Diane 2:1-22

2  Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me+ mme wa boloka ditaelo tsa me mo go wena,+  gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe,+ gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong;+  mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo+ mme o ntshetsa temogo lentswe la gago,+  fa o nna o e senka jaaka selefera+ o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng,+  foo o tla tlhaloganya go boifa+ Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.+  Gonne Jehofa o naya botlhale;+ mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.+  Mme o tla bolokela ba ba thokgameng botlhale jo bo mosola;+ ke thebe ya ba ba tsamayang ka thokgamo,+  ka go boloka ditselana tsa katlholo,+ mme o tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang.+  Foo o tla tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.+ 10  Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago+ le kitso e nna monate mo moyeng wa gago,+ 11  bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse,+ temogo e tla go dibela,+ 12  go go golola mo tseleng e e bosula,+ mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng,+ 13  mo go ba ba tlogelang ditselana tsa thokgamo gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi,+ 14  mo go ba ba ipelelang go dira bosula,+ ba ba ipelelang dilo tse di sokameng tsa bosula;+ 15  ba ditselana tsa bone di kgopameng le ba ba nang le mokgwa wa go tsietsa;+ 16  go go golola mo mosading o sele, mo mosading wa seeng+ yo o rethefaditseng mafoko a gagwe,+ 17  yo o tlogelang tsala e a ntshanang seinong nayo ya bosha jwa gagwe+ le yo o lebetseng kgolagano ya Modimo wa gagwe.+ 18  Gonne ntlo ya gagwe e nwela kwa tlase mo losong mme ditselana tsa gagwe di nwela kwa tlase kwa go ba ba se nang maatla mo losong.+ 19  Ga go na bape ba ba robalang le ene ba ba tla boang, le fa e le go nna gape le ditselana tsa ba ba tshelang.+ 20  Boikaelelo ke gore o tsamaye mo tseleng ya batho ba ba molemo+ le gore o boloke ditselana tsa basiami.+ 21  Gonne bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng,+ mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.+ 22  Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng;+ mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase