Genesise 23:1-20
23 Mme botshelo jwa ga Sara jwa nna boleele jwa dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi le bosupa. E ne e le dingwaga tsa botshelo jwa ga Sara.+
2 Ka jalo Sara a swela kwa Kiriathe-areba, ke go re, Heberone,+ mo lefatsheng la Kanana,+ mme Aborahame a tla go hutsafalela Sara le go mo lelela.
3 Morago ga moo Aborahame a nanoga fa pele ga moswi wa gagwe mme a bua le bomorwa Hethe,+ a re:
4 “Ke moagi wa moeng le mothibeledi mo go lona.+ Nnayang lefelo la go fitlhela le le mo gare ga lona gore ke le rue ke tle ke fitlhe moswi wa me ke mo ntshe mo ponong ya me.”+
5 Foo bomorwa Hethe ba araba Aborahame, ba mo raya ba re:
6 “Re utlwe, morena wa me.+ O kgosana ya Modimo mo gare ga rona.+ Fitlha moswi wa gago mo lefelong la rona la go fitlhela le le a gaisang otlhe.+ Ga go na ope wa rona yo o tla go ganelang ka lefelo la gagwe la go fitlhela gore o se ka wa fitlha moswi wa gago.”
7 Foo Aborahame a nanoga mme a ikobela batho ba lefatshe leo, bomorwa Hethe,+
8 mme a bua le bone, a re: “Fa meya ya lona e dumela gore ke fitlhe moswi wa me ke mo ntshe mo ponong ya me, ntheetsang mme lo nthotloeletse Eferone morwa Sohare,+
9 gore a nneye logaga lwa Makapela,+ lo e leng lwa gagwe, lo lo kwa ntlheng ya tshimo ya gagwe. A a lo nneye ka selekanyo se se tletseng sa selefera mo gare ga lona gore e nne lefelo la me la go fitlhela.”+
10 Kafa go neng go ntse ka gone, Eferone o ne a ntse mo gare ga bomorwa Hethe. Ka jalo Eferone wa Mohite+ a araba Aborahame bomorwa Hethe ba ntse ba utlwa le botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe, a re:+
11 “Nnyaa, morena wa me! Ntheetsa. Ke go naya tshimo, e bile ke go naya logaga lo lo mo go yone. Ke e go naya fa pele ga matlho a bomorwa batho ba gaetsho.+ Fitlha moswi wa gago.”
12 Foo Aborahame a ikoba fa pele ga batho ba lefatshe leo
13 mme a bua le Eferone batho ba lefatshe leo ba ntse ba utlwa, a re: “Fa fela o—nnyaa, ntheetsa! Ke tla go naya selekanyo sa selefera sa tshimo. E tseye mo go nna,+ gore ke tle ke fitlhe moswi wa me gone.”
14 Foo Eferone a araba Aborahame, a mo raya a re:
15 “Morena wa me, ntheetsa. Sebata sa lefatshe se se jang dishekele tsa selefera di le makgolo a manè, seo ke eng mo gare ga me le wena? Ka jalo fitlha moswi wa gago.”+
16 Ka gone Aborahame a reetsa Eferone, mme Aborahame a lekanyetsa Eferone bokete jwa selekanyo sa selefera se a neng a buile ka sone bomorwa Hethe ba ntse ba utlwa, dishekele tsa selefera di le makgolo a manè tsa nako eo tsa bagwebi.+
17 Ka gone, tshimo ya ga Eferone e e neng e le mo Makapela, e e fa pele ga Mamere, tshimo le logaga lo lo neng lo le mo go yone le ditlhare tsotlhe tse di neng di le mo tshimong,+ tse di neng di le mo teng ga melelwane yotlhe ya yone mo tikologong yotlhe, tsa tlhomamisediwa+
18 Aborahame jaaka thuo ya gagwe e a e rekileng fa pele ga matlho a bomorwa Hethe mo gare ga botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe.+
19 Mme morago ga moo Aborahame a fitlha Sara mosadi wa gagwe mo logageng lwa tshimo ya Makapela fa pele ga Mamere, ke go re, Heberone, mo lefatsheng la Kanana.+
20 Ka gone, tshimo le logaga lo lo neng lo le mo go yone tsa tlhomamisediwa Aborahame ka diatla tsa bomorwa Hethe+ gore e tla nna lefelo la gagwe la go fitlhela.