Isaia 13:1-22

13  Polelo kgatlhanong le Babelona+ e Isaia morwa Amosi+ a e boneng mo ponatshegelong:  “Tsholetsang sesupo+ mo thabeng ya mafika a a borethe. Ba tsholeletseng lentswe, kgatikanyang seatla,+ gore ba tsene mo dikgorong tsa batlotlegi.+  Ke ntshitse taelo e e yang kwa bathong ba me ba ba itshepisitsweng.+ Gape ke biditse bathata ba me go bontsha bogale+ jwa me, ba ba itumelang ka tsela e e tlhomologileng.  Reetsang! Boidiidi mo dithabeng, e kete batho ba bantsi!+ Reetsang! Pheretlhego ya magosi, ya ditšhaba tse di phuthegileng mmogo!+ Jehofa wa masomosomo o phutha masole a ntwa.+  Ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala,+ kwa ntlheng ya magodimo, Jehofa le dibetsa tsa katlholo ya gagwe, gore a senye lefatshe lotlhe.+  “Bokolelang,+ gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi!+ Le tla tla jaaka thopo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.+  Ke gone ka moo diatla tsotlhe di tla repang, mme pelo yotlhe ya motho yo o nang le go swa e tla nyera.+  Mme batho ba fuduegile.+ Ba tshwarwa ke metotwane le ditlhabi tsa pelegi; ba na le ditlhabi tsa pelegi+ jaaka mosadi yo o belegang. Ba lebana ba gakgametse. Difatlhego tsa bone ke difatlhego tse di fisang.+  “Bona! Letsatsi la ga Jehofa le etla, le setlhogo ka tšhakgalo le ka bogale jo bo tukang, gore lefatshe le dirwe selo sa go akabalelwa,+ le gore le nyeletse baleofi ba lefatshe mo go lone.+ 10  Gonne dinaledi tsa magodimo le masomo a tsone a Kesile+ ga di kitla di phatsimisa lesedi la tsone; letsatsi le tla fifala fa le tswa, le ngwedi ga e kitla e dira gore lesedi la yone le phatsime. 11  Ke tla tlisetsa naga e e ungwang kotlhao+ ka ntlha ya bosula jwa yone, le baikepi ka ntlha ya tlolo ya bone. Mme ke tla dira gore boikgogomoso jwa baikgodisi bo kgaotse, le mabela a bapatiki ke tla a kokobetsa.+ 12  Ke tla dira gore motho yo o nang le go swa a bonwe sewelo go feta gouta e e itshekileng,+ le motho wa mo lefatsheng a bonwe sewelo go feta gouta ya Ofire.+ 13  Ke gone ka moo ke tla dirang gore legodimo le fuduege,+ le lefatshe le tla reketla le tswe mo lefelong la lone ka ntlha ya tšhakgalo ya ga Jehofa wa masomosomo+ le ka letsatsi la bogale jwa gagwe jo bo tukang.+ 14  Mme go tla diragala gore, jaaka tshephe e e lelekiwang le jaaka letsomane le le se nang ope yo o ka le phuthang mmogo,+ ba tla retologa, mongwe le mongwe a ya kwa bathong ba gagabo; mme ba tla tshaba, mongwe le mongwe a tshabela kwa lefatsheng la gagabo.+ 15  Mongwe le mongwe yo o tla fitlhelwang o tla tlhabiwa, mme mongwe le mongwe yo o tshwarwang mo kgailong o tla wa ka tšhaka;+ 16  mme bana ba bone ba tla phatlakanngwa fa pele ga matlho a bone.+ Matlo a bone a tla thopiwa, le basadi ba bone ba tla betelelwa.+ 17  “Bona, ke kurusa Bameda+ kgatlhanong le bone, ba ba kayang selefera e se sepe, le ba ba sa natefelelweng ke gouta. 18  Mme mara a bone a tla phatlakanya le one makawana+ tota. Mme ga ba kitla ba tlhomogela maungo a sebopelo pelo;+ leitlho la bone ga le kitla le utlwela barwa botlhoko. 19  Mme Babelona, mokgabiso wa magosi,+ bontle jwa boikgogomoso jwa Bakaladia,+ o tla nna jaaka fa Modimo a ne a ribegetsa Sodoma le Gomora.+ 20  Ga a kitla a nniwa,+ le fa e le go nna le lefelo la bonno kokomana morago ga kokomana.+ Mme Moaraba ga a kitla a tlhoma mogope wa gagwe gone, e bile ga go na badisa ba ba tla letlang matsomane a bone a botha gone. 21  Tse di nnang mo dikgaolong tse di se nang metsi di tla botha gone, mme matlo a tsone a tla tlala ka merubisi ya sekantsu.+ Bontšhe ba tla aga gone, le madimona a a bopegileng jaaka dipodi a tla tlolaka gone.+ 22  Bophokoje ba tla bokolela mo ditoreng tsa gagwe tsa bonno,+ mme noga e kgolo e tla bo e le mo matlong a segosi a a itumedisang thata. Mme paka ya gagwe e gaufi le go tla, mme malatsi a gagwe ga a kitla a busediwa morago.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase