Isaia 60:1-22
60 “Tsoga,+ wena mosadi, phatsimisa lesedi,+ gonne lesedi la gago le tlile+ le kgalalelo ya ga Jehofa e go phatsimetse.+
2 Gonne bona! lefifi+ le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba; mme Jehofa o tla go phatsimela, le kgalalelo ya gagwe e tla bonwa mo go wena.+
3 Mme ruri ditšhaba di tla ya kwa leseding la gago,+ le dikgosi+ kwa phatsimong ya go phatsima ga gago.+
4 “Tsholetsa matlho a gago gotlhe fela o bone! Botlhe ba phuthilwe mmogo;+ ba tlile kwa go wena.+ Bomorwao ba ntse ba tla ba tswa kgakala, le bomorwadio ba ba tla tlhokomelwang mo letlhakoreng.+
5 Ka nako eo o tla leba mme o phatsime,+ mme pelo ya gago e tla roroma e bo e buduloge, ka gonne mahumo a lewatle a tla tla kwa go wena; dikhumo tsa ditšhaba di tla tla kwa go wena.+
6 Bontsi jo bo boitshegang jwa dikamela bo tla go bipa, dikamelana tse ditonanyana tsa kwa Midiana le kwa Ifa.+ Tsotlhe tse di tswang kwa Sheba+—di tla tla. Di tla tshola gouta le lebano. Mme di tla itsise dipako tsa ga Jehofa.+
7 Matsomane otlhe a Kedare+—a tla phuthelwa mmogo kwa go wena. Diphelefu tsa ga Nebaiothe+—di tla go direla.+ Di tla tla mo sebesong+ sa me ka kamogelo, mme ke tla dira gore ntlo ya me ya bontle e nne ntle.+
8 “Ke bomang bano ba ba tlang ba fofa fela jaaka leru,+ le jaaka maeba a ya kwa marobeng a e leng matlo a one?
9 Gonne ditlhaketlhake di tla nna di solofela+ mo go nna, dikepe tsa Tareshishe+ fela jaaka la ntlha, gore di tlise bomorwao go tswa kgakala,+ selefera ya bone le gouta ya bone e na le bone,+ mo leineng+ la ga Jehofa Modimo wa gago le mo Moitsheping wa Iseraele,+ gonne o tla bo a go ntlafaditse.+
10 Mme batswakwa ba tla aga dipota tsa gago,+ mme dikgosi tsa bone di tla go direla;+ gonne ke tla bo ke go iteile+ mo bogaleng jwa me, mme mo kamogelong ya me ke tla go utlwela botlhoko.+
11 “Mme dikgoro tsa gago di tla nna di butswe ka metlha;+ ga di kitla di tswalwa motshegare le fa e le bosigo, gore o tlisediwe dikhumo tsa ditšhaba,+ mme dikgosi tsa bone di tla bo di eteletse pele.+
12 Gonne setšhaba sepe le bogosi bope jo bo se kitlang bo go direla bo tla nyelela; mme ditšhaba tsone ruri di tla swafala.+
13 “Kgalalelo ya Lebanona e tla tla mo go wena, le setlhare sa mofira, setlharesetuba le mokuperese ka nako e le nngwe,+ e le go dira gore lefelo la me le le boitshepo+ le nne lentle; mme ke tla galaletsa lefelo la dinao tsa me.+
14 “Mme bomorwa batho ba ba go bogisang ba tla ya kwa go wena, ba ikobile;+ botlhe ba ba go tshwarang ka go tlhoka tlotlo ba tla obama fa dipatong tsa dinao tsa gago,+ mme ba tla go bitsa motse wa ga Jehofa, Siona+ wa Moitshepi wa Iseraele.
15 “Mo boemong jwa gore o nne yo o tlogetsweng gotlhelele e bile o tlhoilwe, go se na ope yo o ralalang,+ ke tla go tlhoma jaaka sengwe sa go ikgogomosa ka bosakhutleng, boitumelo jwa kokomana morago ga kokomana.+
16 O tla anya mashi a ditšhaba,+ o tla anya mabele a dikgosi;+ mme ruri o tla itse gore nna, Jehofa,+ ke Mmoloki+ wa gago, mme Yo o Maatla+ wa ga Jakobe ke Morekolodi+ wa gago.
17 Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta,+ mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi+ ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.+
18 “Thubakanyo ga e kitla e tlhola e utlwiwa mo lefatsheng la gago, thopo le tshenyo mo melelwaneng ya gago.+ Mme ruri o tla bitsa dipota tsa gago Poloko+ le dikgoro tsa gago Pako.
19 Letsatsi ga le kitla le tlhola le nna lesedi la gago motshegare, mme ngwedi ga a kitla a tlhola a go fa lesedi la phatsimo. Mme Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng+ mo go wena, le Modimo wa gago o tla nna bontle jwa gago.+
20 Letsatsi la gago ga le kitla le tlhola le phirima, le fa e le ngwedi wa gago go ngotlega lesedi; gonne Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng+ mo go wena, mme malatsi a go hutsafala ga gago a tla bo a weditswe.+
21 Mme fa e le batho ba gago, botlhe e tla nna ba ba siameng;+ ba tla rua lefatshe+ ka bosakhutleng, letlhogela la go jala+ ga me, tiro ya diatla+ tsa me, gore ke ntlafadiwe.+
22 Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata.+ Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.”+