Jobe 27:1-23

27  Mme Jobe a bua gape puo ya gagwe ya seane+ a re:   “Jaaka Modimo a tshedile,+ yo o tlositseng katlholo ya me,+Le jaaka Mothatayotlhe a tshedile, yo o utlwisitseng moya wa me botlhoko,+   Fa mohemo wa me o sa ntse o feletse mo go nna,Le moya wa Modimo o le mo marobeng a me a dinko,+   Dipounama tsa me ga di na go bua tshiamololoLe loleme lwa me lo ka se ngunangune tsietso!   Go ka se direge gore ke lo bolele lo le ba ba siameng!+Nka se tlose bothokgami+ jwa me mo go nna go fitlha ke swa!   Ke ngangatletse tshiamo ya me, mme ga nkitla ke e lesa;+Pelo ya me e ka se nkgobe ka ntlha ya lepe la malatsi a me.+   A mmaba wa me a nne motho yo o boikepo+ ka tsela nngwe le nngwe,Le yo o ntlhanogelang ruri a nne modiraphoso.   Gonne tsholofelo ya motlhanogi ke eng fa go ka direga gore a mo kgaole,+Fa go ka direga gore Modimo a tseye moya wa gagwe mo go ene?+   A Modimo o tla utlwa selelo sa gagweFa go ka direga gore a tlelwe ke matshwenyego?+ 10  Kgotsa a o tla bona boitumelo jo bogolo mo go Mothatayotlhe?A o tla bitsa Modimo ka dinako tsotlhe? 11  Lona banna ke tla lo laya ka seatla sa Modimo;Nka se fitlhe+ se se mo go Mothatayotlhe. 12  Bonang! Lona lotlhe lo bone diponatshegelo;Ka jalo ke ka ntlha yang fa lo itshupa lo se na mosola gotlhelele?+ 13  Eno ke kabelo ya moikepi e e tswang kwa Modimong;+Mme ba tla amogela boswa jwa bapatiki go tswa kwa go Mothatayotlhe. 14  Fa bomorwawe ba ntsifala, ba ntsifalela tšhaka;+Mme ditlogolwana tsa gagwe ga di kitla di nna le dijo tse di lekaneng. 15  Bafalodi ba gagwe ba tla fitlhwa ka nako ya sebetso se se bolayang,Mme batlholagadi ba bone ga ba kitla ba lela.+ 16  Fa a ka koaganya selefera jaaka lorole,A bo a baakanya diaparo fela jaaka e kete ke letsopa, 17  O ne a tla baakanya, mme mosiami ke ene yo o neng a tla ikapesa,+Mme yo o se nang molato ke ene yo o neng a tla bona kabelo mo selefereng. 18  O agile ntlo ya gagwe jaaka motoutwane fela,Le jaaka loobo+ lo molebeledi a lo dirileng. 19  O tla rapama a humile, mme ga go kitla go phuthwa sepe;O butse matlho a gagwe, mme ga go kitla go nna le sepe.+ 20  Letshogo la tshoganyetso le tla mo wela+ ka tshoganyetso jaaka metsi;Ruri phefo ya matsubutsubu e tla mo utswa bosigo. 21  Phefo ya botlhaba e tla mo tsaya+ mme o tla tsamaya,E tla mo pheula go tswa mo lefelong la gagwe.+ 22  E tla itatlhela mo go ene mme ga e na go nna le bopelotlhomogi;+Ruri o tla leka go tshaba+ a tswa mo maatleng a yone. 23  Mongwe o tla mo opela diatla+A ba a mo leletsa molodi+ mo lefelong la gagwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase