Duteronome 8:1-20
8 “Lo nne kelotlhoko go boloka+ taelo nngwe le nngwe e ke e lo laolelang gompieno, gore lo tswelele lo tshela+ lo bo lo ntsifale mme lo tsene lo rue lefatshe le Jehofa a neng a ikanela borraalonamogologolwane+ ka lone.
2 O gakologelwe tsela yotlhe e Jehofa Modimo wa gago a neng a dira gore o tsamaye mo go yone dingwaga tseno tse di masome a manè mo nageng,+ gore a go kokobetse,+ a go leke+ gore a itse se se neng se le mo pelong ya gago,+ gore a o ne o tla boloka ditaelo tsa gagwe kgotsa nnyaa.
3 Ka jalo o ne a go kokobetsa a ba a dira gore o tshwarwe ke tlala+ mme a go fepa ka mana,+ a o neng o sa a itse le fa e le borrago ba neng ba sa a itse; go dira gore o itse gore motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela+ ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.
4 Seaparo sa gago ga se a ka sa onalela mo go wena, le fa e le lonao lwa gago ga lo a ka lwa ruruga dingwaga tseno tse di masome a manè.+
5 E bile o itse sentle ka pelo ya gago gore fela jaaka motho a otlhaya morwawe, Jehofa Modimo wa gago o ne a go otlhaya.+
6 “Mme o boloke ditaelo tsa ga Jehofa Modimo wa gago ka go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe+ le ka go mmoifa.+
7 Gonne Jehofa Modimo wa gago o go tsenya mo lefatsheng le le molemo,+ lefatshe la mekgatšha e e phothoselang ya metsi, metswedi le madiba a a boteng a metsi a a tswang mo lebaleng la mokgatšha le mo kgaolong e e dithaba,+
8 lefatshe la korong le barele le mefine le difeige le digaranata,+ lefatshe la metlhware ya leokwane le tswina ya dinotshe,+
9 lefatshe le mo go lone o se kitlang o ja senkgwe ka go se tlhaela, le o se kitlang o tlhaelwa ke sepe mo go lone, lefatshe le maje a lone e leng tshipi le o tla epang kgotlho mo dithabeng tsa lone.
10 “Fa o jele o kgotshe,+ gape o bake+ Jehofa Modimo wa gago ka ntlha ya lefatshe le le molemo le a le go neileng.+
11 Itise gore o se ka wa lebala+ Jehofa Modimo wa gago gore o se ka wa boloka ditaelo tsa gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le melao ya gagwe e ke e go laolelang gompieno;+
12 e se re kgotsa wa ja wa ikgotsofatsa, wa aga matlo a mantle mme wa nna mo go one,+
13 mme motlhape wa gago le letsomane la gago la oketsega, le selefera le gouta ya go ntsifalela, le sotlhe se e leng sa gago sa ntsifala;
14 mme pelo ya gago ya tsholetsega+ mme ruri wa lebala Jehofa Modimo wa gago, yo o neng a go ntsha kwa lefatsheng la Egepeto, kwa ntlong ya makgoba;+
15 yo o neng a dira gore o ralale naga e kgolo e e boitshegang,+ e e nang le dinoga tse di nang le botlhole+ le diphepheng le e e nang le mmu o o omeletseng o o se nang metsi; yo o neng a go ntshetsa metsi mo lefikeng le le legweka;+
16 yo o neng a go fepa ka mana+ mo nageng, a borrago ba neng ba sa a itse, gore a go kokobetse+ le gore a go leke gore a tle a go direle molemo mo malatsing a gago a morago;+
17 mme o bua mo pelong ya gago o re, ‘Maatla a me le thata e e tletseng ya seatla sa me e ntiretse khumo eno.’+
18 Mme o gakologelwe Jehofa Modimo wa gago, ka gonne ke ene a go nayang maatla gore o dire khumo;+ gore o diragatse kgolagano ya gagwe e a neng a e ikanela borragomogologolwane, jaaka mo letsatsing leno.+
19 “Mme go tla diragala gore fa o ka lebala Jehofa Modimo wa gago ka tsela epe mme wa sala medimo e mengwe morago o e direla e bile o e ikobela, ke naya bosupi kgatlhanong le lona gompieno gore lo tla nyelela gotlhelele.+
20 Lo tla nyelela ka tsela e ditšhaba tse Jehofa a di senyang a di tlosa fa pele ga lona di nyelelang ka yone, ka gonne lo sa utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.+