Ekesodo 9:1-35

9  Ka gone Jehofa a raya Moshe a re: “Tsena kwa go Faro mme o mmolelele+ o re, ‘Jehofa Modimo wa Bahebera o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba tle ba ntirele.  Mme fa o nna o gana go ba lesa ba tsamaya mme o sa ntse o ba tshwere,+  bona! seatla sa ga Jehofa+ se tla mo diruiweng+ tsa gago tse di kwa nageng. Go tla nna le bolwetse jo bogolo jwa leroborobo+ mo dipitseng, mo dieseleng, mo dikameleng, mo motlhapeng le mo letsomaneng.  Mme Jehofa o tla dira pharologanyo fa gare ga diruiwa tsa Iseraele le diruiwa tsa Egepeto, mme ga go na sepe sa dilo tsotlhe tse e leng tsa bomorwa Iseraele se se tla swang.”’”+  Mo godimo ga moo, Jehofa a tlhoma nako, a re: “Ka moso Jehofa o tla dira selo seno mo lefatsheng leno.”+  Ka jalo Jehofa a dira selo seno mo letsatsing le le latelang, mme diruiwa tsa mefuta yotlhe tsa Egepeto tsa simolola go swa;+ mme ga se ka ga swa le fa e le se le sengwe sa diruiwa tsa bomorwa Iseraele.  Foo Faro a roma, mme bona! go ne go sa swa le fa e le se le sengwe sa diruiwa tsa Iseraele. Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Faro ya tswelela go nna logwadi,+ mme a se ka a lesa batho ba tsamaya.  Morago ga moo Jehofa a raya Moshe le Arone a re: “Itseeleng mosidi mo bobesetsong+ o tletse ka diatla tsa lona tsoopedi, mme Moshe a o kubueletse kwa magodimong mo ponong ya ga Faro.  Mme o tla fetoga loupa mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, mme o tla fetoga ditlhagala tse di nang le marophi+ tse di tswang motho le phologolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.” 10  Ka jalo ba tsaya mosidi wa bobesetso mme ba ema fa pele ga ga Faro, mme Moshe a o kubueletsa kwa magodimong, mme wa fetoga ditlhagala tse di nang le marophi,+ tse di tswang motho le phologolo. 11  Mme baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba sa kgone go ema fa pele ga ga Moshe ka ntlha ya ditlhagala tseno, ka gonne ditlhagala di ne di dule baperesiti ba ba dirang maselamose le Baegepeto+ botlhe. 12  Mme Jehofa a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a boleletse Moshe.+ 13  Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Tsoga go sa le phakela mme o eme fa pele ga ga Faro,+ o mo reye o re, ‘Jehofa Modimo wa Bahebera o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba tle ba ntirele.+ 14  Gonne mo nakong eno ke romela dititeo tsa me tsotlhe kgatlhanong le pelo ya gago le mo batlhankeng ba gago le mo bathong ba gago, o tle o itse gore ga go na ope yo o tshwanang le nna mo lefatsheng lotlhe.+ 15  Gonne gone jaanong ke ka bo ke ntshitse seatla sa me gore ke go iteye wena le batho ba gago ka bolwetse jwa leroborobo gore o nyelediwe mo lefatsheng.+ 16  Mme tota, ke go tlogetse o ntse o le gone+ ka lebaka leno, gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.+ 17  A o sa ntse o itshwere ka mabela kgatlhanong le batho ba me ka go sa ba lese ba tsamaya?+ 18  Bona, ka moso mo e ka nnang ka nako eno, ke dira gore go ne sefako se segolo thata, se se sa tshwaneng le sepe se se kileng sa nna gone mo Egepeto go tloga ka letsatsi le e neng ya thaiwa ka lone go fitlha jaanong.+ 19  Mme jaanong roma, tlisa diruiwa tsotlhe tsa gago le sotlhe se e leng sa gago se se kwa nageng kafa tlase ga boitshubelo. Fa e le motho ope le phologolo e e tla fitlhelwang kwa nageng e sa tsenngwa mo ntlong, sefako se tla di wela, mme di tla swa.”’” 20  Mongwe le mongwe yo o neng a boifa lefoko la ga Jehofa mo batlhankeng ba ga Faro o ne a dira gore batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe di tshabele mo teng ga matlo,+ 21  mme le fa e le mang yo o neng a se ka a dira gore pelo ya gagwe e ele tlhoko lefoko la ga Jehofa o ne a tlogela batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe kwa nageng.+ 22  Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Otlololela seatla+ sa gago kwa magodimong, gore sefako+ se tle mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, mo mothong le mo phologolong le mo dimeleng tsotlhe tsa naga mo lefatsheng la Egepeto.” 23  Ka jalo Moshe a otlololela thobane ya gagwe kwa magodimong; mme Jehofa a tlisa ditumo tsa maru le sefako,+ molelo o ne o fologela mo lefatsheng, mme Jehofa a nna a nesa sefako mo lefatsheng la Egepeto. 24  Ka gone ga tla sefako, le molelo o tutuma fa gare ga sefako. Se ne se le segolo thata, mo e leng gore go ne go ise go nne le sepe se se tshwanang le sone mo lefatsheng lotlhe la Egepeto go tloga ka nako e e neng ya nna setšhaba+ ka yone. 25  Mme sefako sa itaya lefatshe lotlhe la Egepeto. Sefako sa itaya sengwe le sengwe se se neng se le mo tshimong, go simolola ka motho go fitlha ka phologolo, le dimela tsa mefuta yotlhe tsa naga; mme sa tšhwetlakanya ditlhare tsa mefuta yotlhe tsa naga.+ 26  Ke mo lefatsheng la Goshene fela, kwa bomorwa Iseraele ba neng ba le gone, go neng ga se ka ga nna le sefako+ gone. 27  La bofelo Faro a roma gore go bidiwe Moshe le Arone mme a ba raya a re: “Ke leofile mo nakong+ eno. Jehofa o tshiamo,+ mme nna le batho ba me re phoso. 28  Rapelang Jehofa gore ditumo tseno tsa maru tsa Modimo le sefako+ di ke di khutle. Foo ke tla iketleeletsa go lo lesa lo tsamaye, mme ga lo kitla lo tlhola lo nna.” 29  Ka jalo Moshe a mo raya a re: “Fela fa ke tswa mo motseng ke tla otlololela diatla tsa me kwa go Jehofa.+ Ditumo tsa maru di tla ema le sefako ga se kitla se tlhola se tswelela, gore o tle o itse gore lefatshe ke la ga Jehofa.+ 30  Fa e le wena le batlhanka ba gago, ke setse ke itse gore le eleng ka nako eo ga lo kitla lo bontsha go boifa Jehofa Modimo.”+ 31  Kafa go neng go ntse ka gone, leloba le barele di ne di iteilwe, ka gonne barele e ne e le mo seakong le leloba le ne le kukuntse+ dithunya. 32  Mme korong le mabele+ a a tlhabang di ne di sa itewa, ka gonne di ne di saletse kwa morago ka paka. 33  Jaanong Moshe a tswa mo motseng mo go Faro mme a otlololela diatla tsa gagwe kwa go Jehofa, mme ditumo tsa maru le sefako tsa simolola go ema mme pula ya se ka ya na mo lefatsheng.+ 34  E rile Faro a bona gore pula le sefako le ditumo tsa maru di ne di eme, a leofa gape a bo a dira pelo ya gagwe logwadi,+ ene mmogo le batlhanka ba gagwe. 35  Mme pelo ya ga Faro ya tswelela go thatafala, mme a se ka a lesa bomorwa Iseraele ba tsamaya, fela jaaka Jehofa a ne a boletse ka Moshe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase