Ekesodo 5:1-23
5 Mme morago ga moo Moshe le Arone ba tsena mme ba raya Faro+ ba re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba nketekele moletlo kwa nageng.’”+
2 Mme Faro a re: “Jehofa+ ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya?+ Ga ke itse Jehofa ka gope+ e bile, mo godimo ga moo, ga ke tle go lesa Iseraele a tsamaya.”+
3 Le fa go ntse jalo, ba tswelela ba re: “Modimo wa Bahebera o ikopantse le rona.+ Re batla go tsamaya, tsweetswee, loeto lwa malatsi a le mararo re ye kwa nageng mme re ntshetse Jehofa Modimo wa rona setlhabelo;+ go seng jalo a ka nna a re itaya ka bolwetse jwa leroborobo kgotsa ka tšhaka.”+
4 Foo kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ke ka ntlha yang, wena Moshe le Arone, lo dira gore batho ba tlogele ditiro tsa bone?+ Tsamayang lo ye go sikara mekgweleo+ ya lona!”
5 Mme Faro a tswelela a re: “Bonang! Batho ba lefatshe leno ba bantsi+ jaanong, mme lo dira gore ba tlogele go sikara mekgweleo.”+
6 Ka bonako mo letsatsing leo Faro a laela ba ba neng ba gatelela batho go dira, le badiredi+ ba bone, a re:
7 “Lo se ka lwa phutha lotlhaka lwa lo naya batho gore ba dire ditena+ jaaka pele. A bone ka bobone ba ye go iphuthela lotlhaka.
8 Mo godimo ga moo, selekanyo se se batlegang sa ditena tse ba neng ba di dira pele, lo tla tswelela lo se batla mo go bone. Lo se ka lwa ba fokoletsa ka gope, ka gonne ba iketlile.+ Ke gone ka moo ba goang, ba re, ‘Re batla go tsamaya, re batla go ntshetsa Modimo wa rona setlhabelo!’+
9 A tirelo e nne boima mo bathong bano mme a ba e dire, e bile a ba se ka ba tlhokomela mafoko a maaka.”+
10 Ka jalo ba ba neng ba gatelela batho go dira+ le badiredi ba bone ba tswa mme ba raya batho ba re: “Faro o buile jaana, ‘Ga ke tlhole ke lo naya lotlhaka.
11 Lona ka bolona tsamayang, itleleng lotlhaka gongwe le gongwe kwa lo ka lo bonang gone, ka gonne tirelo ya lona ga e kitla e fokodiwa le fa e le go le gonnye.’”+
12 Ka gone batho ba falalela mo lefatsheng lotlhe la Egepeto go phutha dirite gore ba dire lotlhaka.
13 Mme ba ba neng ba ba gatelela go dira ba nna ba ba emelela,+ ba re: “Fetsang ditiro tsa lona, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, letsatsi le letsatsi, fela jaaka fa go ne go na+ le lotlhaka.”
14 Moragonyana badiredi+ ba bomorwa Iseraele, ba bagobagobetsi ba ga Faro ba neng ba ba tlhomile gore ba ba okamele, ba itewa,+ bano ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo se kile lwa fetsa tiro ya lona e lo neng lo e laoletswe ya go dira ditena+ jaaka pele, maabane le gompieno?”+
15 Ka gone badiredi+ ba bomorwa Iseraele ba tsena mme ba simolola go lelela kwa go Faro, ba re: “Ke ka ntlha yang fa o dirisana le batlhanka ba gago ka tsela eno?
16 Batlhanka ba gago ga ba newe lotlhaka mme le fa go ntse jalo ba re raya ba re, ‘Dirang ditena!’ mme bona, batlhanka ba gago ba a itewa, le mororo batho ba gago e le bone ba leng molato.”+
17 Mme a re: “Lo iketlile, lo iketlile!+ Ke gone ka moo lo reng, ‘Re batla go tsamaya, re batla go ntshetsa Jehofa+ setlhabelo.’
18 Mme jaanong tsamayang lo ye go dira! Le mororo lo se kitla lo newa lotlhaka, le fa go ntse jalo lo tshwanetse go ntsha selekanyo se se beilweng sa ditena.”+
19 Foo badiredi ba bomorwa Iseraele ba ipona ba le mo seemong se se bosula ka mafoko a a reng:+ “Lo se ka lwa fokotsa le fa e le go le gonnye selekanyo+ sa ga ope sa ditena sa letsatsi le letsatsi mo diteneng tsa lona.”
20 Morago ga moo ba kopana le Moshe le Arone,+ ba ba neng ba eme moo gore ba ba kgatlhantshe fa ba tswa mo go Faro.
21 Ba akofa ba ba raya ba re: “E kete Jehofa a ka lo leba a bo a atlhola,+ e re ka lo dirile gore re nkge bosula+ fa pele ga ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe gore a tsenye tšhaka mo seatleng sa bone ba re bolaye.”+
22 Foo Moshe a retologela kwa go Jehofa+ a re: “Jehofa, ke ka ntlha yang fa o baketse batho bano bosula?+ Ke ka ntlha yang fa o nthomile?+
23 Gonne go tloga ka nako e ke neng ka tsena fa pele ga ga Faro ka yone gore ke bue mo leineng la gago,+ ene o diretse batho bano bosula,+ mme ga o a golola batho ba gago ka gope.”+