Duteronome 26:1-19

26  “Mme go tla diragala gore fa la bofelo o tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang go nna boswa, mme o le ruile e bile o nna mo go lone,+  o tseye mangwe a mabutswapele+ a maungo otlhe a lefatshe, a o tla a tlisang go tswa kwa lefatsheng la gago le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang, o a tsenye mo serotong o bo o ya kwa lefelong le Jehofa Modimo wa gago a tla le tlhophang gore leina la gagwe le nne kwa go lone.+  Mme o tle mo go yo o tla bong a dira e le moperesiti+ mo metlheng eo mme o mo reye o re, ‘Ke tshwanetse gore ke bege mo go Jehofa Modimo wa gago gompieno gore ke gorogile mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraaronamogologolwane gore o tla le re naya.’+  “Mme moperesiti a tseye seroto mo seatleng sa gago a se beye fa pele ga sebeso sa ga Jehofa Modimo wa gago.  Mme o bue jaana fa pele ga ga Jehofa Modimo wa gago, ‘Rre e ne e le Mosiria+ yo o nyelelang; mme o ne a fologela kwa Egepeto+ mme a nna gone e le moagi wa moeng a na le palo e potlana thata;+ o ne a nna setšhaba se segolo koo, se se thata le se se nang le batho ba bantsi.+  Mme Baegepeto ba ne ba re tshwara bosula ba bo ba re bogisa e bile ba re baya bokgoba jo bo boima.+  Mme re ne ra simolola go lelela kwa go Jehofa Modimo wa borraaronamogologolwane,+ mme Jehofa a utlwa lentswe+ la rona le go leba pogisego ya rona le matshwenyego a rona le go gatelelwa+ ga rona.  La bofelo Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka seatla se se nonofileng+ le lebogo le le otlolotsweng+ le ka poitshego e kgolo+ le ka ditshupo le dikgakgamatso.+  Foo a re tlisa mo lefelong leno mme a re naya lefatshe leno, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.+ 10  Mme bona, ke tlisitse mabutswapele a maungo a lefatshe le Jehofa a le nneileng.’+ “O a beye fa pele ga ga Jehofa Modimo wa gago o bo o ikoba fa pele ga ga Jehofa Modimo+ wa gago. 11  Mme o ipelele+ molemo otlhe o Jehofa Modimo wa gago a o go neileng wena le ba ntlo ya gago, wena le Molefi le moagi wa moeng yo o mo gare ga gago.+ 12  “Fa o fetsa go ntsha sa bosome+ sotlhe sa maungo a gago mo ngwageng wa boraro,+ ngwaga wa ditsabosome, o se neye Molefi, moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi, mme ba se jele mo teng ga dikgoro tsa gago ba ikgotsofatse.+ 13  Mme o bue jaana fa pele ga ga Jehofa Modimo wa gago, ‘Ke tlositse se se boitshepo mo ntlong mme ke se neile Molefi le moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi,+ tumalanong le taelo yotlhe ya gago e o e ntaoletseng. Ga ke a tlola ditaelo tsa gago, le fa e le go lebala.+ 14  Ga ke a e ja mo nakong ya go hutsafala ga me, le fa e le go tlosa epe ya yone fa ke ne ke sa itsheka, le fa e le go e ntshetsa ope yo o suleng. Ke reeditse lentswe la ga Jehofa Modimo wa me. Ke dirile tumalanong le sotlhe se o se ntaoletseng. 15  A ko o lebe kwa tlase go tswa kwa bonnong jwa gago jo bo boitshepo,+ e leng magodimo, mme o segofatse batho ba gago ba Iseraele+ le lefatshe le o le re neileng, fela jaaka o ne wa ikanela borraaronamogologolwane,+ lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.’+ 16  “Mo letsatsing leno Jehofa Modimo wa gago o go laela gore o diragatse melao eno le ditshwetso tsa boatlhodi;+ mme o e boloke o bo o e diragatse ka pelo yotlhe+ ya gago le moya otlhe wa gago.+ 17  O tlhotlheleditse Jehofa gore gompieno a bolele gore o tla nna Modimo wa gago fa o tsamaya mo ditseleng tsa gagwe e bile o boloka melao ya gagwe+ le ditaelo tsa gagwe+ le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi+ le go reetsa lentswe la gagwe.+ 18  Fa e le Jehofa ene, o go tlhotlheleditse gore gompieno o bolele gore o tla nna setšhaba sa gagwe, thuo e e kgethegileng,+ fela jaaka a go solofeditse,+ le gore o tla boloka ditaelo tsotlhe tsa gagwe, 19  le gore o tla go baya kwa godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe tse a di dirileng,+ mo go tla felelang ka pako le botumo le bontle, fa o ntse o itshupa o le setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo+ wa gago, fela jaaka a solofeditse.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase