Daniele 1:1-21

1  Mo ngwageng wa boraro wa bogosi jwa ga Jehoiakime+ kgosi ya Juda, Nebukadenesare kgosi ya Babelona a tla Jerusalema mme a e dikanyetsa.+  Fa nako e ntse e tsamaya Jehofa a tsenya Jehoiakime kgosi ya Juda+ mo seatleng sa gagwe le bontlhanngwe jwa dilwana+ tsa ntlo ya Modimo wa boammaaruri, mo a neng a di tlisa mo lefatsheng la Shinare+ kwa ntlong ya modimo wa gagwe; mme a tlisa dilwana kwa ntlong ya matlotlo ya modimo wa gagwe.+  Go tswa foo kgosi ya raya Ashepenase modiredi+ yo mogolo wa ntlo ya kgosi ya re a tlise bangwe ba bomorwa Iseraele le ba losika lwa segosi le ba batlotlegi,+  bana ba go neng go se na bogole+ bope mo go bone gotlhelele, mme ba le bantle ka ponalo e bile ba na le temogo mo botlhaleng+ jotlhe e bile ba tlwaelane le kitso, gape ba na le temogo ya se se itsiweng,+ ba gape ba neng ba na le bokgoni jwa go ema mo ntlong ya segosi ya kgosi;+ le gore a ba rute mokwalo le loleme lwa Bakaladia.  Go feta moo, kgosi e ne ya ba abela gore letsatsi le letsatsi ba je dijo tsa maemo+ tsa kgosi le beine e kgosi e e nwang, le go ba otla dingwaga di le tharo, gore fa di fela ba tle ba eme fa pele ga kgosi.  Jaanong ga diragala gore mo gare ga bone ga bo go na le bangwe ba bomorwa Juda, Daniele,+ Hanania, Mishaele le Asaria.+  Mme modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi a ba abela maina.+ Ka jalo a abela Daniele leina Beleteshasare;+ mme Hanania, Shaderake; Mishaele ene, Meshake; mme Asaria, Abedenego.+  Mme Daniele a ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a ikgotlela+ ka dijo tsa maemo tsa kgosi le ka beine e kgosi e e nwang. Mme o ne a nna a kopa modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi gore a se ka a ikgotlela.+  Ka jalo Modimo wa boammaaruri a dira gore Daniele a bone bopelonomi jwa lorato le kutlwelobotlhoko fa pele ga modiredi+ yo mogolo wa ntlo ya kgosi. 10  Ka jalo modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi a raya Daniele a re: “Ke boifa morena wa me kgosi, yo o lo abetseng dijo tsa lona le dino+ tsa lona. Ka jalo ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go bona difatlhego tsa lona di lebega di tlhontse fa di bapisiwa le bana ba ba nang le dingwaga tse di lekanang le tsa lona, le gone ke ka ntlha yang fa lo dira gore tlhogo ya me e nne molato mo kgosing?” 11  Mme Daniele a raya motlhokomedi yo modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi+ a neng a mo tlhomile go tlhokomela Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria a re: 12  “Tsweetswee, leka batlhanka ba gago malatsi a le lesome, mme mma ba re neye merogo+ gore re je le metsi gore re nwe; 13  mme mma difatlhego tsa rona le sefatlhego sa bana ba ba jang dijo tsa maemo tsa kgosi di tle fa pele ga gago, mme o dire ka mo o bonang ka teng ka batlhanka ba gago.” 14  La bofelo a ba reetsa malebana le kgang eno mme a ba leka malatsi a le lesome. 15  Kwa bokhutlong jwa malatsi a a lesome nama ya difatlhego tsa bone e ne e bonala e le botoka e bile e nonne go feta ya bana botlhe ba ba neng ba ja dijo tsa maemo tsa kgosi.+ 16  Ka jalo motlhokomedi a nna a tsaya dijo tsa bone tsa maemo le beine ya bone e ba e nwang mme a ba naya merogo.+ 17  Mme fa e le bana bano, ka bonè jwa bone, Modimo wa boammaaruri o ne a ba naya kitso le temogo mo mokwalong otlhe le botlhale;+ mme Daniele o ne a tlhaloganya mefuta yotlhe ya diponatshegelo le ditoro.+ 18  Mme kwa bokhutlong jwa malatsi a kgosi e neng e rile ba tlisiwe+ morago ga one, modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi a ba tlisa fa pele ga ga Nebukadenesare. 19  Mme kgosi ya simolola go bua le bone, mme mo go bone botlhe ga go a ka ga fitlhelwa ope yo o tshwanang le Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria;+ mme ba nna ba eme fa pele ga kgosi.+ 20  Mme fa e le ka kgang nngwe le nngwe ya botlhale le tlhaloganyo+ e kgosi e neng ya ba botsa ka yone, e ne ya ba fitlhela ba le botoka makgetlo a le lesome go feta baperesiti+ botlhe ba ba dirang maselamose le badiradikgakgamatso+ ba ba neng ba le mo pusong yotlhe ya gagwe ya segosi. 21  Mme Daniele a nna koo go fitlha ngwaga wa ntlha wa ga kgosi Kurose.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase