Jeremia 32:1-44
32 Lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa mo ngwageng wa bolesome wa ga Sedekia kgosi ya Juda,+ ke gore, ngwaga wa bolesome le borobedi wa ga Nebukaderesare.+
2 Mme ka nako eo mephato ya sesole ya kgosi ya Babelona e ne e dikanyeditse Jerusalema;+ mme fa e le moporofeti Jeremia ene, o ne a thibetswe mo Lolwapeng lwa Badisa+ lo lo mo ntlong ya kgosi ya Juda;
3 ka gonne Sedekia kgosi ya Juda o ne a mo thibetse,+ a re:
“Ke ka ntlha yang fa o porofeta,+ o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Bonang, ke tsenya motse ono mo seatleng sa kgosi ya Babelona, mme eleruri o tla o thopa;+
4 mme Sedekia ka boene, kgosi ya Juda, ga a na go falola mo seatleng sa Bakaladia, gonne ruri o tla tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Babelona, mme molomo wa gagwe o tla bua le molomo wa ene yoo, matlho a gagwe a tla bona le e leng matlho a ene yoo”’;+
5 ‘mme o tla isa Sedekia kwa Babelona, o tla nna koo go fitlha ke lebisa tlhokomelo ya me kwa go ene,’+ go bua Jehofa; ‘le mororo batho ke lona lo tswelela lo lwa le Bakaladia, ga lo na go atlega’?”+
6 Mme Jeremia a re: “Lefoko la ga Jehofa le tlile mo go nna, le re,
7 ‘Hanamele morwa Shalume rangwaneago ke yoo o tsena kwa go wena, a re: “Ithekele tshimo ya me e e kwa Anathothe,+ ka gonne tshwanelo ya go rekolola ya gore o e reke ke ya gago.”’”+
8 Fa nako e ntse e tsamaya Hanamele morwa rangwane o ne a tsena kwa go nna, go ya ka lefoko la ga Jehofa, mo Lolwapeng lwa Badisa,+ mme a nthaya a re: “Tsweetswee, reka tshimo ya me e e kwa Anathothe,+ e e mo lefatsheng la ga Benjamine, gonne tshwanelo ya se se ruilweng boswa ke ya gago, le maatla a go rekolola ke a gago. E ithekele.” Morago ga moo ke ne ka itse gore e ne e le lefoko la ga Jehofa.+
9 Ka jalo ka reka tshimo e e neng e le kwa Anathothe+ mo go Hanamele+ morwa rangwane. Mme ka simolola go mo lekanyetsa bokete jwa madi,+ dishekele di le supa le dipapetla tsa selefera di le lesome.
10 Go tswa foo ka kwala mo setlankaneng sa tshupo+ mme ka tsenya sekano+ ka ba ka tsaya basupi+ jaaka ke ne ke lekanya bokete+ jwa madi mo dikaleng.
11 Morago ga moo ke ne ka tsaya setlankana sa tshupo sa theko, se se kannweng go ya ka taelo le melao,+ le se se sa kanwang;
12 go tswa foo ke ne ka naya Baruke+ morwa Neria+ morwa Maseia setlankana sa tshupo sa theko fa pele ga matlho a ga Hanamele morwa morwarraagwe rre le fa pele ga matlho a basupi, ba ba kwalang mo setlankaneng sa tshupo sa theko,+ fa pele ga matlho a Bajuda botlhe ba ba neng ba ntse mo Lolwapeng lwa Badisa.+
13 Jaanong ke ne ka laela Baruke fa pele ga matlho a bone, ke re:
14 “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana, ‘Fa o tsaya ditlankana tseno tsa tshupo, setlankana seno sa tshupo sa theko, le e leng se se kannweng, le setlankana sa tshupo se sengwe se se tlogetsweng se sa kanwa,+ o di tsenye mo sejaneng sa letsopa, gore di tle di tshwarelele malatsi a le mantsi.’
15 Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile jaana, ‘Go sa ntse go tla rekwa matlo le masimo le masimo a mofine mo lefatsheng leno.’”+
16 Mme ke ne ka simolola go rapela+ Jehofa fa ke sena go naya Baruke+ morwa Neria+ setlankana sa tshupo sa theko, ke re:
17 “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa!+ Wena o dirile magodimo le lefatshe ka maatla a gago a magolo+ le ka lebogo la gago le le otlologileng.+ Kgang eno yotlhe ga e gakgamatse thata mo go wena,+
18 Yo o supang bopelonomi jwa lorato mo go ba ba dikete,+ yo o duelang tlolo ya borre mo sehubeng sa bomorwaabone morago ga bone,+ Modimo wa boammaaruri, Yo mogolo,+ Yo o thata,+ yo leina la gagwe e leng+ Jehofa wa masomosomo,+
19 yo boikaelelo jwa gago bo leng bogolo+ le ditiro tsa gago di leng dikgolo,+ wena yo matlho a gago a bulegetseng ditsela tsotlhe tsa bomorwa batho,+ gore o neye mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe le go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe;+
20 wena yo o beileng ditshupo le dikgakgamatso mo lefatsheng la Egepeto go tla go fitlha mo letsatsing leno le mo Iseraele le mo bathong,+ gore o tle o itirele leina, fela jaaka mo letsatsing leno.+
21 Mme o ne wa ntsha batho ba gago ba Iseraele kwa lefatsheng la Egepeto,+ ka ditshupo le dikgakgamatso+ le ka seatla se se nonofileng le ka lebogo le le otlologileng le ka poifo e kgolo.+
22 “Fa nako e ntse e tsamaya o ne wa ba naya lefatshe leno le o neng wa le ikanela borraabonemogologolwane go le ba naya,+ lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.+
23 Ba ne ba tsena mme ba le rua, ga ba a ka ba utlwa lentswe la gago,+ le molao wa gago ga ba a ka ba tsamaya mo go one.+ Dilo tsotlhe tse o neng wa ba laela gore ba di dire ga ba a ka ba di dira,+ mo o neng wa dira gore masetlapelo ano otlhe a ba wele.+
24 Bona! Batho ba tlile mo motseng ka dithako tsa phemelo+ go tla go o thopa,+ mme motse oo eleruri o tla tsenngwa mo seatleng sa Bakaladia ba ba tlhabanang le one,+ ka ntlha ya tšhaka+ le leuba+ le bolwetse jwa leroborobo;+ mme se o se buileng se diragetse mme ke wena yo, o a se bona.+
25 Mme wena Morena Molaodimogolo Jehofa, o ntheile wa re, ‘Ithekele tshimo ka madi+ mme o tseye basupi,’+ le mororo motse ka boone o tshwanetse go tsenngwa mo seatleng sa Bakaladia.”+
26 Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, le re:
27 “Ke fano, Jehofa, Modimo wa nama yotlhe.+ A mo go nna go na le kgang epe e e gakgamatsang thata?+
28 Ka jalo Jehofa o buile jaana, ‘Ke tsenya motse ono mo seatleng sa Bakaladia le mo seatleng sa ga Nebukaderesare kgosi ya Babelona, mme o tla o thopa.+
29 Mme Bakaladia ba ba tlhabanang le motse ono ba tla tsena mme ba tlhosetse motse ono ka molelo mme ba o fise+ le matlo a ba kuiseditseng Baale mosi wa setlhabelo mo godimo ga marulelo a one le a ba tsheletseng medimo e mengwe ditshupelo tsa senō mo go one ka boikaelelo jwa go nkgopisa.’+
30 “‘Gonne bomorwa Iseraele le bomorwa Juda ba itshupile e le badiri fela ba se se bosula mo matlhong a me, go tloga bosheng jwa bone go ya pele;+ gonne bomorwa Iseraele ba nkgopisa le ka tiro ya diatla tsa bone,’+ go bua Jehofa.
31 ‘Gonne motse o, go simologa ka letsatsi le ba o agileng ka lone, go fitlha mo letsatsing leno, o itshupile e se sepe fa e se se se bakang bogale mo go nna+ le se se bakang tšararego mo go nna, gore ke o tlose fa pele ga sefatlhego sa me,+
32 ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bomorwa Iseraele+ le bomorwa Juda+ jo ba bo dirileng go nkgopisa,+ bone, dikgosi tsa bone,+ dikgosana tsa bone,+ baperesiti ba bone+ le baporofeti ba bone,+ le batho ba Juda le banni ba Jerusalema.
33 Mme ba ne ba nna ba retolosetsa mokwatla wa bone kwa go nna e seng sefatlhego;+ le fa ba ne ba rutwa, go tsogwa go sa le phakela ba rutwa, mme go ne go se na ope wa bone yo o neng a reeditse gore a amogele kotlhao.+
34 Ba ne ba baya dilo tsa bone tse di ferosang sebete mo ntlong e leina la me le bidiwang mo go yone, gore ba e leswafatse.+
35 Mo godimo ga moo, ba ne ba aga mafelo a a kwa godimo a ga Baale+ a a mo mokgatšheng wa ga morwa Hinoma,+ gore ba dire gore bomorwaabone le bomorwadiabone ba ralale molelo+ go ya kwa go Moleke,+ selo se ke sa se ba laelang,+ le gone ga go a tla mo pelong ya me go dira selo se se makgapha seno,+ ka boikaelelo jwa go dira gore Juda a leofe.’+
36 “Mme jaanong, ka jalo, Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana ka ga motse ono o lo reng eleruri o tla tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Babelona ka tšhaka le ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo,+
37 ‘Bonang, ke ba phutha mmogo go tswa mo mafatsheng otlhe a ke tla bong ke ba phatlalaleditse kwa go one mo bogaleng jwa me le mo tšararegong ya me le mo kgakalong e kgolo;+ ke tla ba busetsa mo lefelong leno mme ke ba dire gore ba nne ka polokesego.+
38 Mme eleruri ba tla nna batho ba me,+ mme nna ke tla nna Modimo wa bone.+
39 Ke tla ba naya pelo e le nngwe+ le tsela e le nngwe gore ba mpoife ka metlha, gore ba solegelwe molemo le bomorwaabone morago ga bone.+
40 Ke tla dira kgolagano le bone e e nnang ka bosakhutleng,+ gore ke se ka ka ba furalela ke le kwa morago ga bone, gore ke ba direle molemo;+ mme ke tla tsenya go mpoifa mo pelong ya bone gore ba se ka ba fapoga mo go nna.+
41 Mme ke tla itumela ka ntlha ya bone gore ke ba direle molemo,+ gape ke tla ba jala mo lefatsheng leno+ ka boammaaruri ka pelo ya me yotlhe le ka moya wa me otlhe.’”
42 “Gonne Jehofa o buile jaana, ‘Fela jaaka ke tliseditse batho bano masetlapelo ano otlhe a magolo, gape ke ba tlisetsa molemo otlhe o ke o buang ka ga bone.+
43 Mme masimo eleruri a tla rekwa mo lefatsheng leno+ le lona lo tla bong lo re ka lone: “Ke kgakgabalo+ e e se nang motho le seruiwa. Le tsentswe mo seatleng sa Bakaladia.”’+
44 “‘Batho ba tla reka masimo ka madi, mme go tla kwalwa mo setlankaneng sa tshupo+ go bo go kanwa le go tsewa ga basupi+ mo lefatsheng la ga Benjamine le mo tikologong ya Jerusalema+ le mo metseng ya Juda+ le mo metseng ya kgaolo e e dithaba le mo metseng ya nagatlase+ le mo metseng ya borwa, ka gonne ke tla busa batshwarwa ba bone,’+ go bua Jehofa.”