Esekiele 38:1-23
38 Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela go tla mo go nna, le re:
2 “Morwa motho,+ lebisa sefatlhego sa gago kgatlhanong le Gogo wa lefatshe la Magogo,+ kgosana e kgolo ya Mesheke+ le Tubale,+ mme o porofete kgatlhanong le ene.
3 Mme o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Bona, ke kgatlhanong le wena, wena Gogo, wena kgosana e kgolo ya Mesheke le Tubale.
4 Ruri ke tla go retolola ke bo ke tsenya dikgoge mo ditlhaeng+ tsa gago mme ke bo ke go tlisa ka mophato wa gago otlhe wa sesole,+ dipitse le bapalami ba dipitse, botlhe ba apere ka mokgwa o o tshwanetseng,+ phuthego e kgolo, ka thebe e kgolo le thejana, botlhe ba tshotse ditšhaka;+
5 Peresia,+ Ethiopia+ le Pute+ ba na le bone, botlhe ba na le thejana le tlhoro ya phemelo;
6 Gomere+ le mephato yotlhe ya yone, ntlo ya ga Togarema,+ ya dikarolo tse di kwa kgakala thata tsa bokone, le mephato yotlhe ya yone, ditšhaba di le dintsi di na le wena.+
7 “‘“Iketleetse, mme o ipaakanye, wena le phuthego yotlhe ya gago,+ ba ba phuthegileng fa thoko ga gago, mme o nne modisa wa bone.
8 “‘“O tla elwa tlhoko morago ga malatsi a le mantsi. Go ela kwa bofelong jwa dingwaga o tla tla mo lefatsheng+ la batho ba ba busitsweng mo tšhakeng, ba phuthilwe mmogo go tswa mo ditšhabeng di le dintsi,+ ba phuthetswe mo dithabeng tsa Iseraele, tse ka metlha e ntseng e le lefelo le le swafetseng; lefatshe le le ntshitsweng mo ditšhabeng, kwa ba neng ba nna gone ka polokesego, botlhe fela.+
9 Mme o tla tshwanelwa ke go tlhatloga. O tla tsena jaaka matsubutsubu.+ O tla nna jaaka maru a a bipang lefatshe,+ wena le mephato yotlhe ya gago le ditšhaba di le dintsi di na le wena.”’
10 “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Mme go tla diragala mo letsatsing leo gore dilo di tla tla mo pelong ya gago,+ mme ruri o tla akanya leano le le utlwisang botlhoko;+
11 mme o tla re: “Ke tla tsogologela lefatshe la naga e e bulegileng ya selegae.+ Ke tla tsena mo go ba ba se nang matshwenyego, ba ba ntseng ka polokesego, botlhe ba ntse ba se na lobota,+ mme ga ba na le fa e le mophakalego le ditswalo.”
12 E tla bo e le gore ke bone thopo e kgolo+ le gore ke gape mo gogolo, gore ke busetse seatla sa gago mo mafelong a a swafetseng a a nniwang gape+ le mo bathong ba ba phuthilweng mmogo go tswa mo ditšhabeng,+ ba ba kokoanyang khumo le thoto,+ ba ba nnang fa gare+ ga lefatshe.
13 “‘Sheba+ le Dedane+ le bagwebi ba Tareshishe+ le ditawana tsotlhe tsa yone tse di seriri+—ba tla go raya ba re: “A o tsenela go tla go thopa mo gogolo? A o phuthile phuthego ya gago gore o tle go gapa mo gogolo, gore o tseye selefera le gouta, o tseye khumo le thoto, o thope mo gogolo?”’
14 “Ka jalo porofeta, wena morwa motho, mme o reye Gogo o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “A ga o kitla o go itse mo letsatsing leo la fa batho ba me Iseraele ba ntse ka polokesego?+
15 Mme ruri o tla tla o tswa kwa lefelong la gago, kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone,+ wena mmogo le ditšhaba di le dintsi, botlhe ba palame dipitse, phuthego e kgolo, tota le mophato o mogolo wa sesole.+
16 Mme ruri o tla tsogologela batho ba me Iseraele, jaaka maru a a bipang lefatshe.+ Go tla diragala go ela kwa bofelong jwa metlha, mme ruri ke tla dira gore o tsogologele lefatshe la me,+ ka boikaelelo jwa gore ditšhaba di nkitse fa ke iitshepisa mo go wena fa pele ga matlho a bone, wena Gogo.”’+
17 “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘A o+ ntse o ene yo ke neng ka bua kaga gagwe mo metlheng ya pele ka seatla sa batlhanka ba me baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba porofeta mo metlheng eo—mo dingwageng tseo—gore ke go tlise mo go bone?’+
18 “‘Mme go tla diragala mo letsatsing leo, mo letsatsing la fa Gogo a tla mo lefatsheng la Iseraele,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘gore tšararego ya me e tla tlhatloga e tsena mo nkong ya me.+
19 Mme ke tla bua+ mo tlhoafalong+ ya me, mo molelong wa tšhakgalo ya me. Eleruri mo letsatsing leo go tla nna le thoromo e kgolo mo lefatsheng la Iseraele.+
20 Mme ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le dibatana tsa naga le digagabi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le batho botlhe ba ba mo lefatsheng ruri ba tla roroma+ ka ntlha ya me, mme dithaba di tla digelwa fa fatshe+ le ditsela tse di tlhatlogang di tla wa, mme lobota longwe le longwe lo tla wela fa fatshe.’
21 “‘Mme ke tla mmiletsa tšhaka mo kgaolong ya me yotlhe e e dithaba,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.+ ‘Tšhaka ya mongwe le mongwe e tla tsogologela morwarraagwe.+
22 Mme ke tla tsena mo katlholong+ le ene, ka bolwetse jwa leroborobo+ le ka madi;+ mme ke tla nesetsa pula e kgolo ya morwalela le sefako,+ le molelo+ le sulefera mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo ditšhabeng tse dintsi tse di tla bong di na le ene.+
23 Mme ke tla ikgodisa ke bo ke iitshepisa+ ke dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.’+