Ekesodo 17:1-16

17  Mme phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele ya tloga mo nageng ya Sine+ ka dikgato, tse ba neng ba di tsaya kafa taelong ya ga Jehofa,+ mme ba thibelela kwa Refidime.+ Mme go ne go se na metsi a batho ba ka a nwang.  Mme batho ba omana le Moshe ba re: + “Re neye metsi gore re nwe.” Mme Moshe a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo omana le nna? Ke ka ntlha yang fa lo nnela go leka Jehofa?”+  Mme batho ba nna ba nyorelwa metsi gone moo, mme batho ba nna ba ngongoregela Moshe ba re: “Ke ka ntlha yang fa o re ntshitse kwa Egepeto go tla go re bolaya le bomorwaarona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”+  La bofelo Moshe a goela kwa go Jehofa, a re: “Ke tla dirang ka setšhaba seno? Go ise go ye kae se tla nkgobotletsa!”+  Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Feta fa pele ga batho+ mme o tseye bangwe ba banna ba bagolwane ba Iseraele le thobane ya gago e o neng wa itaya Noka ya Nile+ ka yone. E tseye ka seatla mme o nne o tsamaye.  Bona! Ke eme fa pele ga gago fale fa lefikeng kwa Horeba. O iteye lefika, mme metsi a tla tswa mo go lone, mme batho ba a nwe.”+ Morago ga moo Moshe a dira jalo mo matlhong a banna ba bagolwane ba Iseraele.  Ka jalo a bitsa leina la lefelo leo Mase+ le Meriba,+ ka ntlha ya komano ya bomorwa Iseraele le ka ntlha ya go leka Jehofa+ ga bone, ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?”+  Mme Baamaleke+ ba tla go tlhabana le Iseraele kwa Refidime.+  Foo Moshe a raya Joshua+ a re: “Re tlhophele banna mme o tswe+ o tlhabane le Baamaleke. Ka moso ke ema mo godimo ga thota, thobane ya Modimo wa boammaaruri e le mo seatleng sa me.”+ 10  Foo Joshua a dira fela jaaka Moshe a ne a mmoleletse, gore a tle a tlhabane le Baamaleke; mme Moshe, Arone le Hure+ ba tlhatlogela kwa godimo ga thota. 11  Mme go ne go direga gore fela fa Moshe a tsholetsa seatla, Baiseraele ba bo ba nna maatla;+ mme fela fa a diga seatla, Baamaleke ba bo ba nna maatla. 12  Fa diatla tsa ga Moshe di ne di le boima, ba ne ba tsaya leje ba bo ba le baya kafa tlase ga gagwe, mme a nna mo go lone; mme Arone le Hure ba tshegetsa diatla tsa gagwe, mongwe kafa letlhakoreng leno yo mongwe kafa letlhakoreng lele, mo diatla tsa gagwe di neng tsa nna fela di sa tshikinyege go fitlha letsatsi le phirima. 13  Ka gone Joshua a fenya Amaleke le batho ba gagwe gotlhelele ka bogale jwa tšhaka. 14  Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Kwala seno gore e nne segopotso mo bukeng+ mme o se ise mo ditsebeng tsa ga Joshua o re, ‘Ke tla phimola kgakologelo ya Amaleke gotlhelele kafa tlase ga magodimo.’”+ 15  Mme Moshe a aga sebeso mme a se bitsa Jehofa-nisi, 16  a re: “Ka gonne seatla se kgatlhanong le setulo sa bogosi+ sa ga Jah,+ Jehofa o tla lwa le Amaleke go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase