Jeremia 23:1-40

23  “A bo go latlhega badisa ba ba senyang le go gasamisa dinku tsa mafulo a me!”+ go bua Jehofa.  Ka jalo Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana kgatlhanong le badisa ba ba disang batho ba me: “Lona lo gasamisitse dinku tsa me; mme lo ne lwa nna lwa di phatlalatsa, mme ga lo a di tlhokomela.”+ “Bonang, ke lebisa tlhokomelo ya me mo go lona ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona,”+ go bua Jehofa.  “Mme nna ke tla phutha mmogo masalela a dinku tsa me mo mafatsheng otlhe a ke neng ke di phatlalaleditse kwa go one,+ ke tla di busetsa kwa mafulong a tsone,+ ruri di tla ata di nne dintsi.+  Ke tla tsosa badisa mo go tsone ba ruri ba tla di disang;+ mme ga di na go tlhola di boifa, le fa e le go welwa ke letshogo lepe,+ ga go kitla go nna le epe e e seyong,” go bua Jehofa.  “Bonang! Metlha e etla,” go bua Jehofa, “ke tla tsosetsa Dafide letlhogela le le siameng.+ Mme ruri kgosi e tla busa+ le go dira ka botlhale le go diragatsa tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng.+  Juda mo metlheng ya gagwe o tla bolokwa,+ mme Iseraele o tla aga ka polokesego.+ Mme leno ke leina la gagwe le a tla bidiwang ka lone, Jehofa ke Tshiamo ya Rona.”+  “Ka jalo, bonang! metlha e etla,” go bua Jehofa, “mme ga ba na go tlhola ba re, ‘Jehofa yo o ntshitseng bomorwa Iseraele kwa lefatsheng la Egepeto o a tshela,’+  mme ba tla re, ‘Jehofa yo o tlhatlositseng le yo o tlisitseng bana ba ntlo ya Iseraele go tswa lefatsheng la bokone le go tswa kwa mafatsheng otlhe a ke ba phatlalaleditseng kwa go one, o a tshela,’ mme ruri ba tla nna mo mmung wa bone.”+  Fa e le ka baporofeti, pelo ya me e thubagane mo teng ga me. Marapo a me otlhe a simolotse go roroma. Ke tshwana le monna yo o tagilweng,+ le jaaka monna yo o nonofileng yo o fentsweng ke beine, ka ntlha ya ga Jehofa le ka ntlha ya mafoko a gagwe a a boitshepo. 10  Gonne baakafadi+ ba tletse mo lefatsheng.+ Gonne lefatshe le mo khutsafalong+ ka ntlha ya phutso, mafulo a naga a omeletse;+ e bile tsela e ba dirang dilo ka yone e bosula, le thata ya bone ga e a siama. 11  “Gonne moporofeti mmogo le moperesiti ba leswafetse.+ Gape ke fitlhetse bosula jwa bone mo ntlong ya me,”+ go bua Jehofa. 12  “Ka jalo mo go bone tsela ya bone e tla nna jaaka mafelo a a boreledi+ mo letobong, a ba tla kgoromelediwang mo go one mme ba we.”+ “Gonne ke tla tlisa masetlapelo mo go bone, ngwaga wa gore ba elwe tlhoko,”+ go bua Jehofa. 13  “Mme mo baporofeting ba Samarea+ ke bone tshiamololo. Ba diretse jaaka baporofeti ba ba tlhotlhelediwang ke Baale,+ mme ba nna ba dira gore batho ba me, le eleng Iseraele, ba kgarakgatshege.+ 14  Mme mo baporofeting ba Jerusalema ke bone dilo tse di maswe,+ go dira boaka+ le go tsamaya mo maakeng;+ mme ba nonotshitse diatla tsa badirabosula gore ba se ka ba boa+ mongwe le mongwe mo bosuleng jwa gagwe. Mo go nna botlhe ba fetogile go nna jaaka Sodoma,+ le banni ba gagwe jaaka Gomora.”+ 15  Ka jalo Jehofa wa masomosomo o buile jaana kgatlhanong le baporofeti: “Bonang, ke dira gore ba je longana, mme ke tla ba naya metsi a a botlhole gore ba a nwe.+ Gonne mo baporofeting ba Jerusalema go dule botlhanogi+ bo tswela mo lefatsheng lotlhe.” 16  Jehofa wa masomosomo o buile jaana: “Lo se ka lwa reetsa mafoko a baporofeti ba ba lo porofetelang.+ Ba dira gore lo se ka lwa nna le mosola.+ Ba bua ponatshegelo ya pelo ya bone+—e seng go tswa mo molomong wa ga Jehofa.+ 17  Ba bua kgapetsakgapetsa ba raya ba ba sa ntlotleng ba re, ‘Jehofa o buile jaana: “Lo tla nna le kagiso.”’+ Mme ba reile mongwe le mongwe yo o tsamayang mo bologwading jwa pelo ya gagwe+ ba re, ‘Ga lo na go tlelwa ke masetlapelo ape.’+ 18  Gonne ke mang yo o emeng mo setlhopheng se se atamalaneng thata+ sa ga Jehofa gore a tle a bone a bo a utlwe lefoko la gagwe?+ Ke mang yo o etseng lefoko la gagwe tlhoko gore a tle a le utlwe?+ 19  Bonang! Sefefo sa ga Jehofa, tšararego ka boyone, eleruri e tla tswa, le setsuatsue se se itshokeletsang.+ Se tla itshokeletsa mo tlhogong ya ba ba boikepo.+ 20  Bogale jwa ga Jehofa ga bo na go boela morago+ go fitlha fa a tla bo a diragaditse le go fitlha fa a tla bo a dirile gore dikgopolo tsa pelo ya gagwe di diragale.+ Go ela kwa bokhutlong jwa metlha lo tla akanyetsa seno ka tlhaloganyo.+ 21  “Ga ke a ka ka roma baporofeti, mme bone ba ne ba taboga. Ga ke a ka ka bua le bone, mme bone ba ne ba porofeta.+ 22  Mme fa ba ka bo ba eme mo setlhopheng sa me se se atamalaneng thata,+ ba ka bo ba dirile gore batho ba me ba utlwe mafoko a me, mme ba ka bo ba dirile gore ba boele morago mo tseleng ya bone e e bosula le mo bosuleng jwa ditiro tsa bone.”+ 23  “A nna ke Modimo yo o gaufi,” go bua Jehofa, “e seng Modimo yo o kgakala?”+ 24  “Kgotsa a motho le fa e le ope o ka subiwa mo mafelong a go itshuba mme nna ka se ka ka mmona?”+ go bua Jehofa. “A ga se nna ke tlatsang magodimo le lefatshe?”+ go bua Jehofa. 25  “Ke utlwile se baporofeti ba ba porofetang maaka mo leineng la me+ ba se buileng, ba re, ‘Ke lorile! Ke lorile!’+ 26  Go tla nna ka lobaka lo lo kae mo pelong ya baporofeti ba ba porofetang maaka e bile e le baporofeti ba tsietso ya pelo ya bone?+ 27  Ba akanya go lebatsa batho ba me leina la me ka ditoro tsa bone tse ba nnang ba di bolelelana,+ fela jaaka borraabone ba ne ba lebala leina la me ka Baale.+ 28  Moporofeti yo o nang le toro, a a bolele toro; mme yo o nang le lefoko la me, a a bue lefoko la me ka boammaaruri.”+ “Lotlhaka lo amana jang le dijo tsa ditlhaka?”+ go bua Jehofa. 29  “A lefoko la me ga le ka tsela e e tshwanang le molelo,”+ go bua Jehofa, “le jaaka noto ya go thula e e thubaganyang lefika le legolo?”+ 30  “Ka jalo bonang, ke kgatlhanong le baporofeti,”+ go bua Jehofa, “ba ba utswang mafoko a me, mongwe le mongwe mo molekaneng wa gagwe.”+ 31  “Bonang, ke kgatlhanong le baporofeti,” go bua Jehofa, “ba ba dirisang loleme lwa bone gore ba bue ba re, ‘Lefoko!’”+ 32  “Bonang, ke kgatlhanong le baporofeti ba ditoro tsa maaka,” go bua Jehofa, “ba ba di bolelang le ba ba dirang gore batho ba me ba kgarakgatshege ka ntlha ya maaka+ a bone le ka ntlha ya go ipelafatsa ga bone.”+ “Mme nna ga ke a ba roma le fa e le go ba laela. Ka jalo ga ba na go tswela batho bano mosola ka tsela epe,”+ go bua Jehofa. 33  “Mme fa batho bano kgotsa moporofeti kgotsa moperesiti a go botsa, a re, ‘Mokgweleo wa ga Jehofa ke eng?’+ o ba reye o re, ‘“Lona batho—A bo lo le mokgweleo jang ne!+ Mme ruri ke tla lo tlogela,”+ go bua Jehofa.’ 34  Fa e le moporofeti kgotsa moperesiti kgotsa batho ba ba reng, ‘Mokgweleo wa ga Jehofa!’ Le nna ke tla lebisa tlhokomelo ya me kwa mothong yoo le kwa go ba ntlo ya gagwe.+ 35  Mongwe le mongwe wa lona o nna a raya mongwe ka ene le mongwe le mongwe a raya morwarraagwe a re, ‘Jehofa o arabile jang? Le gone Jehofa o buile eng?’+ 36  Mme mokgweleo+ wa ga Jehofa lo se ka lwa tlhola lo o umaka,+ gonne mo go mongwe le mongwe mokgweleo ka boone o nna lefoko la gagwe,+ mme lo fetotse mafoko a Modimo yo o tshelang,+ Jehofa wa masomosomo, Modimo wa rona. 37  “O tla raya moporofeti o re, ‘Jehofa o go neile karabo efe? Le gone Jehofa o buile eng?+ 38  Mme fa e le gore lo nna lo re “Mokgweleo wa ga Jehofa!” he Jehofa o buile jaana: “Ka ntlha ya gore lo rile, ‘Lefoko leno ke one mokgweleo wa ga Jehofa,’ fa ke ne ke ntse ke roma kwa go lona, ke re, ‘Lo se ka lwa re: “Mokgweleo wa ga Jehofa!”’ 39  ka jalo ke fano! Mme ke tla lo tlhokomologa tota,+ ke tla lo latlha le motse o ke o neileng lona le borraalonamogologolwane—ke lo ntsha fa pele ga me.+ 40  Mme ke tla baya kgobo mo go lona ka bosakhutleng le go tlhabisiwa ditlhong ka bosakhutleng, tse di se kitlang di lebalwa.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase