2 Samuele 14:1-33

14  Jaanong Joabe+ morwa Seruia+ a simolola go itse gore pelo ya kgosi e ne e le kwa go Abesalome.+  Ka gone Joabe a romela kwa Tekoa+ mme a tsaya mosadi yo o botlhale+ koo a mo raya a re: “Tsweetswee, hutsafala, mme o apare diaparo tsa go hutsafala, mme o se ka wa itshasa leokwane;+ mme o nne jaaka mosadi fano yo o ntseng a hutsafetse malatsi a le mantsi ka ntlha ya mongwe yo o suleng.+  Mme o tsene kwa kgosing o bue le yone lefoko le le tshwanang le leno.” Foo Joabe a mo tsenya mafoko mo molomong.+  Mme mosadi wa Motekoa a tsena kwa kgosing mme a wela fa fatshe+ ka sefatlhego mme a ikoba a re: “Boloka,+ tlhe kgosi!”  Foo kgosi ya mo raya ya re: “Mathata ke eng ka wena?” Foo a re: “Eleruri ke mosadi wa motlholagadi,+ e re ka jaanong monna wa me a sule.  Mme lelata la gago le ne le na le bana ba le babedi ba basimane, mme boobabedi ba simolola go lwa kwa nageng+ go se na mogolodi+ ope go ba kgaoganya. La bofelo yo mongwe a itaya yo mongwe a mo latlhela fa fatshe mme a mmolaya.  Mme bona, lelapa lotlhe le emeletse lelata la gago le ntse le re, ‘Lere moitei wa ga morwarraagwe, gore re tle re mmolaele moya wa ga morwarraagwe+ yo a mmolaileng,+ mme re nyeletse moruaboswa!’ Mme ruri ba tla tima bohibidu jwa magala a me a a setseng, gore ba se ka ba abela monna wa me leina le fa e le lesalela mo godimo ga lefatshe.”+  Foo kgosi ya raya mosadi ya re: “Ya kwa ntlong ya gago, mme nna ke tla ntsha taelo ka ga gago.”+  Foo mosadi wa Motekoa a raya kgosi a re: “Ao morena wa me kgosi, a molato o nne mo go nna, le mo ntlong ya ga rre,+ fa kgosi le setulo sa yone sa bogosi ba se na molato.” 10  Mme kgosi ya tswelela ya re: “Fa go na le mongwe yo o buang le wena, o mo tlise kwa go nna, mme ga a kitla a go utlwisa botlhoko gape.” 11  Mme a re: “Tsweetswee, a kgosi e gakologelwe Jehofa Modimo wa gago,+ gore mmusolosi wa madi+ a se ka a tswelela a senya gore ba se ka ba nyeletsa morwaake.” Foo a re: “Jaaka Jehofa a tshedile,+ le fa e le moriri o le mongwe fela+ wa ga morwao ga o kitla o wela fa fatshe.” 12  Jaanong mosadi a re: “Tsweetswee a lelata la gago+ le bue lefoko+ le morena wa me kgosi.” Ka jalo a re: “Bua!”+ 13  Mme mosadi a tswelela a re: “Ke ka ntlha yang he fa o akantse jaana+ kgatlhanong le batho ba Modimo?+ Jaaka kgosi e bua lefoko leno e tshwana le mongwe yo o molato,+ ka gonne kgosi ga e buse wa yone yo o lelekilweng.+ 14  Gonne ruri re tla swa+ mme re nne jaaka metsi a a tshololelwang mo lefatsheng, a a ka se kang a phuthiwa. Mme Modimo ga a ne a tlosa moya ope,+ e bile o akantse mabaka a go bo yo o lelekilweng a sa tshwanela go lelekiwa mo go ene. 15  Mme jaanong ka ke tsene go tla go bua lefoko leno le morena wa me kgosi, ke ka gonne batho ba ne ba dira gore ke boife. Ka jalo lelata la gago le ne la re, ‘Tsweetswee, mma ke bue le kgosi. Gongwe kgosi e tla tsaya kgato ka lefoko la lelata la yone. 16  Ka gonne kgosi e ne ya reetsa gore e golole lelata la yone mo seatleng sa monna yo o senkang go nnyeletsa le morwaake yo o esi go tswa mo bosweng jo bo neilweng ke Modimo,’+ 17  foo lelata la gago le ne la re, ‘Tsweetswee, a lefoko la morena wa me kgosi le direle go lere boikhutso.’ Gonne fela jaaka moengele+ wa Modimo wa boammaaruri a ntse morena wa me kgosi o ntse fela jalo, go farologanya se se molemo le se se bosula,+ mme a Jehofa Modimo wa gago a itshupe a na le wena.” 18  Jaanong kgosi ya araba mme ya raya mosadi ya re: “Tsweetswee, o se ka wa mphitlhela sepe se ke se go botsang.”+ Foo mosadi a re: “A morena wa me kgosi a bue, tsweetswee.” 19  Mme kgosi ya tswelela ya re: “A seatla sa ga Joabe+ se na le wena mo go sotlhe se?”+ Foo mosadi a araba a re: “Fela jaaka moya wa gago o tshedile,+ morena wa me kgosi, ga go na ope yo o ka yang kafa mojeng kgotsa kafa molemeng mo go sotlhe se morena wa me kgosi a se buileng; gonne motlhanka wa gago Joabe ke ene a neng a ntaela, e bile ke ene yo o neng a tsenya mafoko ano otlhe+ mo molomong wa lelata la gago. 20  Joabe motlhanka wa gago o dirile selo seno gore a fetole kgang, mme morena wa me o botlhale jaaka botlhale jwa moengele+ wa Modimo wa boammaaruri gore a itse sengwe le sengwe se se mo lefatsheng.” 21  Morago ga moo kgosi ya raya Joabe ya re: “Bona jaanong, ruri ke tla dira selo seno.+ Ka jalo tsamaya, o buse+ lekau Abesalome.” 22  Foo Joabe a wela fa fatshe ka sefatlhego a obama a baka kgosi; + mme Joabe a tswelela a re: “Gompieno motlhanka wa gago o a itse gore ke bone kamogelo mo matlhong a gago,+ wena morena wa me kgosi, ka gonne kgosi e tsere kgato ka lefoko la motlhanka wa yone.” 23  Foo Joabe a nanoga a ya kwa Geshure+ mme a tlisa Abesalome mo Jerusalema.+ 24  Le fa go ntse jalo, kgosi ya re: “A a fapogele kwa ntlong ya gagwe, mme ga a na go bona+ sefatlhego sa me.” Ka jalo Abesalome a fapogela kwa ntlong ya gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa kgosi. 25  Jaanong fa go bapisiwa le Abesalome go ne go se na monna ope yo montle+ jalo mo Iseraele yotlhe gore a ka bakwa thata jaana. Go tloga kwa patong ya lonao lwa gagwe go ya kwa phogong ya tlhogo ya gagwe o ne a se na bogole bope. 26  Mme fa a ne a beola tlhogo ya gagwe—go ne go diragala gore a e beole kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe; ka gonne e ne e mo imela thata,+ o ne a e beola—o ne a lekanya bokete jwa moriri wa tlhogo ya gagwe, dishekele di le makgolo a mabedi ka selekanyabokete sa segosi sa leje. 27  Mme Abesalome a tsholelwa bana ba basimane ba le bararo+ le ngwana wa mosetsana a le mongwe yo leina la gagwe e neng e le Tamare. O ne a itshupa e le mosadi yo montle thata ka ponalo.+ 28  Mme Abesalome a tswelela a nna kwa Jerusalema dingwaga di le pedi tse di tletseng, mme a se ka a bona+ sefatlhego sa kgosi. 29  Ka jalo Abesalome a roma gore Joabe a mo romele kwa kgosing, mme a se ka a dumela go tla kwa go ene. Foo a roma gape, la bobedi, mme a se ka a dumela go tla. 30  La bofelo a raya batlhanka ba gagwe a re: “Bonang sebata sa naga sa ga Joabe se se fa thoko ga sa me, mme bonang, o na le barele. Tsamayang lo ye go se tshuba ka molelo.”+ Ka jalo batlhanka ba ga Abesalome ba tshuba sebata sa naga ka molelo.+ 31  Foo Joabe a nanoga a tla kwa go Abesalome kwa ntlong mme a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba gago ba ne ba tshuba sebata sa me sa naga ka molelo?” 32  Ka jalo Abesalome a raya Joabe a re: “Bona! Ke ne ka roma kwa go wena, ka re, ‘Tla kwano o mme ke go rome kwa kgosing, ke re: “Ke tswetse eng kwa Geshure?+ Go ka bo go le botoka gore ke bo ke sa ntse ke le koo. Jaanong mma ke bone sefatlhego sa kgosi mme, fa go na le phoso epe mo go nna,+ ruri e mpolaye.”’” 33  Morago ga moo Joabe a tsena kwa kgosing a e bolelela. Foo ya bitsa Abesalome, yo jaanong a neng a tsena kwa kgosing a bo a obama fa go yone, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi; mme morago ga moo kgosi ya atla Abesalome.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase