Esekiele 7:1-27
7 Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela go tla mo go nna le re:
2 “Fa e le wena, morwa motho, Morena Molaodimogolo Jehofa o reile lefatshe la Iseraele a re, ‘Bokhutlo, bokhutlo bo tlile mo dintlheng tse nnè tsa lefatshe.+
3 Jaanong bokhutlo bo mo go wena,+ mme ke tla romela bogale jwa me kgatlhanong le wena, ke tla go atlhola kafa ditseleng tsa gago+ ke bo ke go tlisetse dilo tsa gago tsotlhe tse di makgapha.
4 Mme leitlho la me ga le kitla le go utlwela botlhoko,+ e bile ga nkitla ke nna pelotlhomogi, gonne ke tla tlisa ditsela tsa gago mo go wena, mme dilo tsa gago tse di makgapha di tla tla mo gare ga gago;+ mme lo tla itse gore ke nna Jehofa.’+
5 “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Masetlapelo, masetlapelo a a sa tshwaneng le ape, bona! a etla.+
6 Go tshwanetse ga tla bokhutlo.+ Bokhutlo bo tshwanetse go tla; bo tla go tsogela. Bona! Bo etla.+
7 Serwalo sa dithunya se tla tla mo go wena, wena monni wa lefatshe, nako e tshwanetse ya tla, letsatsi le gaufi.+ Go na le tlhakatlhakano, mme e seng go goa ga dithaba.
8 “‘Jaanong mo bogautshwaneng ke tla tshololela tšararego ya me mo go wena,+ mme ke tla feleletsa bogale jwa me mo go wena,+ ke bo ke go atlhole kafa ditseleng tsa gago+ ke bo ke go tlisetse dilo tsa gago tsotlhe tse di makgapha.
9 Le gone leitlho la me ga le kitla le go utlwela botlhoko+ le gone ga nkitla ke nna pelotlhomogi.+ Ke tla tlisa mo go wena kafa ditseleng tsa gago, le dilo tsa gago tse di makgapha di tla nna mo garegare ga gago;+ mme lo tla itse gore ke nna Jehofa ke itayang.+
10 “‘Bona! Letsatsi! Bona! Le etla.+ Serwalo sa dithunya se dule.+ Thobane e ntshitse dithunya.+ Boikgodiso bo tlhogile.+
11 Thubakanyo e nanogile ya nna thobane ya boikepo.+ Ga go tswe mo go bone, le fa e le mo khumong ya bone; le gone ga go tswe mo go bone ka bobone, e bile ga go na tlotlomalo epe mo go bone.
12 Nako e tla tla, letsatsi le tla goroga. Fa e le moreki ene, a a se ka a ipela; mme fa e le morekisi ene, a a se ka a hutsafala, gonne go galefetswe boidiidi jotlhe jwa gagwe.
13 Gonne morekisi ga a kitla a boela kwa go se se rekisitsweng, fa botshelo jwa bone bo sa ntse bo le mo gare ga ba ba tshelang; gonne ponatshegelo ke ya boidiidi jotlhe jwa gagwe. Ga go na ope yo o tla boang, e bile mongwe le mongwe wa bone ga a kitla a rua botshelo jwa gagwe ka tlolo ya gagwe.
14 “‘Ba leditse terompeta+ e bile mongwe le mongwe o ntse a ipaakantse, mme ga go na ope yo o yang kwa tlhabanong, ka gonne bogale jwa me bo kgatlhanong le boidiidi+ jotlhe jwa gagwe.
15 Tšhaka+ e kwa ntle, mme bolwetse jwa leroborobo le leuba di mo teng.+ Le fa e le mang yo o mo tshimong, o tla swa ka tšhaka, mme le fa e le bomang ba ba mo motseng, leuba le bolwetse jwa leroborobo di tla ba kometsa.+
16 Mme bafalodi ba bone ruri ba tla falola+ ba bo ba nna mo dithabeng jaaka maeba a mekgatšha,+ botlhe ba lela ka khutsafalo, mongwe le mongwe mo tlolong ya gagwe.
17 Fa e le diatla tsotlhe, di nna di repa;+ mme fa e le mangole otlhe, a nna a rotha metsi.+
18 Mme ba ikgatlhile ka letsela la kgetsi,+ e bile ba bipilwe ke go roroma;+ mme mo difatlhegong tsotlhe go na le ditlhong+ le mo ditlhogong tsotlhe tsa bone go na le lefatla.+
19 “‘Ba tla latlhela selefera ya bone mo mebileng, mme gouta ya bone e tla nna selo se se ilegang. Le fa e le selefera ya bone kgotsa gouta ya bone ga e kitla e kgona go ba golola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa.+ Ga ba kitla ba kgotsofatsa meya ya bone, le mala a bone ga ba kitla ba a tlatsa, gonne e fetogile sekgopi se se bakang tlolo ya bone.+
20 Mme mokgabiso wa mokgabisa wa motho—motho o o dirile lebaka la go ikgogomosa; mme ditshwantsho tsa bone tse di makgapha,+ dilo tsa bone tse di ferosang sebete,+ ba di dirile ka one. Ke gone ka moo ke tla o dirang selo se se ilegang mo go bone.+
21 Mme ke tla o tsenya mo seatleng sa batswakwa go nna kgapo le go o naya baikepi ba lefatshe go nna thopo,+ mme ruri ba tla o itshepolola.
22 “‘Mme ke tla tshwanelwa ke go faposa sefatlhego sa me mo go bone,+ mme ba tla itshepolola lefelo la me le le fitlhegileng, mme dinokwane di tla tsena mo go lone di le itshepolole.+
23 “‘Dira keetane,+ gonne lefatshe le tletse katlholo e e tshasegetsweng ke madi+ le motse o tletse thubakanyo.+
24 Mme ke tla tlisa ba ba bosula go gaisa botlhe ba ditšhaba,+ mme ruri ba tla rua matlo a bone,+ mme ke tla khutlisa+ go ikgogomosa ga ba ba nonofileng, le mafelo a bone a a boitshepo a tla itshepololwa.+
25 Go tla tla tlalelo e e mahehe, mme ruri ba tla senka kagiso mme e tla bo e seyo.+
26 Go tla tla pitlagano mo godimo ga pitlagano,+ e bile go tla nna le pego mo godimo ga pego, mme batho ruri ba tla batla ponatshegelo+ mo moporofeting, mme molao o tla nyelela mo moperesiting le kgakololo mo banneng ba bagolwane.+
27 Kgosi e tla hutsafala;+ le kgosana e tla ikapesa ka kgakgabalo,+ mme diatla tsa batho ba lefatshe di tla fuduega. Ke tla ba tseela kgato kafa tseleng ya bone,+ mme ke tla ba atlhola ka dikatlholo tsa bone;+ mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.’”+