Jobe 14:1-22

14  “Motho yo o tsetsweng ke mosadi,+O botshelo bokhutshwane+ e bile o tletse matshwenyego.+   O dule jaaka sethunya mme a kgaolwe,+O tshaba jaaka moriti+ mme ga a tswelele a le teng.   O buletse yono leitlho la gago,Mme nna o ntsenya mo katlholong+ le wena.   Ke mang yo o ka ntshang mongwe yo o phepa mo go mongwe yo o seng phepa?+Ga go na le a le mongwe fela.   Fa go dirilwe tshwetso ka malatsi a gagwe,+Palo ya dikgwedi tsa gagwe e na le wena;O mmeetse taelo gore a se ka a e tlola.   Faposa matlho a gago mo go ene gore a ikhutse,+Go fitlha a bona boipelo fela jaaka modiri yo o thapilweng mo motlheng wa gagwe.   Gonne le e leng setlhare se na le tsholofelo.Fa se kgaolwa, se tla tlhoga gape,+Mme kalana ya sone ga e kitla e kgaotsa go nna gone.   Fa modi wa sone o tsofalela mo mmungLe sesana sa sone se swela mo loroleng,   Se tla tlhoga+ fa se utlwa lonko lwa metsiMme se tla tlhagisa kala e kgolo jaaka semela se sesha.+ 10  Mme monna yo o nonofileng o a swa mme o rapama a fentswe;Le motho wa mo lefatsheng o a swa, mme o kae?+ 11  Metsi a a nyelela mo lewatleng,Le noka ka boyone e a kgala mme e omelele.+ 12  Motho le ene o a rapama mme ga a tsoge.+Ga ba kitla ba tsoga+ go fitlha legodimo le sa tlhole le le gone,Le fa e le go kurusiwa mo borokong jwa bone.+ 13  E kete o ne o ka mphitlha+ mo Sheole,Wa mpaya mo sephiring go fitlha bogale jwa gago bo boela morago,Gore o ntekanyetse na-ko+ mme o nkgakologelwe!+ 14  Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?+Ke tla leta+ malatsi otlhe a tiro ya bonatla e ke patelediwang go e dira,Go fitlha kgololo ya me e tla.+ 15  O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba.+O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago. 16  Gonne jaanong o nna o ntse o bala dikgato tsa me;+Ga o lebe sepe fela fa e se boleo jwa me.+ 17  Go tlhanoga ga me go kanetswe mo kgetsing,+Mme o tshasa tlolo ya me sekgomaretsi. 18  Le fa go ntse jalo, thaba ka boyone, fa e wa, e tla nyelela,Le lefika le tla sutisiwa mo lefelong la lone. 19  Ruri metsi a gotlha maje;Go gorometsega ga one go tlhatswa lorole lwa lefatshe.Ka jalo o sentse tsholofelo ya motho yo o nang le go swa. 20  O mo fekeetsa ka bosaengkae gore a bo a tsamaye;+O senya sefatlhego sa gagwe gore o bo o mo tsamaise. 21  Bomorwawe ba a tlotlwa, mme ga a itse ka gone;+Mme ba nna ba e seng ba sepe, le fa go ntse jalo ga a ba akanyetse. 22  Ke nama ya gagwe fela e tla nnang e le botlhoko fa e sa ntse e le mo go ene,Le moya wa gagwe fa o sa ntse o le mo go ene o tla nnang o hutsafala.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase