Esekiele 2:1-10

2  Mme a nthaya a re: “Morwa motho,+ ema ka dinao gore ke tle ke bue le wena.”+  Mme moya wa simolola go tla mo go nna fela fa a bua le nna,+ mme kgabagare wa dira gore ke eme ka dinao gore ke utlwe Ene yo o buang le nna.+  Mme a tswelela a nthaya a re: “Morwa motho, ke go romela kwa go bomorwa Iseraele,+ kwa ditšhabeng tsa botsuolodi tse di ntsuologetseng.+ Bone le borraabonemogologolwane ba ntiretse tlolo go tla go fitlha mo go lone letsatsi leno.+  Le barwa ba ba sefatlhego se se se nang maitseo+ le ba ba pelo e thata+—ke go romela kwa go bone, mme o ba reye o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana.’  Mme fa e le bone, le fa ba utlwa+ kgotsa ba gana+—gonne ke ntlo ya botsuolodi+—ruri ba tla itse gore moporofeti o ne a le mo gare ga bone.+  “Mme wena, morwa motho, o se ka wa ba boifa;+ le gone o se ka wa boifa mafoko a bone, ka gonne go na le ba ba tlhogoethata+ le dilo tse di go tlhabang+ mme o nna mo gare ga diphepheng.+ O se ka wa boifa mafoko a bone,+ le gone o se ka wa welwa ke poifo+ ka ntlha ya difatlhego tsa bone, gonne ke ntlo ya botsuolodi.+  Mme o bue mafoko a me le bone, go sa kgathalesege gore a ba a utlwa kgotsa ba a gana, gonne ke batsuolodi.+  “Mme wena, morwa motho, utlwa se ke se buang le wena. O se ka wa tsuologa jaaka ntlo ya botsuolodi.+ Bula molomo o je se ke se go nayang.”+  Ka simolola go leba, mme bona! seatla se ne se ntsheditswe kwa go nna,+ mme bona! go ne go na le momeno wa buka+ mo go sone. 10  Mme ka iketlo a o menolola fa pele ga me, mme o ne o kwadilwe ka fa pele le ka fa morago;+ mme mo go one go ne go kwadilwe dipina tsa khutsafalo le selelo sa khutsafalo le go kuruetsa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase