Jobe 16:1-22
16 Mme Jobe a araba a re:
2 “Ke utlwile dilo di le dintsi tse di tshwanang le tseno.Lotlhe lo bagomotsi+ ba ba letshwenyo!
3 A go na le bokhutlo jwa mafoko a a lolea?+Kgotsa lo gakatswa ke eng gore lo arabe?
4 Le nna nka bua sentle fela jaaka lo bua.Fa fela meya ya lona e ka bo e nna kwa moya wa me o leng teng,A ke ne ke tla emelana le lona+ ka mafoko a a botlhale,Mme a ke ne ke tla lo+ thukuthela tlhogo?
5 Ke ne ke tla lo nonotsha ka mafoko a molomo wa me,+Le kgomotso ya dipounama tsa me e ne e tla fokotsega—.
6 Fa ke bua, setlhabi sa me ga se fokotsege,+Mme fa ke kgaotsa go dira jalo, ke eng se se tswang mo go nna?
7 Ke gone fela jaanong a ntapisitseng;+O kgakgabaditse botlhe ba ba phuthegang le nna.
8 Le wena o a ntshwara. Seo ke bosupi,+Mo popamo ya me e ntsogologelang. E itshupa fa pele ga sefatlhego sa me.
9 Bogale jwa gagwe bo nkgagogantse, mme o nna a ntse a ntlhoile.+Ruri o mphuranyetsa meno.+Mmaba wa me o ntooletsa matlho a gagwe.+
10 Ba mpuletse molomo wa bone thata,+Ba iteile marama a me ka kgobo,Ba nkokoanela ba le palo e kgolo.+
11 Modimo o nneela basimanyana,Mme o mpiriganyetsa+ mo diatleng tsa ba ba boikepo.
12 Ke ne ke iketlile, mme a ntshikinya;+O ne a mphamola ka fa morago ga molala mme a nthubaganya,Mme o ntlhoma jaaka selo se a se kwaileng.
13 Batho ba gagwe ba ba hulang ka metswi+ ba a ntikanyetsa;O fatola diphilo tsa me+ mme ga a nne le bopelotlhomogi bope;O tshololela kgetsana ya me ya santlhoko fa fatshe.
14 O nna a ntse a nthuba a mphunya diphatlhaphatlha;O sianela kwa go nna jaaka yo o thata.+
15 Ke rokeletse letsela la kgetsi+ mo godimo ga letlalo la me,Mme ke sotlhomeditse lonaka lwa me mo loroleng.+
16 Sefatlhego sa me se hubitse ka ntlha ya go lela,+Mme mo godimo ga dintshi tsa me go na le moriti o montsho,+
17 Le mororo go se na thubakanyo mo diatleng tsa me,Le thapelo ya me e itshekile.+
18 Ao tlhe lefatshe, o se ka wa bipa madi a me!+Mme a go se nne le lefelo la selelo sa me!
19 Gape jaanong, bona! kwa magodimong go na le yo o supang ka ga me,Le mosupi wa me o kwa bogodimong.+
20 Balekane ba me ke babueledi kgatlhanong le nna;+Leitlho la me le lebile kwa Modimong le tlhoregile boroko.+
21 Mme go tshwanetse ga dirwa tshwetso mo gare ga monna yo o nonofileng le Modimo,Go tshwana le mo gare ga morwa motho le mongkaene.+
22 Gonne go sa ntse go tla dingwaga di le mmalwa fela,Mme ke tla tsamaya ka tselana e ke se kitlang ke boa ka yone.+