Esekiele 44:1-31

44  Mme a mpusa ka tsela ya kgoro ya lefelo le le boitshepo, e e kafa ntle e e lebileng kwa botlhaba,+ mme e ne e tswetswe.+  Foo Jehofa a nthaya a re: “Fa e le kgoro eno, e tla nna e tswetswe. Ga e kitla e bulwa, mme ga go na motho ope fela yo tla tsenang ka yone; gonne Jehofa ka boene, Modimo wa Iseraele,+ o tsene ka yone, mme e tla nna e tswetswe.  Le fa go ntse jalo, kgosana+—e tla nna mo go yone jaaka kgosana, gore e je senkgwe fa pele ga ga Jehofa.+ E tla tsena ka tsela ya mathudi a kgoro, mme e tla tswa ka tsela ya one.”+  Jaanong a ntlisa ka tsela ya kgoro ya bokone fa pele ga Ntlo, gore ke lebe, mme bona! kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse mo ntlong ya ga Jehofa.+ Mme ka wa ka sefatlhego.+  Foo Jehofa a nthaya a re: “Morwa motho, tlhoma pelo+ ya gago mme o bone ka matlho a gago, o utlwe ka ditsebe tsa gago sotlhe se ke se buang le wena malebana le ditaolo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa le melao ya yone yotlhe, mme o tlhome pelo ya gago mo tseleng ya botseno ya Ntlo le mo dikgorong tsotlhe tsa go tswa tsa lefelo le le boitshepo.  Mme o reye Botsuolodi,+ ntlo ya Iseraele o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Go lekane ka lona ka ntlha ya dilo tsotlhe tsa lona tse di makgapha, lona ba ntlo ya Iseraele,+  fa lo tlisa batswakwa ba ba sa rupang mo pelong e bile ba sa rupa mo nameng,+ gore ba tle go nna mo lefelong la me le le boitshepo le go le itshepolola, yone ntlo ya me; fa lo isa senkgwe sa me,+ mafura+ le madi,+ ba ntse ba tlola kgolagano ya me ka ntlha ya dilo tsa lona tsotlhe tse di makgapha.+  Le gone ga lo a tlhokomela boikarabelo jwa dilo tsa me tse di boitshepo,+ le fa e le go itlhomela ba bangwe go nna batlhokomedi ba tiro ya me mo lefelong la me le le boitshepo.”’+  “‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Ga go na motswakwa ope, yo o sa rupang mo pelong le yo o sa rupang mo nameng, yo o ka tlang mo lefelong la me le le boitshepo, ke gore, motswakwa ope yo o mo gare ga bomorwa Iseraele.”’+ 10  “‘Fa e le Balefi ba ba neng ba katogela kgakala le nna+ fa Iseraele, yo o neng a katogela kgakala le nna, a ne a kgarakgatshega fa morago ga medingwana ya bone e e makgapha, le bone ba sikare tlolo ya bone.+ 11  Mme mo lefelong la me le le boitshepo ba nne badiredi mo maemong a bolebedi mo dikgorong tsa Ntlo le badiredi kwa Ntlong.+ Bone ba tla tlhabela batho tshupelo e e fisiwang e feletse le setlhabelo,+ mme ba tla ema fa pele ga bone gore ba ba direle.+ 12  Ka lebaka la gore ba ne ba nna ba ba direla fa pele ga medingwana ya bone e e makgapha+ mme ba nna sekgopi mo go ba ntlo ya Iseraele se se isang mo tlolong,+ ke gone ka moo ke ba tsholeleditseng seatla,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ba tla sikara tlolo ya bone. 13  Mme ga ba kitla ba nkatamela ba tla go ntirela jaaka moperesiti kgotsa ba atamela dilo dipe fela tsa me tse di boitshepo, go fitlha ka dilo tse di boitshepotshepo,+ mme ba sikare ditlhong tsa bone le dilo tsa bone tse di makgapha tse ba di dirileng.+ 14  Mme ruri ke tla ba dira batlhokomedi ba tiro ya mo Ntlong, malebana le tirelo yotlhe ya yone le malebana le sotlhe se se tshwanetseng sa dirwa mo go yone.’+ 15  “‘Mme fa e le baperesiti ba Balefi,+ bomorwa Sadoke,+ ba ba neng ba tlhokomela tiro ya mo lefelong la me le le boitshepo fa bomorwa Iseraele ba ne ba katogela kgakala le nna,+ bone ba tla nkatamela ba tla go ntirela, mme ba tla ema fa pele ga me+ gore ba ntlisetse mafura+ le madi,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 16  ‘Ke bone ba ba tla tsenang mo lefelong la me le le boitshepo,+ mme ba tla atamela tafole ya me ba tla go ntirela,+ mme ba tla tlhokomela tiro e ke e direlwang.+ 17  “‘Mme go tla diragala gore fa ba tsena mo dikgorong tsa lolwapa lo lo kwa teng, ba apare diaparo tsa leloba, mme go se ka ga nna le boboa bope mo go bone fa ba direla mo dikgorong tsa lolwapa lo lo kwa teng le mo teng.+ 18  Dirwalo tsa tlhogo tsa leloba di nne mo tlhogong ya bone,+ mme go nne le marokgwe a kafa teng a leloba mo dinōkeng+ tsa bone. Ba se ka ba ikgatlha ka sengwe se se fufudisang. 19  Mme fa ba ya kwa lolwapeng lo lo kafa ntle, le eleng kwa lolwapeng lo lo kafa ntle kwa bathong, ba apole diaparo tsa bone tse ba neng ba direla ba di apere,+ mme ba di beye mo diphaposing tse di boitshepo tsa bojelo+ ba apare diaparo tse dingwe, gore ba se ka ba itshepisa batho ka diaparo tsa bone.+ 20  Mme ba se ka ba beola tlhogo+ ya bone, le moriri wa tlhogo ya bone ba se ka ba o lesa wa nna moleele. Le fa go ka nna jang ba kgaole moriri wa ditlhogo+ tsa bone. 21  Mme go se ka ga nna le baperesiti bape ba ba nwang beine fa ba tsena mo lolwapeng lo lo kwa teng.+ 22  Mme ba se ka ba itseela motlholagadi ope kgotsa mosadi yo o tlhadilweng go nna basadi ba bone,+ mme ba ka tsaya makgarebane a bana ba ntlo ya Iseraele+ kgotsa motlholagadi yo e leng motlholagadi wa moperesiti.’ 23  “‘Mme ba rute batho ba me pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le selo se se seng boitshepo; ba dire gore ba itse pharologanyo fa gare ga se se seng phepa le se se phepa.+ 24  Mme ba eme mo kgetsing ya molao gore ba atlhole;+ ba e atlhole ka ditshwetso tsa me tsa boatlhodi.+ Mme ba boloke melao ya me le ditaelo tsa me ka ga dipaka tsa me tsotlhe tsa meletlo,+ mme ba itshepise bosabata ba me.+ 25  Mme a se ka a tsena kwa mothong yo o suleng wa batho mme a leswafala, mme ba ka iteswafatsa ka ntlha ya rre kgotsa mmè kgotsa morwa kgotsa morwadi kgotsa morwarraabone kgotsa morwadiarraabone yo e seng wa monna ope.+ 26  Mme morago ga go itshekisiwa ga gagwe, ba mmalele malatsi a le supa.+ 27  Mme mo letsatsing la go tsena ga gagwe mo lefelong le le boitshepo, mo lolwapeng lo lo kwa teng, a tla go direla mo lefelong le le boitshepo, a ise tshupelo ya gagwe ya boleo,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 28  “‘Mme e tla nna boswa jwa bone: Ke nna boswa jwa bone.+ Mme lo se ka lwa ba naya sepe gore ba se rue mo Iseraele: Ke nna thuo ya bone. 29  Tshupelo ya dijo tsa ditlhaka le tshupelo ya boleo le tshupelo ya molato—ke bone ba tla di jang.+ Mme sengwe le sengwe se se neetsweng mo Iseraele—e tla nna sa bone.+ 30  Mme sa ntlha sa maungo otlhe a mabutswapele a sengwe le sengwe le moneelo mongwe le mongwe wa sengwe le sengwe se se tswang mo meneelong ya lona yotlhe—e tla nna wa baperesiti;+ mme mabutswapele a dijo tsa gago tsa bupi jo bo seng boleta lo a neye moperesiti,+ gore go nne le tshegofatso mo ntlong ya gago.+ 31  Baperesiti ba se ka ba ja+ setoto sepe se se setseng se sule le fa e le sebopiwa sepe se se gagogantsweng sa dibopiwa tse di fofang kgotsa sa dibatana.’

Dintlha Tse di Kwa Tlase