Isaia 7:1-25

7  Jaanong ga diragala mo metlheng ya ga Ahase+ morwa Jothame morwa Usia, kgosi ya Juda, gore Resine+ kgosi ya Siria le Peka+ morwa Remalia, kgosi ya Iseraele, ba tlhatlogele kwa Jerusalema go ya go e lwantsha, mme a se ka a kgona go e lwantsha.+  Mme ga begelwa ntlo ya ga Dafide, go twe: “Siria o ikaegile ka Eferaime.”+ Mme pelo ya gagwe le pelo ya batho ba gagwe ya simolola go roroma jaaka go roroma ga ditlhare tsa sekgwa di roromisiwa ke phefo.+  Mme Jehofa a raya Isaia a re: “Tsweetswee, tswa o ye go kgatlhantsha Ahase, wena le Sheare-jashube+ morwao, go ya kwa bofelelong jwa mosele+ wa mogobe o o fa godimo fa tseleng e kgolo ya tshimo ya motlhatswi wa matsela.+  Mme o mo reye o re, ‘Itise mme o nne o sa tshwenyege.+ O se ka wa boifa, mme a pelo ya gago e se ka ya nna boi+ ka ntlha ya dintlha tse pedi tse di setseng tsa dikota tseno tse di kuang mosi, ka ntlha ya bogale jo bo tukang jwa ga Resine le Siria le morwa Remalia,+  ka lebaka la gore Siria a na le Eferaime le morwa Remalia o rulagantse se se bosula kgatlhanong le wena, a re:  “A re yeng go tlhasela Juda re e thubaganye mme re e itseele ka go e phunyeletsa; mme re direng gore go buse kgosi e nngwe mo teng ga yone, morwa Tabeele.”+  “‘Morena Molaodimogolo Jehofa o rile: “Ga go kitla go ema, le gone ga go kitla go diragala.+  Gonne tlhogo ya Siria ke Damaseko, mme tlhogo ya Damaseko ke Resine; mme mo dingwageng di le masome a marataro le botlhano fela Eferaime o tla tšhwetlakanngwa gore a se ka a nna setšhaba.+  Tlhogo ya Eferaime ke Samarea,+ mme tlhogo ya Samarea ke morwa Remalia.+ Fa lo se na tumelo, foo lo ka se ka lwa nna lobaka lo loleele.”’”+ 10  Mme Jehofa a tswelela a bua gape le Ahase, a re: 11  “Ikopele sesupo mo go Jehofa Modimo wa gago,+ o se dire boteng fela jaaka Sheole kgotsa o se dire gore se nne kwa godimo fela jaaka dikgaolo tse di kwa godimo.” 12  Mme Ahase a re: “Ga nkitla ke kopa le fa e le go leka Jehofa.” 13  Mme a re: “Reetsa tsweetswee, wena ntlo ya ga Dafide. A ke selo se sennye jaana mo go lona gore lo lapise batho, gore lo lapise le Modimo wa me?+ 14  Ka jalo Jehofa ka boene o tla lo naya sesupo: Bona! Morweetsana+ o tla ima,+ mme o tshola ngwana wa mosimane,+ mme ruri o tla mo raya leina a re Imanuele. 15  O tla bo a setse a ja botoro le tswina ya dinotshe ka nako ya fa a itse go gana bosula le go tlhopha molemo.+ 16  Gonne pele ga mosimane a itse go gana bosula le go tlhopha molemo,+ lefatshe la dikgosi tse pedi tse lo ikutlwang lo di boifa mo go bobodisang le tla tlogelwa gotlhelele.+ 17  Jehofa o tla tlisetsa wena+ le batho ba gago le ntlo ya ga rrago malatsi a a sa tshwaneng le ape a a kileng a nna gone fa e sale ka motlha wa go fapoga ga ga Eferaime a tswa fa thoko ga Juda,+ ke gore, kgosi ya Asiria.+ 18  “Mme go tla diragala gore mo letsatsing leo Jehofa o tla leletsa dintshi molodi tse di kwa ntlheng ya mesele ya noka ya Nile ya Egepeto le dinotshe+ tse di mo lefatsheng la Asiria,+ 19  mme tsotlhe di tla tsena di bo di nna mo mekgatšheng e e phothoselang e e mokgokolosa le mo mapharong a mafika a magolo le mo masuthung otlhe a mitlwa le mo mafelong otlhe a a nosediwang.+ 20  “Mo letsatsing leo, Jehofa o tla dirisa legare le le thapilweng ka tuelo mo kgaolong ya Noka,+ a bo a dirise kgosi ya Asiria,+ go beola tlhogo le moriri wa dinao, mme le tla gogola le tsone ditedu tota.+ 21  “Mme go tla diragala gore mo letsatsing leo motho o tla boloka kgongwana ya motlhape e tshela le dinku di le pedi.+ 22  Mme go tla diragala gore, ka ntlha ya letlotlo la mashi a a tla bong a tlhagisiwa, o tla ja botoro; ka gonne mongwe le mongwe yo o tla bong a setse mo lefatsheng o tla ja botoro le tswina ya dinotshe.+ 23  “Mme mo letsatsing leo go tla diragala gore lefelo lengwe le lengwe le le kileng la bo le na le mefine e le sekete, e e jang dipapetla tsa selefera di le sekete,+ e tla nna la ditlhatshana tse di mitlwa le mefero.+ 24  O tla tla koo ka metswi le ka bora,+ ka gonne lefatshe lotlhe le tla nna ditlhatshana tse di mitlwa fela le mefero. 25  Mme dithaba tsotlhe tse di kileng tsa bo di tlhagotswe dimela tse di tshwenyang ka mogoma—ga o kitla o tla koo ka gonne o boifa ditlhatshana tse di mitlwa le mefero; mme ruri e tla nna lefelo la go golola dipoo le lefelo la go gatakwa ke dinku.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase