Diane 5:1-23
5 Morwaaka, a ko o tlhwaele botlhale jwa me tsebe.+ O sekegele temogo ya me ditsebe,+
2 gore o tle o dise bokgoni jwa go akanya;+ mme e kete dipounama tsa gago di ka dibela kitso.+
3 Gonne dipounama tsa mosadi o sele di nna di rotha jaaka lomepe lwa tswina ya dinotshe,+ mme magalapa a gagwe a boleta go feta leokwane.+
4 Mme ditlamorago tse di tswang mo go ene di bogalaka go gaisa longana;+ di bogale jaaka tšhaka e e magalemabedi.+
5 Dinao tsa gagwe di fologela mo losong.+ Dikgato tsa gagwe di gogela kwa Sheole.+
6 Ga a akanyetse tselana ya botshelo kwa teng.+ Ga a itse gore ditselana tsa gagwe di kgarakgatshegetse kae.+
7 Jaanong, lona bomorwaaka, ntheetsang+ mme lo se ka lwa fapoga mafoko a molomo wa me.+
8 A tsela ya lona e nne kgakala le ene, mme lo se ka lwa atamela kgoro ya ntlo ya gagwe,+
9 gore lo se ka lwa naya ba bangwe seriti sa lona,+ le fa e le dingwaga tsa lona se se setlhogo;+
10 gore batswakwa ba se ka ba ikgotsofatsa ka maatla a lona,+ le fa e le gore dilo tse lo nnileng le tsone ka botlhoko di nne mo ntlong ya moeng,+
11 le fa e le gore lo fegelwa mo isagweng ya lona+ fa nama ya lona le mmele wa lona di khutla.+
12 Mme lo tla re: “A bo ke ile ka tlhoa kotlhao+ le pelo ya me e ile ya se ka ya tlotla kgalemelo jang ne!+
13 Mme ga ke a reetsa lentswe la batlhatlheledi ba me,+ e bile ga ke a sekegela barutisi ba me tsebe.+
14 Ke nnile mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula motlhofo fela+ mo gare ga phuthego le kopano.”+
15 Nwa metsi mo mogobeng wa gago, le a a elelang ka bosesane mo sedibeng sa gago.+
16 A metswedi ya gago e tshwanetse go gasamela kwa ntle ga dikgoro,+ melatswana ya gago ya metsi mo dipatlelong?
17 A e nne tsa gago o le esi, mme e seng tsa gago le batswakwa.+
18 A motswedi wa gago wa metsi o segofale,+ mme o ipele le mosadi wa bosha jwa gago,+
19 kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang.+ A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha.+ O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.+
20 Ka jalo ke ka ntlha yang, morwaaka, fa o tlhapelwa ke boitumelo le mosadi o sele kgotsa o tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?+
21 Gonne ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa,+ mme o akanyetsa ditselana tsotlhe tsa gagwe kwa teng.+
22 Ditlolo tsa gagwe di tla tshwara moikepi,+ mme o tla tshwarwa ke megala ya boleo jwa gagwe.+
23 O tla swa ka gonne go se na kotlhao,+ le ka gonne o timetswa ke bontsi jwa boeleele jwa gagwe.+