1 Samuele 23:1-29

23  Fa nako e ntse e tsamaya ba tla go begela Dafide, ba re: “Bona, Bafilisitia ba lwa le Keila,+ e bile ba thopa diboana.”+  Mme Dafide a botsa+ Jehofa, a re: “A ke tsamaye, a ke kgemethe Bafilisitia bano?” Jehofa le ene a raya Dafide a re: “Tsamaya, o kgemethe Bafilisitia mme o boloke Keila.”  Foo banna ba ga Dafide ba mo raya ba re: “Bona! Re boifa re le fano mo Juda,+ mme a bo re tla boifa bogolo jang ne fa re ka ya kwa Keila go ya go tlhabana le mela ya tlhabano ya Bafilisitia!”+  Ka jalo Dafide a botsa Jehofa gape.+ Jaanong Jehofa a mo araba a re: “Nanoga, ya kwa Keila, ka gonne ke tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+  Ka jalo Dafide a ya le banna ba gagwe kwa Keila mme a tlhabana le Bafilisitia a ba a tsamaya ka diruiwa tsa bone, mme a ba kgemetha ka polao e kgolo; mme Dafide a nna mmoloki wa banni ba Keila.+  Jaanong ga diragala gore fa Abiathare+ morwa Ahimeleke a tshabela kwa go Dafide kwa Keila, a bo a na le khiba+ mo seatleng sa gagwe.  Fa nako e ntse e tsamaya ga begelwa Saulo jaana: “Dafide o tlile mo Keila.”+ Mme Saulo a simolola go re: “Modimo o mo rekiseditse mo seatleng sa me,+ gonne o itswaletse ka go tla mo motseng o o nang le ditswalo le mophakalego.”  Ka jalo Saulo a biletsa batho botlhe kwa ntweng, gore ba ye kwa Keila, go ya go dikanyetsa Dafide le banna ba gagwe.  Mme Dafide a itse gore Saulo o ne a mo logela maano a a bosula.+ Ka gone a raya Abiathare moperesiti a re: “A ko o atametse khiba.”+ 10  Mme Dafide a tswelela a re: “Ao Jehofa Modimo wa Iseraele,+ motlhanka wa gago ruri o utlwile gore Saulo o batla go tla Keila go tla go senya motse ka ntlha ya me.+ 11  A beng ba naga ba Keila ba tla ntsenya mo seatleng sa gagwe? A Saulo o tla tla fela jaaka motlhanka wa gago a utlwile? Ao Jehofa Modimo wa Iseraele, bolelela motlhanka wa gago, tsweetswee.” Fa a rialo Jehofa a re: “O tla tla.”+ 12  Mme Dafide a tswelela a re: “A beng ba naga ba Keila ba tla ntsenya le banna ba me mo seatleng sa ga Saulo?” Mme Jehofa a re: “Ba tla lo tsenya.”+ 13  Dafide a akofa a nanoga le banna ba gagwe, e ka nna banna ba le makgolo a le marataro,+ mme ba tswa mo Keila mme ba tswelela ba tsamayatsamaya gongwe le gongwe kwa ba neng ba ka tsamayatsamaya teng. Mme ga begelwa Saulo gore Dafide o ne a falotse kwa Keila, mme ka jalo a tlogela go tswa. 14  Mme Dafide a nna mo nageng mo mafelong a go leng thata go a atamela, mme a tswelela a nna mo kgaolong e e dithaba mo nageng ya Siife.+ Mme Saulo a nna a mmatla ka metlha,+ mme Modimo a se ka a mo tsenya mo seatleng sa gagwe.+ 15  Mme Dafide a tswelela a boifa ka gonne Saulo o ne a dule a ile go batla moya wa gagwe fa Dafide a ne a le kwa nageng ya Siife kwa Horeshe.+ 16  Jaanong Jonathane morwa Saulo a nanoga mme a ya kwa go Dafide kwa Horeshe, gore a nonotshe+ seatla sa gagwe mo Modimong.+ 17  Mme a tswelela a mo raya a re: “O se ka wa boifa;+ gonne seatla sa ga Saulo rre ga se kitla se go bona, mme wena o tla nna kgosi+ ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago; le Saulo rre o itse seo.”+ 18  Foo boobabedi ba dira kgolagano+ fa pele ga ga Jehofa; mme Dafide a tswelela a nna kwa Horeshe, mme Jonathane ene a ya kwa legaeng la gagwe. 19  Moragonyana banna ba Siife+ ba tlhatlogela kwa go Saulo kwa Gibea,+ ba re: “A Dafide ga a iphitlha+ gaufi le rona mo mafelong a a thata go atamelwa kwa Horeshe,+ mo thoteng ya Hakila,+ e e kafa letlhakoreng la moja la Jeshimone?+ 20  Jaanong go dumalana le keletso yotlhe ya moya wa gago,+ wena kgosi, gore o tle, tla, mme seabe sa rona e tla nna go mo tsenya mo seatleng sa kgosi.”+ 21  Fa ba rialo Saulo a re: “A Jehofa a lo segofatse,+ gonne lo ntlhomogetse pelo. 22  Tsweetswee, tsamayang, lo nne lo tshwarelele mme lo tlhomamise lo bo lo bone lefelo la gagwe fa lonao lwa gagwe lo nnang gone—le fa e le mang yo o mmoneng koo—gonne ke boleletswe gore ruri o boferefere.+ 23  Mme lo bone lo bo lo tlhomamise ka mafelo otlhe a go iphitlha a a iphitlhang mo go one; mme lo boele kwa go nna ka bosupi, mme ke tla tsamaya le lona; mme go tla diragala gore, fa a le mo nageng eo, le nna ke tla mmatla ka kelotlhoko mo diketeng tsotlhe+ tsa Juda.” 24  Ka jalo ba nanoga ba ya kwa Siife+ kwa pele ga ga Saulo, fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le kwa nageng ya Maone+ kwa Areba+ kwa borwa jwa Jeshimone. 25  Moragonyana Saulo a tla le banna ba gagwe a tlile go mmatla.+ Fa ba bolelela Dafide, a akofa a ya kwa lefikeng le legolo mme a tswelela a nna mo nageng+ ya Maone. E rile Saulo a utlwa ka gone, a lelekisa+ Dafide go tsenelela mo nageng ya Maone. 26  Kgabagare Saulo a tla kafa letlhakoreng leno la thaba, mme Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le ka kwa letlhakoreng lele la thaba. Ka jalo Dafide a itlhaganelela go tsamaya+ ka ntlha ya ga Saulo; mo nakong eno yotlhe Saulo le banna ba gagwe ba ne ba dika Dafide le banna ba gagwe gore ba ba tshware.+ 27  Mme go ne go na le morongwa yo o neng a tla kwa go Saulo a re: “Potlaka o tsamaye, gonne Bafilisitia ba tlhasetse lefatshe!” 28  Foo Saulo a boa mo go lelekiseng Dafide+ mme a ya go kgatlhantsha Bafilisitia. Ke gone ka moo ba biditseng lefelo leo ba re Lefika le Legolo la Dikgaogano. 29  Mme Dafide a tlhatloga a tswa koo mme a nna kwa mafelong a go leng thata go a atamela kwa Ene-gedi.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase