Jeremia 37:1-21

37  Mme Kgosi Sedekia+ morwa Josia+ a simolola go busa mo boemong jwa ga Konia+ morwa Jehoiakime,+ yo Nebukaderesare kgosi ya Babelona a neng a mo dira kgosi mo lefatsheng la Juda.+  Mme ene le batlhanka ba gagwe le batho ba lefatshe leo ga ba a ka ba reetsa mafoko a ga Jehofa+ ao a a buileng ka moporofeti Jeremia.+  Kgosi Sedekia a roma Jehukale+ morwa Shelemia le Sefania+ morwa Maaseia+ moperesiti kwa go moporofeti Jeremia a re: “Tsweetswee, re rapelele mo go Jehofa Modimo wa rona.”+  Mme Jeremia o ne a tsena a bo a tswa a ya mo gare ga batho,+ ka ba ne ba sa mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo.  Go ne go na le mophato wa sesole wa ga Faro o o neng o tswa kwa Egepeto;+ mme Bakaladia ba ba neng ba dikanyeditse Jerusalema ba ne ba utlwa pego ka bone. Ka jalo ba tlogela go tsogologela Jerusalema.+  Go tswa foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go moporofeti Jeremia, le re:  “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Lo reye kgosi ya Juda, e e lo romang mo go nna gore lo mpotse, lo re:+ “Bona! Mophato wa sesole wa ga Faro o o tlang kwa go lona ka boikaelelo jwa go thusa o tla tshwanela go boela kwa lefatsheng la one, e leng Egepeto.+  Mme Bakaladia eleruri ba tla boa ba tla go tlhabana le motse ono ba o thopa le go o fisa ka molelo.”+  Jehofa o buile jaana: “Lo se ka lwa tsietsa meya ya lona,+ lo re, ‘Bakaladia eleruri ba tla tsamaya ba tswa mo go rona,’ ka gonne ga ba na go tsamaya. 10  Ka gonne fa lo ka bo lo kgemethile mophato wa sesole otlhe wa Bakaladia o o tlhabanang le lona+ mme mo go bone ga sala banna ba ba tlhabilweng,+ mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ema mo mogopeng wa gagwe mme a fise motse ono ka molelo.”’” 11  Ga diragala ya re fa mophato wa sesole wa Bakaladia o sena go tswa mo Jerusalema+ ka ntlha ya mophato wa sesole wa ga Faro,+ 12  Jeremia a tswa kwa Jerusalema a ya kwa lefatsheng la Benjamine+ le go tsaya kabelo ya gagwe teng mo gare ga batho. 13  Ga diragala ya re a le fa Kgorong ya Benjamine+ modiredi yo e neng e le molebedi, yo leina la gagwe e neng e le Irija morwa Shelemia morwa Hanania, a bo a le teng. A akofa a tshwara moporofeti Jeremia, a re: “O ngwegela kwa Bakaladieng!” 14  Mme Jeremia a re: “Ga se boammaaruri!+ Ga ke ngwegele kwa Bakaladieng.” Mme a se ka a mo reetsa. Jalo Irija a nna a ntse a tshwere Jeremia mme a mo tlisa mo dikgosaneng. 15  Mme dikgosana+ tsa galefela Jeremia,+ tsa mo itaya+ tsa mo tsenya mo ntlong ya mehiri,+ mo ntlong ya ga Jehonathane+ mokwaledi, gonne ke yone e ba neng ba e dirile ntlo ya kgolegelo.+ 16  E rile Jeremia a goroga mo ntlong ya mogobe+ le mo diphaposing tse di kafa tlase ga ntlo, Jeremia a tswelela a nna teng malatsi a le mantsi. 17  Mme Kgosi Sedekia a roma gore a ye go tsewa, mme kgosi ya simolola go mmotsa dipotso mo ntlong ya yone mo lefelong la go iphitlha.+ Ya re: “A go na le lefoko le le tswang kwa go Jehofa?” Foo Jeremia a re: “Le teng!” Mme a tswelela a re: “O tla tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Babelona!”+ 18  Go tswa foo Jeremia a raya Kgosi Sedekia a re: “Ke go leofetse ka tsela efe le batlhanka ba gago le batho bano botlhe,+ gore lo bo lo ntsentse mo ntlong ya kgolegelo? 19  Jaanong, baporofeti ba lona ba kae ba ba lo porofetetseng, ba re, ‘Kgosi ya Babelona ga e na go lo tsogologela le go tsogologela lefatshe leno’?+ 20  Jaanong reetsa, tsweetswee, tlhe morena wa me kgosi. A kopo ya me ya go utlwelwa botlhoko,+ ka tsweetswee, e wele fa pele ga gago, mme o se ka wa mpusetsa kwa ntlong ya ga Jehonathane+ mokwaledi, gore ke se ka ka swela teng.”+ 21  Ka jalo Kgosi Sedekia a laela, mme ba tsenya Jeremia mo kgolegelong kwa Lolwapeng lwa Badisa;+ mme a newa senkgwe se se kgolokwe letsatsi le letsatsi go tswa kwa mmileng wa babesi ba senkgwe,+ go fitlha senkgwe sotlhe se fela mo motseng.+ Mme Jeremia a tswelela a nna mo Lolwapeng lwa Badisa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase