Genesise 34:1-31
34 Jaanong Dina morwadia Lea,+ yo a neng a mo tsholetse Jakobe, o ne a tle a tswe a ye go bona+ bomorwadia lefatshe.+
2 Mme Shekema morwa Hamore wa Mohife,+ kgosana ya lefatshe, a mmona mme a mo tsaya a lala le ene a mmetelela.+
3 Mme moya wa gagwe wa simolola go ngaparela Dina morwadia Jakobe, a rata morweetsana yono a ba a nna a bua le morweetsana yono gore a mo fenye.
4 Labofelo Shekema a raya Hamore rraagwe+ a re: “Ntseela mohumagatsana yono go nna mosadi.”+
5 Mme Jakobe a utlwa gore o ne a leswafaditse Dina morwadie. Mme bomorwawe ba bo ba na le motlhape wa gagwe kwa nageng;+ mme Jakobe a didimala fela go fitlha ba tsena.+
6 Moragonyana Hamore, rraagwe Shekema, a tswela kwa go Jakobe go ya go bua le ene.+
7 Mme bomorwa Jakobe ba tla ba tswa kwa nageng fela fa ba sena go utlwa ka gone; mme banna bano ba utlwa botlhoko mo maikutlong a bone mme ba nna bogale+ thata, ka gonne o ne a diretse Iseraele bosula jwa matlhabisa ditlhong ka go lala le morwadia Jakobe,+ e re ka go ne go sa tshwanela go dira sepe se se ntseng jalo.+
8 Mme Hamore a bua le bone, a re: “Fa e le Shekema morwaake, moya wa gagwe o golagane le morwadialona.+ Tsweetswee, mo mo neyeng go nna mosadi,+
9 mme lo dire dikgolagano tsa lenyalo le rona.+ Lo re neye bomorwadialona, mme lo itseele bomorwadiarona.+
10 Mme lo ka nna lwa nna le rona, mme lefatshe le tla nna mo taolong ya lona. Nnang lo bo lo gwebe mo go lone lo bo lo age mo go lone.”+
11 Foo Shekema a raya rraagwe Dina le bokgaitsadie a re: “Mmang ke bone kamogelo mo matlhong a lona, mme le fa e le eng fela se lo tla se mpolelelang ke tla se lo naya.
12 Tlhatlosang bogadi fela thata le mpho e ke e kopiwang,+ mme ke iketleeleditse go ntsha kafa lo ka mpolelelang ka gone; fela nnayang morweetsana yono go nna mosadi.”
13 Mme bomorwa Jakobe ba simolola go araba Shekema le Hamore rraagwe ka tsietso le go bua jalo ka gonne a ne a leswafaditse Dina kgaitsadiabone.+
14 Mme ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra kgona go dira selo se se ntseng jalo, go naya kgaitsadiarona monna yo o nang le letlalo la bonna,+ ka gonne seo ke kgobo mo go rona.
15 Re ka dumalana le lona fela ka tumalano ya gore, lo nne jaaka rona, ka go rupisiwa ga monna mongwe le mongwe wa lona.+
16 Foo ruri re tla lo naya bomorwadiarona, e bile re tla itseela bomorwadialona, mme re tla nna le lona re bo re nna batho ba le bangwe fela.+
17 Mme fa lo sa re reetse gore lo rupisiwe, re tla tsaya morwadiarona re bo re tsamaya.”
18 Mme mafoko a bone a bonala a le molemo mo matlhong a ga Hamore le mo matlhong a ga Shekema, morwa Hamore,+
19 mme lekau ga le a ka la diega go diragatsa tumalano eno,+ ka gonne ruri le ne la kgatlhiwa ke morwadia Jakobe e bile e ne e le le le tlotlegang+ thata mo go botlhe ba ntlo ya ga rraalone.+
20 Ka jalo Hamore le Shekema morwawe ba ya kwa kgorong ya motse wa bone mme ba simolola go bua le banna ba motse wa bone,+ ba re:
21 “Banna bano ba re ratela kagiso.+ Ka gone a ba nne mo lefatsheng mme ba gwebe mo go lone, e re ka lefatshe le atlhame thata fa pele ga bone.+ Re ka nna ra itseela bomorwadiabone go nna basadi e bile re ka nna ra ba naya bomorwadiarona.+
22 Ke ka tumalano eno fela banna bano ba tla dumalanang go nna le rona gore re nne batho ba le bangwe fela, ya gore monna mongwe le mongwe wa rona a rupisiwe fela jaaka ba rupile.+
23 Mme dithuo tsa bone le khumo ya bone le diruiwa tsotlhe tsa bone, a ga e kitla e nna tsa rona?+ Fela a re dumalaneng le bone gore ba tle ba nne le rona.”+
24 Mme botlhe ba ba neng ba tswa ka kgoro ya motse wa gagwe ba ne ba reetsa Hamore le Shekema morwawe, mme banna botlhe ba rupisiwa, botlhe ba ba neng ba tswa ka kgoro ya motse wa gagwe.
25 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala gore mo letsatsing la boraro, fa ba ne ba le mo botlhokong, bomorwa Jakobe ba babedi, Simeone le Lefi,+ bokgaitsadia Dina,+ mongwe le mongwe wa bone a tsaya tšhaka ya gagwe mme ba ya kwa motseng ba sa belaelwe mme ba bolaya monna mongwe le mongwe.+
26 Ba bolaya Hamore le Shekema morwawe ka bogale jwa tšhaka.+ Ba ntsha Dina mo ntlong ya ga Shekema mme ba tswa.+
27 Bomorwa Jakobe ba bangwe ba tlhasela banna ba ba neng ba gobetse mme ba gapa motse, ka gonne ba ne ba leswafaditse kgaitsadiabone.+
28 Ba tsaya matsomane a bone le metlhape ya bone le diesele tsa bone le se se neng se le mo motseng le se se neng se le kwa tshimong.+
29 Mme sotlhe se ba neng ba itshedisa ka sone le bana botlhe ba bone ba ba botlana le basadi ba bone ba ba isa botshwarwa, mo ba neng ba gapa tsotlhe tse di neng di le mo matlong.+
30 Foo Jakobe a raya Simeone le Lefi+ a re: “Lo ntlhabisitse ditlhong ka go ntira sebodu mo banning ba lefatshe leno,+ mo Bakananeng le mo Baperiseng; le mororo ke le monnye fela ka palo,+ mme ruri ba tla mphuthegela ba bo ba ntlhasela mme ke tla nyelediwa, nna le ntlo ya me.”
31 Mme bone ba re: “A go na le motho ope yo o tshwanetseng go tshwara kgaitsadiarona jaaka seaka?”+