Jobe 2:1-13

2  Morago ga moo ya nna letsatsi le bomorwa Modimo wa boammaaruri ba neng ba tsena ba tla go ema fa pele ga ga Jehofa ka lone, mme Satane le ene a tsena mo gare ga bone a tla go ema fa pele ga ga Jehofa.+  Foo Jehofa a raya Satane a re: “Tota o tswa kae?” Foo Satane a araba Jehofa a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng le go tsamayatsamaya mo go lone.”+  Jehofa a raya Satane a re: “A o tlhomile pelo ya gago mo motlhankeng wa me Jobe,+ ka go se na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame,+ a boifa Modimo+ e bile a fapoga bosula?+ Le e leng gone jaanong o ngangatletse bothokgami jwa gagwe,+ le fa gone o ntlhotlheletsa+ gore ke mo senye kwantle ga lebaka.”+  Mme Satane+ a araba Jehofa a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.+  Go na le moo ntsha seatla sa gago, tsweetswee, mme o mo ame go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.”+  Ka jalo Jehofa a raya Satane a re: “Ke yoo o mo seatleng sa gago! Fela o dise moya wa gagwe!”  Ka jalo Satane a tswa fa pele ga sefatlhego sa ga Jehofa+ mme a itaya Jobe ka ditlhagala+ tse di kotsi go simolola kwa patong ya lonao lwa gagwe go fitlha kwa phogong ya tlhogo ya gagwe.  Mme a itseela kapetla ya sejana sa letsopa gore a ingwaye ka yone; mme o ne a ntse mo meloreng.+  La bofelo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o ngangatletse bothokgami+ jwa gago? Tlhapatsa Modimo mme o swe!” 10  Mme a mo raya a re: “O bua fela jaaka mongwe wa basadi ba ba se nang tlhaloganyo.+ A re tla amogela se se molemo fela mo Modimong wa boammaaruri re bo re sa amogele le se se bosula?”+ Mo go seno sotlhe Jobe o ne a se ka a leofa ka dipounama tsa gagwe.+ 11  Mme balekane ba bararo ba ga Jobe ba utlwa ka masetlapelo ano otlhe a a mo wetseng, mme ba nna ba tla, mongwe le mongwe go tswa kwa lefelong la gagwe, Elifase wa Motemane+ le Biledade wa Moshuha+ le Sofare wa Monaama.+ Ka jalo ba kopana mmogo ka nako e ba e beelaneng+ go re ba tle go mo utlwela botlhoko le go mo gomotsa.+ 12  E rile ba tsholetsa matlho ba le kgakala, ba se ka ba mo lemoga ka nako eo. Mme ba tsholetsa mantswe ba lela, mongwe le mongwe wa bone a gagoganya+ seaparo sa gagwe se se se nang mabogo mme ba kubueletsa lorole kwa magodimong mo godimo ga ditlhogo tsa bone.+ 13  Mme ba nna ba ntse+ le ene fa fatshe malatsi a le supa le masigo a le supa, go ne go sena ope yo o neng a bua lefoko le ene, gonne ba ne ba bona gore botlhoko+ bo ne bo le bogolo thata.

Dintlha Tse di Kwa Tlase