya ka tsela e a dirang ka yone,Mme o tla dira gore e mo tlele go ya ka tsela ya gagwe. 12  Ee, eleruri, Modimo ka boene ga a dire boikepo,+Le Mothatayotlhe ka boene ga a sokamise katlholo.+ 13  Ke mang yo o mo abetseng lefatshe,E bile ke mang yo o mo tlhometseng naga e e ungwang, ee yotlhe fela? 14  Fa a tlhoma pelo ya gagwe mo mothong ope fela,Fa a phuthela moya le mohemo wa yoo kwa go ene,+ 15  Nama yotlhe e tla swa mmogo,Mme motho wa mo lefatsheng o tla boela mo loroleng.+ 16  Ka jalo fa o tlhaloganya, reetsa seno;Sekegela modumo wa mafoko a me tsebe. 17  Tota a mongwe yo o tlhoileng tshiamiso o tla laola,+Mme fa yo o maatla a siame a o tla mmolela e le yo o boikepo?+ 18  A motho a ka raya kgosi a re, ‘Ga o na molemo wa sepe’?A raya batlotlegi a re, ‘Lo boikepo’?+ 19  Go na le Yo o sa supang tlhaolele mo dikgosanengE bile a sa akanyetse motlotlegi go feta motho wa maemo a a kwa tlase,+Gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.+ 20  Ba swa+ ka ponyo ya leitlho, le e leng mo gare ga bosigo;+Batho ba a kgotlhokgotshega mme ba fete,Mme ba ba maatla ba tsamaisiwa e seng ke seatla.+ 21  Gonne matlho a gagwe a mo ditseleng tsa motho,+Mme o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe. 22  Ga go na lefifi lepe le fa e le moriti o montshoGore ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tle ba iphitlhe mo go one.+ 23  Gonne ga a beele motho ope nako e e tlhomilwengGore a ye kwa Modimong kwa katlholong. 24  O robaganya ba ba maatla+ kwantle ga go tlhotlhomisa,Mme o dira gore go eme ba bangwe mo boemong jwa bone.+ 25  Ka jalo o lemoga se ditiro tsa bone e leng sone,+Mme bosigo o a ba ribegetsa, mme ba thubaganngwe.+ 26  O ba faphola jaaka ba ba boikepoMo lefelong la ba ba lebeletseng;+ 27  Ka lebaka la gore ba fapogile mo go mo saleng morago,+E bile ga ba a tlhokomela+ ditsela dipe tsa gagwe, 28  Gore ba tle ba dire gore selelo sa batho ba maemo a a kwa tlase se tle mo go ene;Mme ka jalo o utlwa selelo sa ba ba bogisiwang.+ 29  Fa a dira gore go nne le tidimalo, ke mang jaanong yo o ka mmonang molato?Mme fa a suba sefatlhego sa gagwe,+ ke mang yo o ka mmonang,A ka tswa a se fitlhela setšhaba+ kgotsa motho, e le selo se se tshwanang? 30  Gore monna wa motlhanogi a se ka a busa,+Le gore go se ka ga nna le diru+ tsa batho. 31  Gonne a tota mongwe a ka raya Modimo a re,‘Ke itshokile, le mororo ke sa dire ka boikepo;+ 32  Le mororo ke sa bone sepe, nthute wena ka bowena;Fa e le gore ke dirile tshiamololo nngwe,A ga ke na go e dira gape’?+ 33  A o tla e duela go ya ka pono ya gago fela ka gonne o gana katlholo,Gonne ke wena o tlhophang, e seng nna?Le sone se o se itseng sentle, se bue. 34  Banna ba ba nang le temogo+ ba tla nthaya ba re—Le e leng monna yo o nonofileng yo o botlhale yo o ntheeditseng, 35  ‘Jobe ka boene o bua ka go tlhoka kitso,+Le mafoko a gagwe a na le go tlhoka temogo ga gagwe.’ 36  Rra, a Jobe a lekwe ka botlaloKa dikarabo tse a neng a araba batho ba ba utlwisang botlhoko+ ka tsone. 37  Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka botlhanogi;+O opa diatla mo gare ga rona e bile o ntsifatsa mafoko a gagwe kgatlhanong le Modimo wa boammaaruri!”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase