2 Petere 3:1-18
3 Baratwa, leno jaanong ke lekwalo la bobedi le ke le lo kwalelang, le mo go lone, jaaka mo go la me la ntlha, ke kurusang bokgoni jwa lona jwa go akanya jo bo phepa e le go lo gakolola,+
2 gore lo gakologelwe mafoko a a neng a buiwa pelenyana ke baporofeti+ ba ba boitshepo le taolo ya Morena le Mmoloki ka baaposetoloi+ ba lona.
3 Gonne sa ntlha lo itse seno, gore mo metlheng+ ya bofelo go tla tla basotli+ ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso+ tsa bone
4 mme ba re:+ “Go kae go nna gone mono ga gagwe+ mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong+ ya popo.”
5 Gonne, go ya ka keletso ya bone, ntlha eno ga ba kgone go e lemoga, gore go ne go na le magodimo+ go tswa bogologolong le lefatshe le eme le kitlane go tswa mo metsing+ e bile le le mo gare ga metsi+ ka lefoko la Modimo;
6 mme lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.+
7 Mme magodimo+ le lefatshe+ tse di gone jaanong di boloketswe molelo+ ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo+ le la go senngwa ga baikepi.+
8 Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa tlhoka go lemoga ntlha eno e le nngwe fela, baratwa, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete di ntse jaaka letsatsi+ le le lengwe.
9 Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso+ ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.+
10 Le fa go ntse jalo letsatsi+ la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu,+ le mo go lone magodimo a tla fetang+ ka modumo o o sumang,+ mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa,+ mme lefatshe+ le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.+
11 E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo,
12 lo letetse+ e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa,+ le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang+ le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang!
13 Mme go na le magodimo+ a masha le lefatshe+ le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.+
14 Ka gone, baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno, dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong a lo fitlhele lo se na selabe+ lo se na molato e bile lo le mo kagisong.+
15 Mo godimo ga moo, tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko, fela jaaka mokaulengwe wa rona yo o rategang Paulo go ya ka botlhale+ jo a bo filweng le ene+ a lo kwaletse,
16 a bua ka dilo tseno jaaka a dira le mo makwalong otlhe a gagwe. Le fa go ntse jalo, mo go one go na le dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa, tse ba ba sa rutwang le ba ba sa nitamang ba di sokamisang, jaaka ba dira le ka Dikwalo+ tse dingwe tsotlhe, gore ba senngwe.
17 Jalo, lona baratwa, ka lo na le kitso+ eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone ka go fapoga ga batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng+ ga lona.
18 Nnyaa, mme tswelelang lo gola mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.+ Kgalalelo e nne go ene jaanong le go ya letsatsing la bosafeleng.+