Jeremia 36:1-32
36 Mme ga diragala ya re ka ngwaga wa bonè wa ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda, lefoko leno la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, le re:
2 “Itseele buka ya momeno,+ mme o kwale mo go yone mafoko otlhe+ a ke a buileng le wena kgatlhanong le Iseraele le Juda+ le ditšhaba tsotlhe,+ go tloga mo letsatsing le ke buileng le wena ka lone, go tloga mo metlheng ya ga Josia, go tla go fitlha mo letsatsing leno.+
3 Gongwe ba ntlo ya Juda ba tla reetsa masetlapelo otlhe a ke akanyang go a dira mo go bone,+ ka maikaelelo a gore ba boe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula,+ le gore ke tle ke itshwarele tlolo ya bone le boleo jwa bone.”+
4 Mme Jeremia a bitsa Baruke+ morwa Neria gore Baruke a tle a kwale se se tswang mo molomong wa ga Jeremia mafoko otlhe a ga Jehofa a A a buileng le ene, mo bukeng ya momeno.+
5 Go tswa foo Jeremia a laela Baruke, a re: “Ke tswaletswe. Ga ke kgone go tsena mo ntlong ya ga Jehofa.+
6 Mme wena tsena mo teng mme momeno o mo go one o kwadileng mafoko a ga Jehofa+ a tswa mo molomong wa me o o balele kwa godimo mo ditsebeng tsa batho kwa ntlong ya ga Jehofa mo letsatsing la go itima dijo;+ gape o a balele kwa godimo mo ditsebeng tsa Bajuda botlhe ba ba tsenang ba tswa kwa metseng ya bone.+
7 Gongwe kopo ya bone ya go utlwelwa botlhoko e tla wela fa pele ga ga Jehofa+ mme ba tla boa, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula,+ gonne bogale le tšararego tse Jehofa a di buileng kgatlhanong le batho bano di dikgolo.”+
8 Mme Baruke+ morwa Neria a dira go ya ka sotlhe se moporofeti Jeremia a neng a se mo laetse, go balela mafoko a ga Jehofa kwa godimo mo bukeng+ kwa ntlong ya ga Jehofa.+
9 Ga diragala ya re ka ngwaga wa botlhano wa ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda, mo kgweding ya borobongwe,+ batho botlhe mo Jerusalema le batho botlhe ba ba neng ba tsena ba tswa kwa metseng ya Juda ba tsena mo Jerusalema ba ipolela gore ba itima dijo fa pele ga ga Jehofa.+
10 Mme Baruke a simolola go balela mafoko a ga Jeremia kwa godimo mo bukeng kwa ntlong ya ga Jehofa, mo phaposing ya bojelo+ ya ga Gemaria+ morwa Shafane+ mokwalolodi,+ mo lolwapeng lo lo fa godimo, kwa botsenong jwa kgoro e ntšha ya ntlo ya ga Jehofa,+ mo ditsebeng tsa batho botlhe.
11 Mme Mikaia morwa Gemaria morwa Shafane+ a utlwa mafoko otlhe a ga Jehofa go tswa mo bukeng.
12 Morago ga moo a ya kwa ntlong ya kgosi, kwa phaposing ya bojelo ya mokwaledi, mme bonang! ke teng kwa dikgosana tsotlhe di neng di ntse teng, Elishama+ mokwaledi le Delaia+ morwa Shemaia le Elenathane+ morwa Akabore+ le Gemaria+ morwa Shafane+ le Sedekia morwa Hanania le dikgosana tse dingwe tsotlhe.
13 Mme Mikaia+ a ba bolelela mafoko otlhe a a neng a a utlwile fa Baruke a ne a balela buka kwa godimo mo ditsebeng tsa batho botlhe.+
14 Go tswa foo dikgosana tsotlhe tsa roma Jehudi+ morwa Nethania morwa Shelamia morwa Kushi, kwa go Baruke+ di re: “Momeno o o neng wa o balela kwa godimo mo ditsebeng tsa batho botlhe—o tseye ka seatla sa gago mme o tle.” Ka jalo Baruke morwa Neria a tsaya momeno mo seatleng sa gagwe mme a tsena kwa go bone.+
15 Mme ba mo raya ba re: “Nna fa fatshe, tsweetswee, mme o o balele kwa godimo mo ditsebeng tsa rona.” Jalo Baruke+ a balela kwa godimo mo ditsebeng tsa bone.
16 Jaanong ga diragala gore fela fa ba utlwa mafoko otlhe, ba lebana ka poifo; mme ba raya Baruke ba re: “Ruri re tla bolelela kgosi mafoko ano otlhe.”+
17 Ba botsa Baruke, ba re: “Re bolelele, tsweetswee, O kwadile jang mafoko ano otlhe a tswa mo molomong wa gagwe?”+
18 Mme Baruke a ba raya a re: “O ne a mpolelela mafoko ano otlhe ka molomo wa gagwe, mme ke ne ke kwala mo bukeng ka enke.”
19 La bofelo dikgosana tsa raya Baruke tsa re: “Tsamaya, o iphitlhe, wena le Jeremia, gore ope a se ka a itse gore lo kae.”+
20 Mme ba tsena kwa kgosing, kwa lolwapeng,+ mme ba baya momeno kwa phaposing ya bojelo+ ya ga Elishama+ mokwaledi; mme ba simolola go bolela mafoko otlhe mo ditsebeng tsa kgosi.
21 Jalo kgosi ya roma Jehudi+ gore a ye go tla le momeno. Ka jalo a tla le one go tswa kwa phaposing ya bojelo ya ga Elishama+ mokwaledi.+ Mme Jehudi a simolola go o balela kwa godimo mo ditsebeng tsa kgosi le mo ditsebeng tsa dikgosana tsotlhe tse di neng di eme fa kgosing.
22 Mme kgosi e ne e ntse mo ntlong ya mariga,+ mo kgweding ya borobongwe,+ leiswana+ le tuka fa pele ga yone.
23 Go tswa foo ga diragala gore fela fa Jehudi a sena go bala dikarolo di le tharo kgotsa di le nnè tsa ditsebe, ya o segaka ka thipa ya mokwaledi, ya o latlhela mo molelong o o neng o le mo leiswaneng go fitlha momeno otlhe o felela mo molelong o o neng o le mo leiswaneng.+
24 Ba ne ba se ka ba boifa;+ le gone kgosi le fa e le batlhanka ba yone botlhe, ba ba neng ba reeditse mafoko ano otlhe, ga ba a ka ba gagolaka diaparo tsa bone.+
25 Tota le Elenathane+ le Delaia+ le Gemaria+ ba ne ba rapela kgosi gore e se ka ya fisa momeno, mme ya se ka ya ba reetsa.+
26 Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya laela Jerameele morwa kgosi le Seraia morwa Asariele le Shelemia morwa Abedeele go tla le Baruke mokwaledi le moporofeti Jeremia.+ Mme Jehofa a ba tlogela ba ntse ba fitlhilwe.+
27 Lefoko la ga Jehofa la tla gape mo go Jeremia fa kgosi e sena go fisa momeno o na le mafoko a Baruke+ a neng a a kwadile a tswa mo molomong wa ga Jeremia,+ le re:
28 “Itseele momeno gape, o mongwe, mme o kwale mo go one mafoko otlhe a ntlha a a neng a le mo momenong wa ntlha, o Jehoiakime kgosi ya Juda a o fisitseng.+
29 Bua kgatlhanong le Jehoiakime kgosi ya Juda o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Wena o fisitse momeno ono,+ o re, ‘Ke ka ntlha yang fa o kwadile mo go one,+ o re: “Eleruri kgosi ya Babelona e tla tla mme ruri e tla senya lefatshe leno mme e dire gore motho le phologolo di se ka tsa tlhola di nna teng mo go lone”?’+
30 Ka jalo Jehofa o buile jaana kgatlhanong le Jehoiakime kgosi ya Juda, ‘Ga a na go nna le ope yo o ntseng mo setulong sa bogosi sa ga Dafide,+ mme setopo sa gagwe e tla nna selo se se latlhetsweng kwa ntle+ kwa mogoteng motshegare le kwa segaganeng bosigo.
31 Ke tla mo sekisetsa tlolo ya gagwe+ ene le bana ba gagwe le batlhanka ba gagwe,+ mme ke tla tlisa mo go bone le mo banning ba Jerusalema le mo bathong ba Juda masetlapelo otlhe a ke a buileng kgatlhanong le bone,+ mme ga ba a ka ba reetsa.’”’”+
32 Mme Jeremia a tsaya momeno o mongwe a o naya Baruke morwa Neria, mokwaledi,+ mme a kwala mo go one se se tswang mo molomong+ wa ga Jeremia e leng mafoko otlhe a buka e Jehoiakime kgosi ya Juda a e fisitseng mo molelong;+ mme go ne ga okediwa ka mafoko a mangwe a mantsi a a tshwanang le ao.