Esekiele 14:1-23
14 Mme banna ba ba tswang kwa go ba bagolwane ba Iseraele ba tla fa go nna ba nna fa fatshe fa pele ga me.+
2 Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, le re:
3 “Morwa motho, fa e le batho bano, ba tlisitse medingwana ya bone e e makgapha mo pelong ya bone, e bile ba beile sekgopi se se bakang tlolo ya bone fa pele ga difatlhego tsa bone.+ A ke tla bodiwa ke bone ka gope?+
4 Ka jalo bua le bone mme o ba reye o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Motho ope fela wa ntlo ya Iseraele yo o tlisang medingwana ya gagwe e e makgapha+ mo pelong ya gagwe le yo o bayang sekgopi se se bakang tlolo ya gagwe fa pele ga sefatlhego sa gagwe a bo a tla mo moporofeting, nna Jehofa, ke tla itetla gore ke tle go mo araba mo kgannyeng eo go ya kafa bontsintsing jwa medingwana ya gagwe e e makgapha,+
5 ka boikaelelo jwa gore ke tshware ntlo ya Iseraele ka pelo ya bone,+ ka gonne ba ikgogile mo go nna ka medingwana ya bone e e makgapha—botlhe fela.”’+
6 “Ka jalo raya ntlo ya Iseraele o re, ‘Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: “Boang lo retologe lo tswe mo medingwaneng ya lona e e makgapha+ mme lo retolose difatlhego tsa lona lo di ntshe mo dilong tsa lona tsotlhe tse di makgapha;+
7 gonne motho ope fela yo o tswang mo ntlong ya Iseraele kgotsa mo baaging ba baeng ba ba agileng e le baeng mo Iseraele, yo o ikgogang mo go ntshaleng morago+ yo o tlisang medingwana ya gagwe e e makgapha mo pelong ya gagwe le yo o tlhomang sekgopi se se bakang tlolo ya gagwe fa pele ga sefatlhego sa gagwe a bo a tla kwa moporofeting a tla go ipoletsa ka ga me,+ nna, Jehofa, ke itetla gore ke tle go mo araba ka bonna.
8 Mme ke tla lebisa sefatlhego sa me kgatlhanong le motho yoo+ ke bo ke mmaya go nna sesupo+ le dipolelo tsa seane,+ mme ke tla mo kgaola mo bathong ba me;+ mme lo tla itse gore ke nna Jehofa.”’+
9 “‘Mme fa e le moporofeti, fa a ka tsiediwa a bo a bua lefoko, nna, Jehofa, ke tsieditse moporofeti yoo;+ mme ke tla otlolola seatla sa me kgatlhanong le ene ke bo ke mo nyeletsa mo bathong ba me Iseraele.+
10 Mme ba tla sikara tlolo ya bone.+ Tlolo ya yo o botsang e tla tshwana fela le tlolo ya moporofeti,+
11 gore ba ntlo ya Iseraele ba se ka ba tlhola ba timela mo go ntshaleng morago+ le gore ba se ka ba tlhola ba iteswafatsa ka ditlolo tsotlhe tsa bone. Ba tla nna batho ba me mme nna ke tla nna Modimo wa bone,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”+
12 Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela go tla mo go nna, le re:
13 “Morwa motho, fa e le ka lefatshe, fa le ka nteofela ka go dira ka go tlhoka boikanyegi,+ ke tla le otlololela seatla mme ke le robaganyetse dithobane tse dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka di lepeleditsweng+ mo go tsone go di dikologa, mme ke tla romela leuba+ mo go lone ke bo ke kgaola mo go lone motho wa mo lefatsheng le seruiwa.”+
14 “‘Mme fa banna bano ba bararo ba ka bo ba ne ba le mo gare ga lone, Noa,+ Daniele+ le Jobe,+ ka ntlha ya tshiamo+ ya bone ba ne ba tla golola moya wa bone,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”
15 “‘Kgotsa fa ke ne nka dira gore dibatana tsa naga tse di utlwisang botlhoko di ralale lefatshe+ mme di le amoge bana+ le bo le kgakgabala go se na ope yo o le ralalang ka ntlha ya dibatana tsa naga,+
16 fa banna bano ba bararo ba ne ba le mo gare ga lone, jaaka ke tshedile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ba ne ba se kitla ba golola barwa le fa e le barwadi; bone, bone fela, ke bone ba neng ba tla gololwa mme lefatshe le ne le tla nna kgakgabalo.’”+
17 “‘Kgotsa fa ke ne nka tlisa tšhaka mo lefatsheng leo,+ mme ka re: “A tšhaka e ralale lefatshe,” mme ke fedise motho wa mo lefatsheng mo go lone le seruiwa,+
18 le fa banna bano ba bararo ba ne ba le mo gare ga lone,+ jaaka ke tshedile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ba ne ba se kitla ba golola barwa le fa e le barwadi, mme bone, bone fela, ba ne ba tla gololwa.’”+
19 “‘Kgotsa fa ke ne nka romela bolwetse jwa leroborobo mo lefatsheng leo+ mme ka tshololela tšararego ya me mo go lone ka madi,+ gore ke fedise mo go lone motho wa mo lefatsheng le seruiwa,
20 le fa Noa,+ Daniele+ le Jobe+ ba ne ba le mo gare ga lone,+ jaaka ke tshedile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ba ne ba se kitla ba golola le fa e le morwa kgotsa morwadi; bone ka ntlha ya tshiamo ya bone ba ne ba tla golola moya wa bone.’”+
21 “Gonne Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Go tla nna jalo gape fa go tla bo go na le ditiro tsa me tse nnè tse di utlwisang botlhoko tsa katlholo+—tšhaka le leuba le sebatana se se utlwisang botlhoko sa naga le bolwetse jwa leroborobo+—tse ke tla di romelang mo Jerusalema gore ke fedise mo go ene motho wa mo lefatsheng le seruiwa.+
22 Mme bona! ruri go tla tlogelwa mo go yone setlhopha sa batho ba ba falotseng, ba ba tlisiwang.+ Barwa le barwadi, ke bano! Ba tswela kwa go lona, mme lo tla bona tsela ya bone le ditiro tsa bone.+ Mme ruri lo tla gomodiwa ka ntlha ya masetlapelo a ke tla bong ke a tlisitse mo Jerusalema, e leng sotlhe se ke tla bong ke se tlisitse mo go ene.’”
23 “‘Mme ruri ba tla lo gomotsa fa lo bona tsela ya bone le ditiro tsa bone; mme lo tla itse gore e ne e se kwantle ga lebaka gore ke bo ke dirile sotlhe se ke tshwanetseng go se mo dira,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”+