Baroma 16:1-27

16  Ke buelela Febe kgaitsadi wa rona mo go lona, yo e leng modiredi+ wa phuthego e e mo Kenkerea,+  gore lo mo amogele+ mo Moreneng ka tsela e e tshwanetseng baitshepi, le gore lo mo thuse mo kgannyeng epe e a ka lo tlhokang mo go yone,+ gonne le ene ka boene o supegile a le mofemedi wa ba le bantsi, ee, wa me ka bonna.  Ntumedisetsang Periseka le Akhwila+ badirimmogo + le nna mo go Keresete Jesu,  ba ba neng ba baya dithamo tsa bone mo kotsing ka ntlha ya moya wa me, ba e seng nna fela mme le diphuthego tsotlhe tsa ditšhaba di ba lebogang;+  mme dumedisang phuthego e e mo ntlong ya bone.+ Dumedisang moratwa wa me Epaeneto, yo e leng mabutswapele+ a Asia a ga Keresete.  Dumedisang Marea, yo o lo diretseng ditiro tsa bonatla di le dintsi.  Dumedisang Andoroniko le Juniase ba losika lwa me+ le batshwarwammogo le nna,+ ba e leng banna ba ba itsegeng mo gare ga baaposetoloi le ba ba nnileng seoposengwe+ le Keresete lobaka lo loleele go feta nna.  Ntumedisetsang Ampileato moratwa wa me mo Moreneng+.  Dumedisang Urebano modirimmogo le rona mo go Keresete, le moratwa wa me Setakise. 10  Dumedisang+ Apelese, yo o amogelwang mo go Keresete. Dumedisang ba e leng ba ntlo ya ga Arisotobulo. 11  Dumedisang Herodione wa losika lwa me.+ Dumedisang ba e leng ba ntlo ya ga Narekiso ba ba leng mo Moreneng.+ 12  Dumedisang Teraefina le Teraefosa, basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng. Dumedisang Peresise moratwa wa rona, gonne o ne a dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng. 13  Dumedisang Rufase yo o tlhophilweng mo Moreneng, le mmaagwe yo gape e leng mmè. 14  Dumedisang Asinkerito, Felegone, Heremese, Paterobase, Heremase, le bakaulengwe ba ba nang le bone. 15  Dumedisang Filologo le Julia, Nereo le kgaitsadie, le Olimpase, le baitshepi botlhe ba ba nang le bone.+ 16  Dumedisanang ka katlo e e boitshepo.+ Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa. 17  Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, gore lo beyeng leitlho ba ba bakang dikgaogano+ le dikgopiso kgatlhanong le thuto+ e lo e ithutileng, mme lo ba tile.+ 18  Gonne batho ba mofuta oo ke batlhanka, e seng ba Morena wa rona Keresete, mme ba dimpa tsa bone;+ mme ba faposa dipelo tsa ba ba sa lemogeng ka puo e e borethe+ le polelo ya go boka.+ 19  Gonne kutlo ya lona e lemogilwe ke botlhe.+ Jalo ke ipela ka lona. Mme ke batla gore lo nne botlhale+ malebana le se se molemo, mme lo nne ba ba se nang molato+ malebana le se se bosula.+ 20  Mme Modimo yo o nayang kagiso+ o tla tapeta Satane+ kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng. E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa rona Jesu bo ka nna le lona.+ 21  Timotheo modirimmogo le nna o a lo dumedisa, le Lukio le Jasone le Sosipatere ba losika lwa me+ ba dira jalo. 22  Nna, Teretio, yo ke kwadileng lekwalo leno, ke lo dumedisa mo Moreneng. 23  Gaio,+ moamogedi wa me le wa phuthego yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto molebedi wa motse+ o a lo dumedisa, le Kwareto morwarraagwe o dira jalo. 24  —— 25  Jaanong go yo+ o ka lo nitamisang tumalanong le dikgang tse di molemo tse ke di bolelang le go rera ka Jesu Keresete, go ya ka tshenolo ya sephiri se se boitshepo+ se se nnileng sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri 26  mme se jaanong se bonaditsweng+ e bile se itsisitswe ka dikwalo tsa boporofeti mo gare ga ditšhaba tsotlhe tumalanong le taelo ya Modimo yo o sa khutleng go tsweledisa kutlo ka tumelo;+ 27  go Modimo, yo a leng botlhale a le nosi,+ go nne kgalalelo+ ka Jesu Keresete+ ka bosaengkae. Amen.

Dintlha Tse di Kwa Tlase