Ekesodo 12:1-51
12 Jaanong Jehofa a raya Moshe le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re:
2 “Kgwedi eno e tla nna tshimologo ya dikgwedi mo go lona.+ E tla bo e le ya ntlha ya dikgwedi tsa ngwaga mo go lona.
3 Buang le phuthego yotlhe ya Iseraele, lo re, ‘Mo letsatsing la bolesome la kgwedi eno ba itseele mongwe le mongwe nku ya ntlo ya bagologolwane, ntlo nngwe le nngwe e nne le nku e le nngwe.+
4 Mme fa ba ntlo ba le babotlana thata go ka fetsa nku, foo ene le moagelani wa gagwe yo o bapileng le ene ba e tseele mo ntlong ya gagwe kafa palong ya meya; lo lekanyetse mongwe le mongwe go ya kafa a jang ka gone malebana le nku.
5 Nku ya lona+ e tshwanetse ya bo e itekanetse+ sentle, e le e tonanyana, e na le ngwaga o le mongwe. Lo ka nna lwa e tsaya mo diphelefung tse dipotlana kgotsa mo dipoding.
6 Mme lo nne lo e dibetse go fitlha mo letsatsing la bolesome le bonè la kgwedi eno,+ mme phuthego yotlhe ya kopano ya Iseraele e e tlhabe fa gare ga maitseboa a mabedi.+
7 Mme ba tseye mangwe a madi ba a gase mo mephakwaneng e mebedi le mo karolong e e fa godimo ya kgoro ya matlo a ba tla e jelang mo go one.+
8 “‘Mme ba je nama mo bosigong jono.+ Ba e je e besitswe ka molelo le dikuku tse di sa bedisiwang+ mmogo le merogo e e galakang.+
9 Lo se ka lwa ja epe ya yone e le tala kgotsa e bedisitswe, e apeilwe ka metsi, mme besang tlhogo ya yone mmogo le memo ya yone le mateng a yone mo molelong.
10 Mme lo se ka lwa sadisa sepe sa yone go fitlha mo mosong, mme sepe sa yone se se salang go fitlha mo mosong lo se fise ka molelo.+
11 Mme lo e je ka tsela eno, dinōka tsa lona di gatlhilwe,+ lo rwele bompaatšhane+ mo dinaong mme lo tshotse lore lwa lona ka seatla; lo e je ka potlako. Ke tlolaganyo ya ga Jehofa.+
12 Mme ke tla ralala lefatshe la Egepeto mo bosigong jono+ ke itaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka motho go fitlha ka phologolo;+ mme ke tla diragatsa katlholo+ mo medimong yotlhe ya Egepeto. Ke nna Jehofa.+
13 Mme madi a tla nna sesupo sa lona mo matlong a lo leng mo go one; ke tla bona madi mme ke bo ke feta mo godimo ga lona,+ mme sebetso ga se kitla se tla mo go lona e le tshenyo fa ke itaya lefatshe la Egepeto.
14 “‘Mme letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona, lo le keteke go nna moletlo wa ga Jehofa go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona. Lo le keteke e le molao ka bosakhutleng.
15 Lo je dikuku tse di sa bedisiwang malatsi a le supa.+ Ee, mo letsatsing la ntlha lo tlose sebediso mo matlong a lona, ka gonne ope fela yo o jang se se bedisitsweng, go simolola mo letsatsing la ntlha go fitlha ka la bosupa, moya oo o kgaolwe mo Iseraele.+
16 Mme mo letsatsing la ntlha lo tla nna le kopano e e boitshepo, le mo letsatsing la bosupa kopano e e boitshepo.+ Go se ka ga dirwa tiro epe mo malatsing ao.+ Se fela moya mongwe le mongwe o tlhokang go se ja, lo ka nna lwa direlwa seo se le sosi.+
17 “‘Mme lo boloke moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang,+ ka gonne mo go lone letsatsi leno ke tla ntsha masomosomo a lona mo lefatsheng la Egepeto. Mme lo boloke letsatsi leno go ya le dikokomana tsa lona e le molao ka bosakhutleng.
18 Mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bolesome le bonè la kgwedi, mo maitseboeng lo je dikuku tse di sa bedisiwang go fitlha mo letsatsing la bomasome a mabedi le bongwe la kgwedi mo maitseboeng.+
19 Go se ka ga fitlhelwa sebediso malatsi a le supa mo matlong a lona, ka gonne ope fela yo o lekang se se bedisitsweng, e ka ne e le moagi wa moeng kgotsa motho wa mo lefatsheng leo,+ moya oo o kgaolwe mo phuthegong ya Iseraele.+
20 Lo se ka lwa ja sepe se se bedisitsweng. Lo je dikuku tse di sa bedisiwang mo mannong otlhe a lona.’”
21 Moshe a bitsa banna botlhe ba bagolwane ba Iseraele+ ka bonako mme a ba raya a re: “Tswang lo ye go itseela dihutshane go ya ka malapa a lona, mme lo tlhabe phologolo e e bolaelwang tlolaganyo.+
22 Mme lo tseye ngata ya mosiama+ lo e ine mo mading a a mo mogotšwaneng lo bo lo kgatšha mangwe a madi a a mo mogotšwaneng mo karolong e e fa godimo ya kgoro le mo mephakwaneng e mebedi; mme ope wa lona a se ka a tswela kwa ntle ga kgoro ya ntlo ya gagwe go fitlha mo mosong.
23 Mme e tla re fa Jehofa a feta a raletse gore a leretse Baegepeto sebetso mme a bona madi mo karolong e e fa godimo ya kgoro le mo mephakwaneng e mebedi, ruri Jehofa o tla feta fa godimo ga kgoro, mme ga a kitla a letla gore tshenyo e tsene mo matlong a lona go lo leretse sebetso.+
24 “Mme lo boloke selo seno e le molao+ mo go lona le mo go bomorwaalona ka bosakhutleng.+
25 Mme go tla diragala gore fa lo tla mo lefatsheng le Jehofa a tla le lo nayang, fela jaaka a boletse, lo boloke tirelo eno.+
26 Mme go tla diragala gore fa bomorwaalona ba lo raya ba re, ‘Tirelo eno e kaya eng mo go lona?’+
27 lo re, ‘Ke setlhabelo sa tlolaganyo se se direlwang Jehofa,+ yo o neng a tlola matlo a bomorwa Iseraele kwa Egepeto fa a ne a leretse Baegepeto sebetso, mme o ne a golola matlo a rona.’”
Foo batho ba ikoba ba obama.+
28 Ka gone bomorwa Iseraele ba ya mme ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone.+ Ba dira fela jalo.
29 Mme ga diragala gore bosigogare Jehofa a iteye leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto,+ go simolola ka leitibolo la ga Faro yo o ntseng mo setulong sa gagwe sa bogosi go fitlha ka leitibolo la motshwarwa yo o neng a le mo lehuting la kgolegelo, le leitibolo lengwe le lengwe la phologolo.+
30 Foo Faro a tsoga go le bosigo, ene le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto ba bangwe botlhe; mme ga tsoga selelo se segolo mo Baegepetong,+ ka gonne go ne go se na ntlo epe e go neng go se na moswi mo go yone.
31 A akofa a bitsa+ Moshe le Arone bosigo mme a re: “Nanogang, tswang mo gare ga batho ba me, lona le bomorwa Iseraele ba bangwe, mme lo tsamaye lo ye go direla Jehofa, fela jaaka lo boletse.+
32 Tsayang matsomane a lona le metlhape ya lona, fela jaaka lo boletse,+ mme lo tsamaye. Gape, mo godimo ga moo lo ntshegofatse.”
33 Mme Baegepeto ba simolola go emelela batho gore ba tle ba ba lese ba tsamaye ka bonako+ ba tswe mo lefatsheng leo, “ka gonne,” ba ne ba rialo, “rotlhe go tshwana fela le fa re sule!”+
34 Ka gone batho ba tsaya tlhama ya bone ya bupi e ise e bedisiwe, ka megopo ya bone ya go dubela e phuthetswe ka diaparo tsa bone mo magetleng a bone.
35 Mme bomorwa Iseraele ba dira kafa lefokong la ga Moshe ka gore ba ne ba ya go kopa dilwana tsa selefera le dilwana tsa gouta le diaparo mo Baegepetong.+
36 Mme Jehofa a naya batho kamogelo mo matlhong a Baegepeto,+ mo e leng gore bano ba ne ba ba naya se ba neng ba se kopa;+ mme ba amoga Baegepeto.+
37 Bomorwa Iseraele ba tloga mo Ramesese+ ba ya Sukothe,+ e le banna ba ba nonofileng ba le dikete di le makgolo a le marataro ba ba tsamayang ka dinao, kwantle ga bana ba bannye.+
38 Mme batho ba bantsi ba ba kopakopaneng+ le bone ba tsamaya le bone, mmogo le matsomane le metlhape, loruo lo lontsi thata lwa diphologolo.
39 Ba simolola go besa tlhama ya bupi e ba neng ba tlile le yone go tswa Egepeto ba e dira dikuku tse di kgolokwe, dikuku tse di sa bedisiwang, ka gonne e ne e sa bedisiwa, gonne ba ne ba lelekilwe kwa Egepeto e bile ba sa kgona go diega, gape ba ne ba sa ipaakanyetsa mefago epe.+
40 Mme go nna ga bomorwa Iseraele, ba ba neng ba nna+ kwa Egepeto,+ go ne ga tsaya dingwaga di le makgolo a manè le masome a le mararo.+
41 Mme go ne ga diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga di le makgolo a manè le masome a le mararo, go ne ga ba ga diragala mo go lone letsatsi leno gore masomosomo otlhe a ga Jehofa a tswe mo lefatsheng la Egepeto.+
42 Ke bosigo jo bo tshwanetseng go bolokelwa Jehofa ka ntlha ya go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto. Bosigo jono ke jo bomorwa Iseraele botlhe ba tshwanetseng go bo bolokela Jehofa go ya le dikokomana tsa bone.+
43 Mme Jehofa a tswelela a raya Moshe le Arone a re: “Ono ke molao wa tlolaganyo:+ Ga go na motswakwa ope yo o tla e jang.+
44 Mme kwa go nang le motlhanka ope gone yo o rekilweng ka madi, lo mo rupise.+ Morago ga moo a ka nna a simolola go nna le seabe mo go e jeng.
45 Mothibeledi le modiri yo o thapilweng ba se ka ba e ja.
46 E tshwanetse go jelwa mo ntlong e le nngwe. Lo se ka lwa ntshetsa nama epe kwa ntle ga ntlo lo e isa kwa lefelong lengwe kwa ntle. E bile lo se ka lwa roba lerapo lepe mo go yone.+
47 Phuthego yotlhe ya Iseraele e tshwanetse go e keteka.+
48 Mme fa go direga gore moagi wa moeng a age le wena e le moeng mme e le gore o tla keteka tlolaganyo ya ga Jehofa, a motho mongwe le mongwe wa gagwe wa monna a rupisiwe.+ Morago ga moo a ka nna a simolola go atamela gore a e keteke; mme a nne jaaka motho wa mo lefatsheng leo. Mme ga go na monna ope yo o sa rupisiwang yo o ka e jang.
49 Go tla nna le molao o le mongwe fela mo mothong wa mo lefatsheng leo le mo moaging wa moeng yo o agileng e le moeng mo gare ga lona.”+
50 Ka jalo bomorwa Iseraele botlhe ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone. Ba dira fela jalo.+
51 Mme ga diragala mo go lone letsatsi leno gore Jehofa a ntshe bomorwa Iseraele mmogo le masomosomo+ a bone mo lefatsheng la Egepeto.