2 Ditiragalo 34:1-33
34 Josia+ o ne a na le dingwaga di le robedi+ fa a simolola go busa, mme a busa mo Jerusalema+ dingwaga di le masome a mararo le bongwe.
2 Mme a dira se se siameng mo matlhong+ a ga Jehofa le go tsamaya mo ditseleng tsa ga Dafide rraagwemogologolwane;+ mme a se ka a fapogela kafa mojeng kgotsa kafa molemeng.+
3 Mme mo ngwageng wa borobedi wa go busa ga gagwe, fa a ne a sa ntse a le mosimanyana,+ a simolola go batla+ Modimo wa ga Dafide rraagwemogologolwane; mme mo ngwageng wa bolesome le bobedi a simolola go phepafatsa+ Juda le Jerusalema go simolola kwa mafelong a a kwa godimo+ le dikota tse di boitshepo+ le ditshwantsho tse di thetsweng+ le difikantswe tse di thetsweng.
4 Mo godimo ga moo, ba rutla dibeso+ tsa Bobaale+ fa pele ga gagwe; mme a kgaola ditlhomo tsa maswalo+ tse di neng di le mo godimo ga tsone a di tlosa mo go tsone; mme dikota tse di boitshepo+ le ditshwantsho tse di thetsweng+ le difikantswe tse di thetsweng a di thubaganya a di dira loupa,+ morago ga moo a lo kgatšha mo godimo ga mafelo a go fitlhela a ba ba neng ba tle ba di ntshetse ditlhabelo.+
5 A fisetsa marapo+ a baperesiti mo godimo ga dibeso+ tsa bone. A phepatsa Juda le Jerusalema jalo.
6 Gape, le mo metseng ya ga Manase+ le Eferaime+ le Simeone le go ya go fitlha fela kwa Nafetali, mo mafelong a bone a a swafetseng mo tikologong yotlhe,
7 o ne a ba a rutla le dibeso+ le dikota tse di boitshepo,+ mme ditshwantsho tse di thetsweng+ a di thubaganya a di dira loupa;+ a rema ditlhomo tsotlhe tsa maswalo+ mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, morago ga moo a boela Jerusalema.
8 Mme mo ngwageng wa bolesome le borobedi+ wa go busa ga gagwe, fa a ne a phepafaditse lefatshe le ntlo, a roma Shafane+ morwa Asalia le Maaseia molaodi wa motse le Joa morwa Joahase mokwadi gore ba baakanye+ ntlo ya ga Jehofa Modimo wa gagwe.
9 Mme ba tla kwa go Hilekia+ moperesiti yo mogolo mme ba mo naya madi a a neng a tlisiwa mo ntlong ya Modimo, a Balefi e bong balebedi ba dikgoro+ ba neng ba a phuthile mo seatleng sa ga Manase+ le Eferaime+ le mo go Iseraele+ yotlhe le mo Juda yotlhe le Benjamine le mo banning ba Jerusalema.
10 Foo ba a tsenya mo seatleng sa badiri ba tiro ba ba neng ba tlhomilwe go okamela ntlo ya ga Jehofa.+ Mme badiri ba tiro ba ba neng ba le matlhagatlhaga mo ntlong ya ga Jehofa ba a dirisetsa go mamatlela ntlo le go e baakanya.
11 Ka jalo ba a naya badiri ba ba ditswerere le baagi+ gore ba reke maje a a betlilweng+ le dikota tsa go tshwaraganya le gore ba age matlo ka dikota a dikgosi+ tsa Juda di neng di a sentse.
12 Mme batho ba ne ba dira ka boikanyegi+ mo tirong; mme ba ba neng ba tlhomilwe gore ba ba okamele e ne e le Jahathe le Obadia e bong Balefi, ba ba tswang mo go bomorwa Merari,+ le Sekarea le Meshulame, ba ba tswang mo go bomorwa Bakohathe,+ gore ba direle e le balebedi. Mme Balefi, ba mongwe le mongwe wa bone e neng e le setswerere ka diletswa tsa pina,+
13 ba ne ba okametse basikari ba mekgweleo,+ le balebedi+ ba badiri botlhe ba tiro, ba ba dirang ditirelo tse di farologaneng; mme mo Balefing+ go ne go na le bakwaledi+ le badiredi le balebedi ba dikgoro.+
14 Jaanong fa ba ntse ba ntsha madi+ a a neng a tlisiwa kwa ntlong ya ga Jehofa, moperesiti Hilekia+ a bona buka+ ya molao wa ga Jehofa+ o o neetsweng ka seatla sa ga Moshe.+
15 Ka jalo Hilekia a raya Shafane+ mokwaledi a re: “Ke bone buka ya molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Foo Hilekia a naya Shafane buka.
16 Foo Shafane a tlisa buka eno kwa kgosing mme a fetola kgosi gape a re: “Batlhanka ba gago ba dira sotlhe se se tsentsweng mo seatleng sa bone.
17 Ba tsholola madi a a fitlhelwang mo ntlong ya ga Jehofa ba a tsenya mo seatleng sa banna ba ba tlhomilweng le mo seatleng sa badiri ba tiro.”+
18 Mme Shafane mokwaledi a tswelela go begela kgosi a re: “Go na le buka+ e moperesiti Hilekia a e nneileng.”+ Shafane a simolola go e bala fa pele ga kgosi.+
19 Mme ga diragala ya re fela fa kgosi e sena go utlwa mafoko a molao, ka yone nako eo ya gagoganya diaparo tsa yone.+
20 Go tswa foo kgosi ya laela Hilekia+ le Ahikame+ morwa Shafane le Abedona morwa Mika le Shafane+ mokwaledi+ le Asaia+ motlhanka wa kgosi, ya re:
21 “Tsamayang, lo ye go botsa+ Jehofa mo boemong jwa me+ le mo boemong jwa ba ba setseng mo Iseraele le Juda ka ga mafoko a buka+ e e bonweng, gonne tšararego+ ya ga Jehofa e e tshwanetseng ya tshololelwa mo go rona e kgolo ka ntlha ya gore borraaronamogologolwane ga ba a ka ba boloka lefoko la ga Jehofa ka go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo bukeng+ eno.”
22 Ka jalo Hilekia le botlhe ba kgosi e neng e buile ka bone ba ya kwa go Huleda+ moporofeti wa mosadi,+ e leng mosadi wa ga Shalume morwa Tikefa morwa Harahase motlhokomedi wa diaparo,+ jaaka a ne a nna mo Jerusalema mo karolong ya bobedi ya motse; mme ba bua le ene jaana.
23 Foo a ba raya a re:
“Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Bolelelang monna yo o lo romileng kwa go nna lo re:
24 “Jehofa o buile jaana, ‘Bona, ke tlisa masetlapelo+ mo lefelong leno le mo banning ba lone,+ diphutso+ tsotlhe tse di kwadilweng mo bukeng e ba e balang fa pele ga kgosi ya Juda,+
25 ka lebaka la gore ba ntlogetse+ mme ba ya go kuisetsa medimo+ e mengwe mosi wa setlhabelo, gore ba nkgopise+ ka ditiro tsotlhe tsa diatla+ tsa bone le gore tšararego+ ya me e tshologele mo lefelong leno mme e se ka ya tingwa.’”+
26 Mme kgosi ya Juda, e e lo romang go ya go botsa Jehofa, lo e reye lo re, “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana,+ ‘Fa e le mafoko+ a o a utlwileng,
27 ka lebaka la gore pelo+ ya gago e ne e le bonolo mo o neng wa ikokobetsa+ ka ntlha ya Modimo fa o utlwa mafoko a gagwe ka ga lefelo leno le banni ba lone, mme wa ikokobetsa fa pele ga me+ wa gagoganya+ diaparo tsa gago wa ba wa lela fa pele ga me, nna, e leng nna, ke utlwile,+ go bua Jehofa.
28 Bona, ke go phuthela kwa go borragomogologolwane, mme ruri o tla phuthelwa kwa phupung ya gago ka kagiso,+ matlho a gago ga a na go bona masetlapelo+ otlhe a ke a tlisetsang lefelo leno le banni ba lone.’”’”+
Mme ba tlisetsa kgosi phetolo.
29 Kgosi ya roma mme ya phutha banna botlhe ba bagolwane ba Juda le ba Jerusalema.+
30 Jaanong kgosi ya tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa+ mmogo le banna botlhe ba Juda le banni ba Jerusalema le baperesiti+ le Balefi le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye; mme ya simolola go bala+ mo ditsebeng tsa bone mafoko otlhe a buka ya kgolagano, e e neng e fitlhetswe mo ntlong ya ga Jehofa.+
31 Mme kgosi ya nna e eme mo lefelong+ la yone mme ya dira kgolagano+ fa pele ga ga Jehofa ya go sala Jehofa morago le go boloka ditaelo+ tsa gagwe le ditshupo+ tsa gagwe le melao+ ya gagwe ka pelo+ yotlhe ya yone le ka moya+ otlhe wa yone, go diragatsa+ mafoko a kgolagano a a neng a kwadilwe mo bukeng+ eno.
32 Mo godimo ga moo, ya dira gore botlhe ba ba neng ba fitlhelwa mo Jerusalema le Benjamine ba e emele. Mme banni ba Jerusalema ba dira tumalanong le kgolagano ya Modimo, Modimo wa borraabonemogologolwane.+
33 Morago ga moo Josia a tlosa dilo tsotlhe tse di makgapha+ mo mafatsheng otlhe a bomorwa Iseraele,+ mme a dira gore botlhe ba ba neng ba fitlhelwa mo Iseraele ba tsene mo tirelong, ba direle Jehofa Modimo wa bone. Malatsi otlhe a gagwe ba ne ba se ka ba fapoga mo go saleng Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane+ morago.