Baatlhodi 5:1-31

5  Mme ka letsatsi leo Debora+ mmogo le Barake+ morwa Abinoame+ ba ponyega ka pina,+ ba re:   “Ka ntlha ya go lepeleletsa ntwa moriri mo Iseraele,Ka ntlha ya go ithaopa ga batho,+Bakang Jehofa.+   Reetsang, lona dikgosi;+ sekegang tsebe, lona badiredi ba bagolo:Nna, ee, nna, ke tla opelela Jehofa.Ke tla leletsa Jehofa pina+, Modimo wa Iseraele.+   Jehofa, fa o ne o tswa kwa Seire,+Fa o ne o gwanta o tswa mo nageng ya Edoma,+Lefatshe le ne la reketla,+ magodimo le one a ne a rotha,+Maru le one a ne a rotha metsi.   Dithaba di ne tsa elelela kgakala le sefatlhego sa ga Jehofa,+Sinai+ yono a ya kgakala le sefatlhego sa ga Jehofa,+ Modimo wa Iseraele.+   Mo malatsing a ga Shamegare+ morwa Anathe,Mo malatsing a ga Jaele,+ ditselana di ne di se na batsamai,Le batsamai ba ditsela ba ne ba tsamaya ka ditselana tse di potologang.+   Banni ba naga e e bulegileng ba ne ba kgaotsa, ba ne ba kgaotsa+ kwa Iseraele,Go fitlha nna, Debora,+ ke ema,Go fitlha ke ema jaaka mmè mo Iseraele.+   Ba ne ba tlhopha medimo e mesha.+Mme ga nna ntwa mo dikgorong.+Thebe e ne e sa bonwe, le fa e le lerumo,Mo gare ga dikete di le masome a manè mo Iseraele.+   Pelo ya me e na le balaodi ba Iseraele,+Ba e neng e le baithaopi mo gare ga batho.+Bakang Jehofa.+ 10  Lona bapalami ba diesele tse di namagadi tse di bohibidu jo bosetlhana,+Lona ba lo nnang mo diphateng tsa boleng jo bo kwa godimo,Le lona ba lo tsamayang mo tseleng,Akanyang!+ 11  Mangwe a mantswe a batho ba ba abang metsi mo mafelong a go gelelwang metsi+ mo go one,A ne a simolola go anela ditiro tse di siameng tsa ga Jehofa+ koo,Ditiro tse di siameng tsa banni ba gagwe mo nageng e e bulegileng mo Iseraele.Batho ba ga Jehofa ba ne ba fologela kwa dikgorong. 12  Tsoga, tsoga, tlhe Debora;+Tsoga, tsoga, opela pina!+Ema, Barake,+ o goge batshwarwa ba gago, we-na morwa Abinoame!+ 13  Mme bafalodi ba fologela kwa go ba ba tlotlometseng;Batho ba ga Jehofa ba ne ba fologela kwa go nna ba le kgatlhanong le ba ba thata. 14  Tshimologo ya bone e ne e le kwa go Eferaime kwa lebaleng le le kwa tlase,Ba na le wena mo gare ga ditšhaba tsa gago, wena Benjamine.Balaodi ba ne ba fologa ba tswa mo Makire,+Mme mo Sebulone ga tswa ba ba tsholang dilwana tsa mokwadi.+ 15  Mme dikgosana kwa Isakare+ di ne di na le Debora,Mme Barake+ o ne a ntse jaaka Isakare.O ne a romiwa kwa lebaleng le le kwa tlase a tsamaya ka dinao.+Mo gare ga makgamu a ga Rubene diphukutso tsa pelo+ di ne di le dikgolo. 16  O ne o nnelang fa fatshe fa gare ga dikgetsana tse pedi tsa disale,Go reetsa mmino wa lotlhaka o lelediwa matsomane?+Gonne mo makgamung a ga Rubene, diphukutso tsa pelo+ di ne di le dikgolo. 17  Gileade o ne a tswelela a nna mo boagong jwa gagwe kafa ntlheng e nngwe ya Joredane;Dana ene, ke ka ntlha yang fa a ne a tswelela a nna nako eo mo dikepeng?+Ashera o ne a nna a sa dire sepe mo losing lwa lewatle,Mme o ne a tswelela a nna mo magorogelong a gagwe a dikepe. 18  Sebulone e ne e le setšhaba se se neng se sotla meya ya sone go ya losong;+Nafetali+ le ene, kwa bogodimong jwa naga.+ 19  Dikgosi di ne tsa tla, tsa tlhabana;Mme dikgosi tsa Kanana di ne tsa tlhabana+Kwa Taanake+ fa metsing a Megido.Tsa se ka tsa tsaya+ poelo epe ya selefera. 20  Dinaledi di ne tsa tlhabana+ di le kwa legodimong,Di ne tsa tlhabana le Sisera di le mo medikologong ya tsone. 21  Molatswana o o phothoselang wa Kishone o ne wa di gogola,+Molatswana o o phothoselang wa malatsi a bogologolo tala, molatswana o o phothoselang wa Kishone.+Wena moya wa me, o ne wa tsamaya o gataka nonofo.+ 22  Ke gone ditlhakwana tsa dipitse di neng tsa tiba+Ka ntlha ya go betsabetsega ga dipheke tsa gagwe. 23  ‘Hutsang+ Merose,’ ga rialo moengele wa ga Jehofa,+‘Hutsang banni ba gone lo sa kgaotse,Gonne ga ba a tla go thusa Jehofa,Go thusa Jehofa ba na le ba ba thata.’ 24  Jaele+ mosadi wa ga Hebere wa Mokene+ o tla segofadiwa segolo mo basading,Mo basading ba ba mo mogopeng, ke ene a tla segofadiwang segolo.+ 25  A kopa metsi, ene a mo naya mashi;A mo isetsa mashi a a remisitsweng+ ka mogopo o mogolo wa meletlo wa ba ba tlotlometseng. 26  Go tswa foo a ntshetsa seatla sa gagwe kwa lomapong lwa mogope,Le seatla sa gagwe sa moja kwa notong ya ba ba dirang ka natla.+Mme a kokotela Sisera, a phunyeletsa tlhogo ya gagwe,+Mme a thubaganya a ba a kgaoganya ditlhakore tsa tlhogo ya gagwe. 27  A phutlhama fa gare ga dinao tsa gagwe, a wa, a namalala;A phutlhama fa gare ga dinao tsa gagwe, a wa;Fa a phutlhametseng gone, a wela gone a fentswe.+ 28  Mosadi mongwe a okomela ka fensetere a ba a nna a mo lebeletse,Mmaagwe Sisera a le fa marofaneng,+‘Ke ka ntlha yang fa kara ya gagwe ya ntwa e diegile go tla?+Ke ka ntlha yang fa go tiba ga ditlhako tsa dikara tsa gagwe go diega jaana?’+ 29  Ba ba botlhale ba bahumagadi+ ba gagwe ba ba tlotlegang ba ne ba mo araba,Ee, le ene o ne a ikaraba ka esi ka mafoko a gagwe, 30  ‘A ga ba a tshwanela go bona, a ga ba a tshwanela go aba thopo,+Sebopelo—dibopelo tse pedi di ye kwa monneng mongwe le mongwe yo o nonofileng,+Sisera a bone thopo ya matsela a a fetotsweng mmala, thopo ya matsela a a fetotsweng mmala,Seaparo se se kgabisitsweng, letsela le le fetotsweng mmala, diaparo tse pedi tse di kgabisitswengA di bonele dithamo tsa banna ba thopo?’ 31  A baba botlhe ba gago ba nyelele jalo,+ Jehofa,A ba ba go ratang+ ba nne jaaka fa letsatsi le tswa ka thata ya lone.”+Mme lefatshe la nna le se na matshwenyego a mangwe dingwaga di le masome a manè.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase