2 Ditiragalo 35:1-27

35  Foo Josia+ a tshwarela Jehofa tlolaganyo+ mo Jerusalema mme ba tlhaba phologolo e e bolaelwang tlolaganyo+ mo letsatsing la bolesome le bonè+ la kgwedi ya ntlha.+  Ka jalo a emisa baperesiti gore ba okamele dilo tse ba di tlhokometseng+ mme a ba kgothatsa+mo tirelong ya ntlo ya ga Jehofa.+  Mme a raya Balefi, e bong batlhatlheledi+ ba Iseraele yotlhe, ba ba boitshepo mo go Jehofa a re: “Bayang Letlole le le boitshepo+ mo ntlong+ e Solomone morwa Dafide kgosi ya Iseraele a e agileng; ga lo tlhoke go le sikara jaaka mokgweleo mo magetleng+ a lona. Jaanong direlang+ Jehofa Modimo wa lona le batho ba gagwe ba Iseraele.  Baakanyang fa ntlong ya borraalonamogologolwane+ go ya ka makgamu+ a lona, go ya ka mokwalo+ wa ga Dafide kgosi ya Iseraele le go ya ka mokwalo+ wa ga Solomone morwawe.  Mme lo eme+ mo lefelong le le boitshepo ka ditlhopha tsa ntlo ya borremogologolwane lo emele bomorwarraalona, bomorwa batho, le karolo ya ntlo ya borre+ ya Balefi.+  Mme lo tlhabe phologolo e e bolaelwang tlolaganyo+ lo bo lo iitshepisa+ lo baakanyetsa bomorwarraalona gore ba dire kafa lefokong la ga Jehofa ka Moshe.”+  Jaanong Josia a ntshetsa bomorwa batho moneelo wa matsomane, dikwanyana tse ditonanyana le dipotsane tse ditonanyana, tsotlhe e le tsa diphologolo tse di bolaelwang tlolaganyo ya botlhe ba ba neng ba le gone, di fitlha go palo ya dikete di le masome a mararo, le dikgomo di le dikete di le tharo.+ Tseno di ne di tswa mo dithotong tsa kgosi.+  Mme dikgosana+ tsa gagwe tsa ntshetsa batho+ moneelo ka go rata, di ntshetsa baperesiti le Balefi. Hilekia+ le Sekarea le Jehiele e bong baeteledipele ba ntlo ya Modimo wa boammaaruri ba naya baperesiti diphologolo tse di bolaelwang tlolaganyo di le dikete tse pedi le makgolo a le marataro, le dikgomo di le makgolo a le mararo.  Mme Konania le Shemaia le Nethanele bomorwarraagwe le Hashabia le Jeiele le Josabade, balaodi ba Balefi, ba ntshetsa Balefi moneelo wa diphologolo tse di bolaelwang tlolaganyo di le dikete di le tlhano, le dikgomo di le makgolo a le matlhano. 10  Tirelo ya baakanngwa+ mme baperesiti ba nna ba eme+ mo maemong+ a bone, le Balefi ka makgamu+ a bone, go ya ka taelo+ ya kgosi. 11  Mme ba tlhaba phologolo e e bolaelwang tlolaganyo+ mme baperesiti+ ba kgatšha+ madi a ba a amogetseng mo seatleng sa bone, fa Balefi bone ba ne ba ntsha matlalo.+ 12  Mo godimo ga moo, ba baakanya ditshupelo tse di fisiwang gore ba di neye ditlhopha+ go ya ka ntlo ya borre,+ ba di neye bomorwa batho, gore ba ntshetse Jehofa tshupelo+ go ya ka se se kwadilweng mo bukeng ya ga Moshe;+ mme ba dira jalo le ka dikgomo. 13  Mme ba apaya+ tshupelo ya tlolaganyo+ mo molelong kafa mokgweng; mme dilo tse di dirilweng boitshepo ba di apaya+ mo dipitseng tse di apeelang le mo dipitseng tse di kgolokwe kwa tlase le mo megopong ya mekete, morago ga moo ba e tlisa ka bonako kwa go bomorwa batho botlhe+ 14  Morago ga moo ba ipaakanyetsa bone le baperesiti,+ ka gonne baperesiti e bong bomorwa Arone ba ne ba tshwaregile ka go isa ditlhabelo tse di fisiwang+ le dinama tse di mafura+ go fitlha bosigo, mme fa e le Balefi bone, ba ipaakanyetsa+ bone le baperesiti e bong bomorwa Arone. 15  Mme baopedi+ e bong bomorwa Asafe+ ba ne ba le mo tirong ya bone go ya ka taelo ya ga Dafide+ le ya ga Asafe+ le ya ga Hemane+ le ya ga Jeduthune+ e bong mmoni wa diponatshegelo+ wa kgosi; mme balebedi ba dikgoro+ ba ne ba le kwa dikgorong tse di farologaneng.+ Go ne go sa tlhokege gore ba fapoge mo tirelong ya bone, ka gonne bomorwarraabone e bong Balefi ba ne ba ba baakanyetsa.+ 16  Mme tirelo yotlhe ya ga Jehofa ya baakanngwa mo letsatsing leo gore go tshwarwe tlolaganyo+ le go isa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong sa ga Jehofa, go ya ka taelo ya ga Kgosi Josia.+ 17  Mme bomorwa Iseraele ba ba neng ba le gone ba tshwara tlolaganyo+ ka nako eo le moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang malatsi a le supa.+ 18  Go ne go ise go ke go tshwarwe tlolaganyo e e tshwanang le yone mo Iseraele fa e sa le mo metlheng ya ga moporofeti Samuele,+ e bile go ne go se epe ya dikgosi+ tse dingwe tsa Iseraele e e neng e kile ya tshwara tlolaganyo e e tshwanang le eo e Josia le baperesiti le Balefi le Juda yotlhe le Baiseraele ba ba neng ba le gone le banni ba Jerusalema ba neng ba e tshwara. 19  Tlolaganyo eno e ne ya tshwarwa mo ngwageng wa bolesome le borobedi wa puso ya ga Josia.+ 20  Morago ga seno sotlhe fa Josia a ne a baakantse ntlo, Neko+ kgosi ya Egepeto+ a tla go tlhabana kwa Karakemishe+ fa thoko ga Euferatese. Foo Josia+ a tswa a ya go kgatlhana le ene.+ 21  Mme a romela barongwa kwa go ene, a re: “Ke dirang ka wena, wena kgosi ya Juda? Ga ke a tsogologela wena gompieno, mme ntwa ya me e kgatlhanong le ntlo e nngwe e bile Modimo ka boene o rile ke bake pheretlhego. Tlogela, gore go nne molemo ka wena ka ntlha ya Modimo yo o nang le nna, mme o se ka wa letla gore a go senye.”+ 22  Josia a se ka a faposa sefatlhego sa gagwe mo go ene,+ mme gore a tlhabane le ene, a ikgakisa+ batho mme a se ka a reetsa mafoko a ga Neko+ a a tswang mo molomong wa Modimo. Ka jalo a tla go tlhabana mo mokgatšheng wa lebala la Megido.+ 23  Mme bahudi+ ba hula Kgosi Josia, mo kgosi e neng ya raya batlhanka ba yone ya re: “Mpholosang, gonne ke gobetse thata.”+ 24  Ka jalo batlhanka ba gagwe ba mo folosa mo kareng mme ba mo palamisa kara ya bobedi ya ntwa e e neng e le ya gagwe ba mo tlisa mo Jerusalema.+ Ka jalo a swa+ mme a fitlhwa mo phupung ya borraagwemogologolwane;+ mme Juda yotlhe le Jerusalema ba ne ba hutsafaletse+ Josia. 25  Mme Jeremia+ a simolola go tlhabeleletsa+ Josia; mme baopedi botlhe ba banna le baopedi ba basadi+ ba nna ba bua ka Josia mo dipineng tsa bone tsa khutsafalo go fitlha gompieno; mme ba dirile gore e nne molao mo Iseraele, mme di kwadilwe mo dipineng tsa khutsafalo.+ 26  Fa e le ditiragalo+ tse dingwe tsotlhe tsa ga Josia le ditiro tsa gagwe tsa bopelonomi jwa lorato,+ go ya ka se se kwadilweng mo molaong+ wa ga Jehofa, 27  le ditiragalo tsa gagwe, tsa ntlha le tsa bofelo,+ di kwadilwe mo Bukeng+ ya Dikgosi tsa Iseraele le Juda.

Dintlha Tse di Kwa Tlase