Isaia 3:1-26

3  Gonne, bona! Morena wa boammaaruri,+ Jehofa wa masomosomo, o tlosa setshegetso le seikokotlelo mo Jerusalema+ le mo Juda, setshegetso sotlhe sa senkgwe le setshegetso sotlhe sa metsi,+  monna yo o thata le motlhabani, moatlhodi le moporofeti,+ le yo o dirang boitseanape le monna yo mogolwane,+  molaodi wa ba ba masome a matlhano+ le monna yo o tlotliwang thata le mogakolodi le setswerere mo tirong ya maselamose, le motshereanyi+ yo o setswerere.  Mme ruri ke tla dira gore basimane e nne dikgosana tsa bone, mme maatla a bokgokgontshi a tla ba busa.+  Mme ruri batho ba tla patikana, le eleng mongwe le mongwe a patika mongwe ka ene.+ Ba tla tlhasela, mosimane a tlhasela monnamogolo,+ le yo o nyatsegang a tlhasela yo o tlotliwang.+  Gonne mongwe le mongwe o tla tshwara morwarraagwe mo ntlong ya ga rraagwe, a re: “O na le seaparo. O tshwanetse wa nna mmusaesi+ wa rona, mme batho bano ba ba menotsweng ba tshwanetse go nna kafa tlase ga seatla sa gago.”  Mo letsatsing leo o tla tsholetsa lentswe la gagwe, a re: “Ga nkitla ke nna mohapa ntho; mme mo ntlong ya me ga go na senkgwe le fa e le seaparo. Lo se ka lwa ntlhoma go nna mmusaesi wa batho.”  Gonne Jerusalema o kgopilwe, le Juda o ole,+ ka gonne loleme lwa bone le ditiro tsa bone di kgatlhanong le Jehofa,+ ka go itshwara ka botsuolodi mo matlhong a kgalalelo ya gagwe.+  Tebego ya difatlhego tsa bone e supa kgatlhanong le bone,+ mme ba bolela ka boleo jwa bone jaaka jwa Sodoma.+ Ga ba a bo fitlha. A bo go latlhega moya wa bone! Gonne ba itiretse masetlapelo.+ 10  Buang gore go tla nna molemo ka mosiami,+ gonne ba tla ja maungo a ditiro tsa bone.+ 11  A bo go latlhega moikepi!—Masetlapelo; gonne tsela e diatla tsa gagwe di neng tsa tshwara ba bangwe ka yone le ene o tla tshwarwa fela jalo!+ 12  Fa e le batho ba me, baabi ba bone ba tiro ba dira ka bosetlhogo, le gone ba busiwa ke basadi.+ Oo, batho ba me, batho ba ba lo gogang ba a lo kgarakgatsha,+ mme ba tlhakatlhakantse tsela ya ditselana tsa lona.+ 13  Jehofa o eme gore a ganetse e bile o eme ka dinao gore a atlhole ditšhaba.+ 14  Jehofa o tla tsena mo katlholong le ba bagolwane ba batho ba gagwe le dikgosana tsa bone.+ “Mme lona lo fisitse tshimo ya mofine. Se se tserweng ka bonokwane mo go ba ba bogisiwang se mo matlong a lona.+ 15  Lo kaya eng fa lo thubaganya batho ba me, e bile lo sila difatlhego tsa ba ba bogisiwang?”+ go bua Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo. 16  Mme Jehofa a re: “Ka lebaka la gore bomorwadia Siona jaanong ba mabela e bile ba tsamaya ba goleditse dithamo tsa bone e bile ba shadikanya matlho, ba tsamaya ka dikgato tse di tlang di kgopiwa, e bile ba dira modumo o o tsidimang ka dinao tsa bone,+ 17  gape Jehofa o tla dira gore phogo ya tlhogo ya bomorwadia Siona e tlale magogo,+ mme Jehofa o tla bipolola phatla ya bone.+ 18  Mo letsatsing leo Jehofa o tla tlosa bontle jwa mefitshane le meitlamo ya tlhogo le mekgabisa ya sekangwedi,+ 19  manyena a a lepelelang le maseka le masire,+ 20  dirwalo tsa tlhogo le dikeetanenyana tsa maoto le meitlamo ya sehuba+ le ‘matlo a moya’ le dikgapetla tse di kgabisang tse di sumang,+ 21  dipalamonwana le mehitshana ya nko,+ 22  diaparo tse di telele tsa maemo le diaparo tsa fa godimo le dikobo le dikgwama, 23  le diipone+ tsa diatla le diaparo tsa kafa teng le dithathelela tlhogo+ le masire a magolo.+ 24  “Mme go tla diragala gore mo boemong jwa leokwane la balema+ go tla nkga mouta fela; mo boemong jwa moitlamo, go tla nna le mogala; mo boemong jwa moriri o o kgabisitsweng, go tla nna lefatla;+ mo boemong jwa seaparo se se tlhwatlhwakgolo, go tla nna le moikgatlho wa letsela la kgetsi;+ mme mo boemong jwa bontle go nne le letshwao la pabolo.+ 25  Banna ba gago ba tla digwa ke tšhaka, le thata ya gago e tla digwa ke ntwa.+ 26  Mme dikgoro tsa gagwe di tla hutsafala+ di bo di utlwe botlhoko, mme ruri o tla tlosiwa. O tla nna fa fatshe mo go lone lefatshe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase