Isaia 47:1-15
47 Fologa o tle go nna mo loroleng,+ wena morwadia Babelona+ wa kgarebane. Nna fa fatshe mo lefatsheng fa go se nang setulo sa bogosi gone,+ wena morwadia Bakaladia.+ Gonne ga o kitla o bidiwa gape ke batho ba re o bokoa le tlekeetso.+
2 Tsaya lelwala+ o sile bupi. Bipolola lesire la gago.+ Apola sekete se se phuthologileng.+ Bipolola leoto.+ Kgabaganya dinoka.
3 O tshwanetse wa bipolola bosaikategang jwa gago.+ Gape le kgobo ya gago e tshwanetse go bonwa.+ Ke tla ipusolosetsa,+ mme ga nkitla ke kopana le motho ope ka bopelonomi.
4 “Go na le Yo o re rekololang.+ Leina la gagwe ke Jehofa wa masomosomo,+ Moitshepi wa Iseraele.”+
5 Nna fa fatshe ka tidimalo+ mme o tsene mo lefifing,+ wena morwadia Bakaladia;+ gonne batho ga ba kitla ba go bitsa gape ba re o Mohumagadi+ wa Magosi.+
6 Ke ne ka gakalela batho ba me.+ Ke ne ka itshepolola boswa jwa me,+ me ka ba tsenya mo seatleng sa gago.+ Ga o a ka wa ba bontsha mautlwelobotlhoko+ ape. O ne wa dira jokwe ya gago boima+ thata mo monnamogolong.
7 Mme o ne wa nna wa re: “Ke tla nna Mohumagadi+ ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Ga o a ka wa tsaya dilo tseno ka masisi; ga o a ka wa gakologelwa bokhutlo jwa kgang.+
8 Jaanong utlwa seno, wena mosadi yo o ratang menate, yo o nnang ka polokesego,+ yo o buang mo pelong ya gagwe a re: “Ke nna, mme ga go na ope o sele.+ Ga nkitla ke nna jaaka motlholagadi, e bile ga nkitla ke itse gore go latlhegelwa ke bana go ntse jang.”+
9 Mme le fa go ntse jalo dilo tseno tse pedi di tla go tlela ka tshoganyetso, mo letsatsing le le lengwe fela:+ go swelwa ke bana le botlholagadi. Di tla go tlela ka selekanyo sa tsone se feletse,+ ka ntlha ya bontsi jwa boloi jwa gago, ka ntlha ya thata e e feletseng ya mafoko a gago a maselamose—ka tsela e e feteletseng.+
10 Mme o ne wa nna o ikanya bosula jwa gago.+ O rile: “Ga go na ope yo o mponang.”+ Botlhale jwa gago le kitso ya gago+—ke sone se se go timeditseng; mme o nna o bua mo pelong ya gago o re: “Ke nna, mme ga go na ope o sele.”
11 Mme o tla tlelwa ke masetlapelo; ga o kitla o kgona go a tshereanya. Mme o tla welwa ke pitlagano;+ ga o kitla o kgona go e tila. Mme ka tshoganyetso+ o tla tlelwa ke tshenyo e o neng o sa e itse.
12 Ema fela jaanong, ka mafoko a gago a maselamose le ka bontsi jwa boloi+ jwa gago, tse o ileng wa dira ka natla mo go tsone go tswa bosheng jwa gago; e le gore gongwe di ka kgona go go tswela mosola, gore gongwe o tsenye batho letshogo.
13 O lapisitswe ke bontsintsi jwa bagakolodi ba gago. A ba eme ka dinao jaanong, ba go boloke, baobamedi ba magodimo, ba ba lebang dinaledi,+ ba ba nayang kitso ka bongwedi ba basha malebana le dilo tse di tla go diragalelang.
14 Bona! Ba tshwana le dirite.+ Molelo o tla ba laila.+ Ga ba kitla ba golola moya wa bone+ mo maatleng a kgabo ya molelo.+ Ga go kitla go nna le magala a a tukang gore batho ba ithuthafatse, le fa e le lesedi la molelo le ba ka nnang fa pele ga lone.
15 Ka jalo ba tla nna jalo mo go wena, ba o ileng wa dira ka natla le bone e le batshereanyi+ ba gago go tswa bosheng jwa gago. Ba tla kgarakgatshega, mongwe le mongwe a ya kwa kgaolong ya gagwe. Ga go kitla go nna le ope yo o tla go bolokang.+