Duteronome 13:1-18

13  “Fa go direga gore go tsoge moporofeti+ kgotsa molori+ wa toro mo gare ga gago a bo a go naya sesupo kgotsa kgakgamatso,+  mme sesupo kgotsa kgakgamatso eo e bo e diragala e a neng a e bua le wena,+ a re, ‘A re sale medimo e mengwe morago, e o sa e itseng, mme re e direle,’  o se ka wa reetsa mafoko a moporofeti yoo kgotsa molori wa toro+ eo, ka gonne Jehofa Modimo wa lona o a lo leka+ go itse gore a lo rata Jehofa Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe+ wa lona.  Lo sale Jehofa Modimo wa lona morago, lo boife ene, lo boloke ditaelo tsa gagwe, lo reetse lentswe la gagwe, lo mo direle, lo bo lo mo ngaparele.+  Mme moporofeti+ yoo kgotsa molori yoo wa toro a bolawe,+ ka gonne o buile ka go tlhanogela Jehofa Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto a ba a go golola mo ntlong ya makgoba, gore a go fapose mo tseleng e Jehofa Modimo wa gago a laetseng gore o tsamaye mo go yone;+ mme o tlose se se bosula mo gare ga gago.+  “Fa go direga gore morwarrago, morwa mmago, kgotsa morwao kgotsa morwadio kgotsa mosadi wa gago yo o mo ratang kgotsa molekane wa gago yo o ntseng jaaka moya wa gago,+ a leke go go gogela mo sephiring, a re, ‘A re tsamaye re ye go direla medimo e mengwe,’+ e o sa e itseng, wena le fa e le borragomogologolwane,  mengwe ya medimo ya ditšhaba tse di mo tikologong yotlhe ya lona, tse di gaufi le wena kgotsa tse di kgakala le wena, go tswa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya ntlheng e nngwe ya lefatshe,  o se ka wa dumalana le keletso ya gagwe kgotsa wa mo reetsa,+ le fa e le leitlho la gago le se ka la mo utlwela botlhoko, le fa e le go utlwa o tlhomoga pelo,+ kgotsa go mmipa ka go mo sireletsa;  mme ruri o mmolaye.+ E nne seatla sa gago pele se tlang mo go ene go mmolaya, mme morago ga moo seatla sa batho botlhe.+ 10  O mo kgobotletse ka maje, mme a swe,+ ka gonne o ne a batla go go faposa mo go Jehofa Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya makgoba.+ 11  Foo Iseraele yotlhe e tla utlwa e bo e boifa, mme ga ba kitla ba dira sepe se se tshwanang le se se bosula seno gape mo gare ga gago.+ 12  “Fa go direga gore o utlwe go bolelwa jaana mo go mongwe wa metse ya gago, e Jehofa Modimo wa gago a e go nayang gore o nne mo go yone, 13  ‘Banna ba ba se nang molemo wa sepe ba dule mo gare ga gago+ gore ba leke go faposa banni ba motse+ wa bone, ba re: “A re tsamayeng re yeng go direla medimo e mengwe,” e lo sa e itseng,’ 14  o batlisise gape o tlhotlhomise o bo o botse thata;+ mme fa selo seno se tlhomamisitswe se le boammaaruri, selo se se makgapha seno se dirilwe mo gare ga gago, 15  ruri o kgemethe banni ba motse oo ka bogale jwa tšhaka.+ O o senye,+ le sengwe le sengwe se se mo go one, le diruiwa tsa one, ka bogale jwa tšhaka. 16  Mme o phuthele thopo yotlhe ya one mo gare ga patlelo ya one, mme o fise motse le thopo yotlhe ya one ka molelo e le tshupelo e e feletseng e e yang kwa go Jehofa Modimo wa gago, mme e nne mokoa wa marope ka bosakhutleng.+ O se ka wa tlhola o agiwa sesha. 17  Mme go se ka ga nna le sepe gotlhelele se se ngaparelang seatla sa gago sa selo se se itshepisitsweng ka go thibelwa, gore Jehofa a tle a boe mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang mme a go neye kutlwelobotlhoko a ba a go bontshe kutlwelobotlhoko+ a ba a go ntsifatse, fela jaaka a ikanetse borragomogologolwane.+ 18  Gonne o tshwanetse go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka go boloka ditaelo+ tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang gompieno, gore o dire se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo+ wa gago.

Dintlha Tse di Kwa Tlase