Duteronome 2:1-37

2  “Foo re ne ra retologa ra bololela kwa nageng ka tsela ya Lewatle le Lehibidu, fela jaaka Jehofa a ne a buile le nna;+ mme re ne ra fetsa malatsi a le mantsi re potologa Thaba ya Seire.  La bofelo Jehofa a nthaya a re,  ‘Lo potologile thaba eno ka lobaka lo lo lekaneng.+ Tsayang tsela e sele lo ye bokone.  Mme laela batho o re: “Lo feta fa molelwaneng wa bomorwarraalona,+ bomorwa Esau,+ ba ba nnang mo Seire;+ mme ba tla boifa ka ntlha ya lona,+ mme lo nne kelotlhoko thata.  Lo se ka lwa gogagogana le bone, ka gonne ga nkitla ke lo naya lefatshe la bone le fa e le boatlhamo jwa pato ya lonao; ka gonne ke neile Esau Thaba ya Seire go nna thuo.+  Dijo le fa e ka nna dife tse lo tla di rekang mo go bone ka madi, lo di je; le metsi le fa e ka nna afe a lo tla a rekang mo go bone ka madi, lo a nwe.+  Gonne Jehofa Modimo wa gago o go segofaditse mo tirong nngwe le nngwe ya seatla sa gago.+ O itse sentle go tsamaya ga gago o raletse naga e kgolo eno. Jehofa Modimo wa gago o ntse a na le wena dingwaga tseno di le masome a manè.+ Ga o a tlhaela sepe.”’+  Ka jalo re ne ra feta ra tlogela bomorwarraarona, bomorwa Esau,+ ba ba nnang kwa Seire, re tlogela tsela ya Areba,+ go tswa kwa Elatha le go tswa kwa Esione-gebere.+ “Morago ga moo ra retologa ra fetela pele ka tsela ya naga ya Moabe.+  Foo Jehofa a nthaya a re, ‘O se ka wa tshwenya Moabe kgotsa wa lwa le ene, ka gonne ga nkitla ke go naya lefatshe lepe la gagwe go nna thuo, gonne ke neile bomorwa Lote+ Ara+ go nna thuo. 10  (Baemime+ ba ne ba nna mo go lone mo metlheng ya pele, setšhaba se segolo sa batho ba bantsi ba baleele jaaka Baanake.+ 11  Fa e le Barefaime+ bone, le bone ba ne ba tsewa jaaka Baanake,+ mme Bamoabe ba ne ba tle ba ba bitse Baemime. 12  Bahore+ ba ne ba nna mo Seire mo metlheng ya pele, mme bomorwa Esau+ ba ne ba ba gapela thuo le go ba nyeletsa fa pele ga bone ba bo ba nna mo boemong jwa bone,+ fela jaaka Iseraele a tshwanetse go dira ka lefatshe le e leng thuo ya gagwe, le ruri Jehofa a tla le mo nayang.) 13  Mo nakong eno nanogang lo kgabaganye mokgatšha o o phothoselang wa Serada.’ Ka jalo ra kgabaganya mokgatšha o o phothoselang wa Serada.+ 14  Mme malatsi a re a tsamaileng go tswa Kadeshe-barenea go fitlha re kgabaganya mokgatšha o o phothoselang wa Serada e ne e le dingwaga di le masome a mararo le borobedi, go fitlha kokomana yotlhe ya banna ba ntwa e fedile mo gare ga bothibelelo, fela jaaka Jehofa a ne a ba ikanetse.+ 15  Mme seatla+ sa ga Jehofa le sone sa itshupa se le mo go bone go ba tlhobaetsa se ba ntsha mo gare ga bothibelelo, go fitlha ba fela.+ 16  “Mme ga diragala gore fela fa banna botlhe ba ntwa ba sule ba fedile mo gare ga batho,+ 17  Jehofa a tswelela a bua le nna a re, 18  ‘O feta fa karolong ya naga ya Moabe gompieno, ke gore, Ara,+ 19  mme o atamele fa pele ga bomorwa Amona. O se ka wa ba tshwenya kgotsa wa lwa le bone, ka gonne ga nkitla ke go naya lefatshe lepe la bomorwa Amona go nna thuo, gonne ke le neile bomorwa Lote go nna thuo.+ 20  Gape le ne le tle le tsewe e le lefatshe la Barefaime.+ (Barefaime ba ne ba nna mo go lone mo metlheng ya pele, mme Baamona ba ne ba tle ba ba bitse Basamesumime. 21  E ne e le setšhaba se segolo sa batho ba bantsi ba baleele jaaka Baanake;+ mme Jehofa a ba nyeletsa+ fa pele ga bone, gore ba ba gapele thuo ba bo ba nne mo boemong jwa bone; 22  fela jaaka a ne a dira bomorwa Esau, ba ba nnang kwa Seire,+ fa a ne a nyeletsa Bahore+ fa pele ga bone, gore ba ba gapele thuo ba bo ba nna mo boemong jwa bone go fitlha mo letsatsing leno. 23  Fa e le Baafime, ba ba neng ba nna mo metsaneng go fitlha kwa Gasa,+ Bakafetorime,+ ba ba duleng kwa Kafetore,+ ba ne ba ba nyeletsa, gore ba nne mo boemong jwa bone.) 24  “‘Nanogang, bololang lo kgabaganye mokgatšha o o phothoselang wa Arenone.+ Bona, ke tsentse Sihone+ kgosi ya Heshebone, Moamore, mo seatleng sa gago. Ka jalo simolola go rua lefatshe la gagwe, mme o lwe le ene. 25  Mo letsatsing leno ke tla simolola go dira gore ditšhaba tse di kafa tlase ga magodimo otlhe tse di tla utlwang pego kaga gago di go tshabe di bo di go boife; mme di tla fuduega di bo di nna le ditlhabi tse di ntseng jaaka tsa pelegi ka ntlha ya gago.’+ 26  “Foo ke ne ka romela barongwa go tswa kwa nageng ya Kedemothe go ya kwa go Sihone+ kgosi ya Heshebone ka mafoko a kagiso,+ ke re, 27  ‘Mma ke ralale lefatshe la gago. Ke tla tsamaya mo tseleng fela. Ga nkitla ke fapogela kafa mojeng kgotsa kafa molemeng.+ 28  Dijo le fa e le dife tse o tla di nthekisetsang ka madi, ke tla di ja; le metsi le fa e le afe a o tla a nnayang ka madi, ke tla a nwa. Mma ke ralale fela ka dinao,+ 29  fela jaaka bomorwa Esau ba ba nnang kwa Seire+ le Bamoabe+ ba ba nnang kwa Ara ba ne ba ntira, go fitlha ke kgabaganya Joredane ke tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa rona+ a le re nayang.’ 30  Mme Sihone kgosi ya Heshebone o ne a se ka a re letla go mo ralala, ka gonne Jehofa Modimo wa gago o ne a letlile gore moya wa gagwe o thatafale+ le gore pelo ya gagwe e kgwaralale, gore a mo tsenye mo seatleng sa gago fela jaaka mo letsatsing leno.+ 31  “Foo Jehofa a nthaya a re, ‘Bona, ke simolotse go go tlogelela Sihone le lefatshe la gagwe. Simolola go rua lefatshe la gagwe.’+ 32  E rile Sihone a tswa, ene le batho botlhe ba gagwe, go tla go re kgatlhantsha mo tlhabanong kwa Jahase,+ 33  foo Jehofa Modimo wa rona a re mo tlogelela,+ mo re neng ra mo fenya+ mmogo le bomorwawe le batho botlhe ba gagwe. 34  Mme re ne ra gapa metse yotlhe ya gagwe ka nako eo le go senya motse mongwe le mongwe,+ banna le basadi le bana ba bannye. Ra se ka ra tlogela mofalodi ope. 35  Ke diruiwa fela tse re neng ra di itseela jaaka kgapo, mmogo le thopo ya metse e re neng re e thopile. 36  Go tswa kwa Aroere,+ o o fa lotshitshing lwa mokgatšha o o phothoselang wa Arenone, le motse o o mo mokgatšheng o o phothoselang, go fitlha kwa Gileade, go ne ga itshupa go se na motse ope o o neng o le kwa godimo thata mo go rona.+ Jehofa Modimo wa rona o ne a e re tlogelela yotlhe. 37  Ke lefatshe la bomorwa Amona+ fela le lo neng lwa se ka lwa le atamela, lotshitshi lotlhe lwa mokgatšha o o phothoselang wa Jaboke,+ le fa e le metse ya kgaolo e e dithaba, le fa e le sepe se Jehofa Modimo wa rona a neng a re laetse ka sone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase