Genesise 44:1-34
44 Moragonyana a laola monna yo o neng a okametse ntlo+ ya gagwe, a re: “Tlatsa dikgetsi tsa banna bano ka dijo gore ba kgone go e tsholetsa mme o tsenye madi a mongwe le mongwe wa bone mo molomong wa kgetsi ya gagwe.+
2 Mme o tsenye senwelo sa me, senwelo sa me sa selefera, mo molomong wa kgetsi ya yo mmotlana thata le madi a dijo tsa gagwe tsa dithoro.” Ka jalo a dira kafa lefokong la ga Josefa le a neng a le buile.+
3 Moso o ne o apogile fa banna bano ba ne ba tsamaisiwa,+ bone mmogo le diesele tsa bone.
4 Ba ne ba tswa ka motse. Ba ne ba ise ba ye kgakala fa Josefa a ne a raya monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe a re: “Nanoga! Lelekisa banna bale mme o tlhomamise gore o a ba tshwara mme o ba reye o re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo duetse molemo+ ka bosula?
5 A seno ga se selo se mong wa me a nwang ka sone le se a balang ditshupo+ ka sone ka botswerere? Lo dirile tiro e e bosula.’”
6 Kgabagare a ba tshwara mme a bua mafoko ano le bone.
7 Mme ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa morena wa me a bua mafoko a a ntseng jaana? Go ka se direge gore batlhanka ba gago ba dire sepe se se ntseng jaana.
8 Aitsane, madi a re neng ra a fitlhela mo molomong wa dikgetsi tsa rona re ne ra a busetsa kwa go wena re tswa kwa lefatsheng la Kanana.+ Ka gone, re ka utswa jang selefera kgotsa gouta mo ntlong ya mong+ wa gago?
9 A mongwe wa batlhanka ba gago yo se ka fitlhelwang mo go ene a swe mme a le rona re nne batlhanka ba mong+ wa me.”
10 Ka jalo a re: “Jaanong mma go nneng fela kafa mafokong+ a lona. Ka gone yo se tla fithelwang mo go ene o tla nna motlhanka wa me,+ mme lona lo tla supiwa lo le ba ba se nang molato.”
11 Foo mongwe le mongwe wa bone a folosetsa kgetsi ya gagwe fa fatshe ka bonako mme mongwe le mongwe a bula kgetsi ya gagwe.
12 Mme a batla ka kelotlhoko. A simolola ka yo mogolo thata mme a feleletsa ka yo mmotlana thata. La bofelo senwelo sa fitlhelwa mo kgetsing ya ga Benjamine.+
13 Foo ba gagoganya diaparo+ tsa bone mme mongwe le mongwe a pega morwalo wa gagwe gape mo eseleng ya gagwe mme ba boela kwa motseng.
14 Mme Juda+ le bomorwarraagwe ba tsena mo ntlong ya ga Josefa, mme o ne a sa ntse a le gone; mme ba wela fa fatshe+ fa pele ga gagwe.
15 Jaanong Josefa a ba raya a re: “Ke tiro ya mofuta ofe eno e lo e dirileng? A lo ne lo sa itse gore motho yo o tshwanang le nna o kgona go bala ditshupo+ ka botswerere?”
16 Foo Juda a buela kwa godimo a re: “Re tla raya mong wa me re reng? Re tla bua eng? Mme re tla itshupa jang re le ba ba siameng?+ Modimo wa boammaaruri o bone tlolo ya batlhanka ba gago.+ Bona, re batlhanka ba mong+ wa me, rona le yo senwelo se neng sa fitlhelwa mo seatleng sa gagwe!”
17 Le fa go ntse jalo, a re: “Go ka se direge gore ke dire seno!+ Monna yo senwelo se neng sa fitlhelwa mo seatleng sa gagwe ke ene yo o tla nnang motlhanka wa me.+ Fa e le lona lotlhe ba bangwe, yang kwa go rraalona ka kagiso.”+
18 Jaanong Juda a mo atamela a re: “Ke a go rapela, mong wa me,+ tsweetswee mma motlhanka wa gago a bue lefoko mo kutlong ya mong wa me, mme o se ka wa letla bogale+ jwa gago jwa tukela motlhanka wa gago, ka gonne mo go wena go ntse fela jaaka go ntse ka Faro.+
19 Mong wa me o ne a botsa batlhanka ba gagwe, a re, ‘A lo na le rre kgotsa morwarraalona?’
20 Ka jalo re ne ra raya mong wa me ra re, ‘Ee, re na le rre yo o tsofetseng le ngwana wa botsofe jwa gagwe, yo mmotlana thata.+ Mme mogolowe o sule mo e leng gore go setse ene a le esi wa ga mmaagwe,+ mme rraagwe o mo rata eleruri.’
21 Morago ga moo o ne wa raya batlhanka ba gago wa re, ‘Mo tliseng kwa go nna gore ke tle ke mmone.’+
22 Mme re ne ra raya mong wa me ra re, ‘Mosimane ga a kgone go tlogela rraagwe. Fa a ne a ka tlogela rraagwe, ruri rraagwe o ne a tla swa.’+
23 Mme wa raya batlhanka ba gago wa re, ‘Fa morwarraalona yo mmotlana thata a sa tle le lona, ga lo kitla lo tlhola lo bona sefatlhego sa me.’+
24 “Mme go ne ga diragala gore re ye kwa go rre motlhanka wa gago mme ra mmolelela mafoko a mong wa me.
25 Moragonyana rraarona a re, ‘Boang lo ye go re rekela dijonyana.’+
26 Mme ra re, ‘Ga re kgone go ya. Fa morwarraarona yo mmotlana thata a na le rona re tla ya, ka gonne ga re kgone go bona sefatlhego sa monna yole fa morwarraarona yo mmotlana thata a se na le rona.’+
27 Foo rre motlhanka wa gago a re raya a re, ‘Lona ka bolona lo itse sentle gore mosadi wa me o ne a ntsholela bana ba babedi ba basimane.+
28 Moragonyana yo mongwe o ne a ntlogela mme ka kua ka re: “Ao, o tshwanetse a bo a gagogantswe!”+ mme ga ke ise ke mmone go fitlha jaanong.
29 Fa lo ne lo ka tlosa le yono mo ponong ya me mme a tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang, ruri lo ne lo tla folosetsa meriri ya me e mesweu ka masetlapelo mo teng ga Sheole.’+
30 “Mme jaanong, fela fa ke ka tla kwa go rre motlhanka wa gago mosimane a se na le rona, moya wa yole o logagane le moya wa yono,+
31 ruri go tla diragala gore fela fa a bona gore mosimane ga a yo, o tla swa ruri, mme ruri batlhanka ba gago ba tla folosetsa meriri e mesweu ya ga rraarona motlhanka wa gago ka khutsafalo mo teng ga Sheole.
32 Gonne motlhanka wa gago o ne a nna moemedi+ wa mosimane fa a dule kwa go rraagwe, a re, ‘Fa nka palelwa ke go mmusetsa kwa go wena, foo ke tla bo ke leofetse rre ka bosakhutleng.’+
33 Jaanong tsweetswee, mma motlhanka wa gago a sale mo boemong jwa mosimane jaaka motlhanka wa mong wa me, gore mosimane a tle a tsamaye le bomorwarraagwe.+
34 Gonne ke tla ya jang kwa go rre mosimane a se na le nna, e se re kgotsa ka bona masetlapelo a a tla welang rre?”+