Isaia 15:1-9
15 Polelo kgatlhanong le Moabe:+ Ka gonne o thopilwe bosigo, Ara+ wa Moabe o didimaditswe. Ka gonne o thopilwe bosigo, Kire+ wa Moabe o didimaditswe.
2 O tlhatlogetse kwa Ntlong le kwa Dibone,+ kwa mafelong a a kwa godimo, go ya go lela. Moabe o bokolelela Nebo+ le Medeba.+ Ditlhogo tsotlhe tse di mo go ene di lefatla;+ ditedu tsotlhe di kgaotswe.
3 Ba ikgatlhile ka letsela la kgetsi+ mo mebileng ya one. Mo marulelong+ a one le mo dipatlelong tsa one mongwe le mongwe wa gone o a bokolela, o fologa a lela.+
4 Mme Heshebone le Eleale+ ba a goa. Lentswe la bone le utlwilwe go ya go fitlha kwa Jahase.+ Ke gone ka moo banna ba ba tlhometseng ba Moabe ka bobone ba ntseng ba goa. Moya wa gagwe o ile wa roroma mo teng ga gagwe.
5 Pelo ya me e lelela Moabe ka boene.+ Batshabi ba gagwe ba fitlha fela kwa Soare+ le Egelatha-shelishiya.+ Gonne mo botlhatlogong jwa Luhithe+—mongwe le mongwe o tlhatloga gone a lela; gonne mo tseleng ya go ya Horonaime+ ba kurusa selelo ka ga matlhomola a magolo.
6 Gonne metsi a Nimerime+ a nna kgakgabalo fela. Gonne bojang jo botala bo omile, bojang bo khutlile; ga go na sepe se setala.+
7 Ke gone ka moo masalela le dithoto tsa bone tse di bolokilweng tse ba di beileng ba nnang ba di isa ka kwa ga mokgatšha o o phothoselang wa ditlhare tsa modibonoka.
8 Gonne selelo se tsamaile go dikologa karolo ya naga ya Moabe.+ Go bokolela ga teng go fitlha fela kwa Egelaime; go bokolela ga teng go fitlha fela kwa Beere-elime,
9 ka gonne metsi a Dimone a tletse madi. Gonne mo Dimone ke tla baya dilo tse di oketsegileng, tse di jaaka tau ke di beela bafalodi ba Moabe ba ba falolang le ba ba setseng ba lefatshe leo.+