Genesise 14:1-24

14  Jaanong go ne ga diragala mo metlheng ya ga Amerafele kgosi ya Shinare,+ Arioke kgosi ya Elasare, Kedorelaomere+ kgosi ya Elama,+ le Tidale kgosi ya Goime,+  gore bano ba lwe le Bera kgosi ya Sodoma,+ le Biresha kgosi ya Gomora,+ Shinabe kgosi ya Adema,+ le Shemebere kgosi ya Seboima,+ le kgosi ya Bela (ke go re, Soare).+  Botlhe bano ba ne ba gwanta jaaka ditsala+ go ya kwa Lebaleng le le Kwa Tlase la Sidima,+ ke gore, Lewatle la Letswai.+  Ba ne ba diretse Kedorelaomere dingwaga di le lesome le bobedi, mme ka ngwaga wa bolesome le boraro ba tsuologa.  Mo ngwageng wa bolesome le bonè Kedorelaomere a tla, le dikgosi tse di neng di na le ene, mme ba fenya Barefaime mo Asheterothe-karenaime,+ le Basusime mo Hame, le Baemime+ mo Shafe-kiriathaime,  le Bahore+ mo thabeng ya bone ya Seire,+ go fitlha kwa Ele-parane,+ o o kwa nageng.  Morago ga moo ba retologa ba tla mo Ene-mishepate, ke gore, Kadeshe,+ mme ba fenya naga yotlhe ya Baamaleke+ le Baamore+ ba ba neng ba nna mo Hasasone-tamare.+  Mo nakong eno kgosi ya Sodoma e ne ya simolola go gwanta, le kgosi ya Gomora le kgosi ya Adema le kgosi ya Seboima le kgosi ya Bela (ke go re, Soare), mme ba tlhomagana ka thulaganyo ya tlhabano kgatlhanong le bone mo Lebaleng le le Kwa Tlase la Sidima,+  kgatlhanong le Kedorelaomere kgosi ya Elama le Tidale kgosi ya Goime le Amerafele kgosi ya Shinare le Arioke kgosi ya Elasare;+ dikgosi di le nnè kgatlhanong le tse tlhano. 10  Jaanong Lebala le le Kwa Tlase la Sidima+ le ne le tletsetletse dikgatampi tsa bitumena;+ mme dikgosi tsa Sodoma le Gomora+ di ne tsa tshaba mme tsa wela mo teng ga tsone, mme ba ba neng ba sala ba ne ba tshabela kwa kgaolong e e dithaba.+ 11  Morago ga moo bafenyi ba tsaya dithoto tsotlhe tsa Sodoma le Gomora le dijo tsotlhe tsa bone mme ba tsamaya.+ 12  Ba tsaya le Lote morwa wa ga morwarraagwe Aberame le dithoto tsa gagwe mme ba tswa ba tsamaya. O ne a nna kwa Sodoma+ ka nako eo. 13  Morago ga moo monna yo o neng a falotse a tla mme a bolelela Aberame wa Mohebera.+ Ka nako eo o ne a nna mo motlaaganeng mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa ga Mamere wa Moamore,+ morwarraagwe Eshekole le morwarraagwe Anere;+ mme ba ne ba na le kgolagano le Aberame. 14  Ka gone Aberame a utlwa gore morwarraagwe o ne a isitswe botshwarwa.+ Foo a phutha banna ba gagwe ba ba thapisitsweng,+ batlhanka ba le makgolo a mararo lesome le borobedi ba ba tsholetsweng mo ntlong ya gagwe,+ mme ba ba latelela go ya go fitlha kwa Dana.+ 15  Bosigo a kgaoganya mephato ya gagwe,+ ene le batlhanka ba gagwe, kgatlhanong le bone, mme ka gone a ba fenya a ba a nna a ba latelela go fitlha kwa Hoba, o o kwa bokone jwa Damaseko. 16  Mme a golola dithoto tsotlhe,+ a ba a golola le Lote morwarraagwe le dithoto tsa gagwe le basadi le batho.+ 17  Morago ga moo kgosi ya Sodoma ya tswa e ya go mo kgatlhantsha fa a sena go boa a tswa go fenya Kedorelaomere le dikgosi tse di neng di na le ene, kwa Lebaleng le le Kwa Tlase la Shafe, ke gore, Lebala le le Kwa Tlase la kgosi.+ 18  Mme Melekisedeke+ kgosi ya Salema+ a ntsha senkgwe le beine,+ mme e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo.+ 19  Foo a mo segofatsa a re: “A Aberame a segofadiwe ke Modimo Mogodimodimo,+Modiri wa legodimo le lefatshe;+ 20  Mme a go bakwe Modimo Mogodimodimo,+Yo o tsentseng bagateledi ba gago mo seatleng sa gago!”+ Foo Aberame a mo naya nngwesomeng ya sengwe le sengwe.+ 21  Morago ga moo kgosi ya Sodoma ya raya Aberame ya re: “Nnaya meya,+ mme o itseele dithoto.” 22  Foo Aberame a raya kgosi ya Sodoma a re: “Ke tsholeletsa seatla sa me ka ikano+ kwa go Jehofa Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe, 23  gore, go simolola ka tlhale go fitlha ka kgole ya mpaatšhane, nnyaa, ga nkitla ke tsaya sepe mo go sepe fela se e leng sa gago,+ gore o tle o se ka wa re, ‘Ke nna ke neng ka humisa Aberame.’ 24  Ga ke batle sepe!+ Fa e se fela se makau a setseng a se jele, le kabelo ya banna ba ba neng ba tsamaile le nna, Anere, Eshekole le Mamere+—a ba tseye kabelo ya bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase