1 Samuele 21:1-15
21 Moragonyana Dafide a goroga kwa Nobe+ kwa go moperesiti Ahimeleke;+ mme Ahimeleke a simolola go roroma fa a kopana le Dafide a bo a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o le nosi, go se na ope yo o nang le wena?”+
2 Fa a rialo Dafide a raya moperesiti Ahimeleke a re: “Kgosi ka boyone e ntaetse kgang nngwe,+ mme e ne ya nthaya ya re, ‘A ope a se ka a itse sepe gotlhelele ka kgang e ke go romang ka yone le e ke go e laetseng.’ Mme ke beelane nako le makau kwa lefelong la gore.
3 Mme jaanong, fa go na le dinkgwe di le tlhano mo taolong ya gago, di tsenye fela mo seatleng sa me, kgotsa sengwe le sengwe se se leng teng.”+
4 Mme moperesiti a araba Dafide a re: “Ga go na senkgwe se se tlwaelegileng mo taolong ya me, mme go na le senkgwe se se boitshepo;+ fa fela e le gore bogolo makau a ithibile mo basading.”+
5 Ka jalo Dafide a araba moperesiti a mo raya a re: “Mme basadi ba ntse ba thibilwe mo go rona fela jaaka pele fa ke ne ke tswa,+ mme mebele ya makau e ntse e le boitshepo, le mororo thomo e le e e tlwaelegileng. Mme a bo go ntse jalo bogolo jang ne gompieno, fa motho a nna boitshepo mo mmeleng wa gagwe?”
6 Fa a rialo moperesiti a mo naya se se boitshepo,+ ka gonne go ne go se na senkgwe sepe foo fa e se senkgwe sa tshupo se se neng se tlositswe fa pele ga ga Jehofa+ gore go bewe senkgwe se sesha moo ka letsatsi le se tlositsweng ka lone.
7 Jaanong mongwe wa batlhanka ba ga Saulo o ne a le teng koo ka letsatsi leo, a kganetswe+ fa pele ga ga Jehofa, mme leina la gagwe e ne e le Doege+ wa Moedoma,+ yo mogolo mo badiseng ba e neng e le ba ga Saulo.+
8 Mme Dafide a raya Ahimeleke a re: “A mme ga o na sepe fano, lerumo kgotsa tšhaka? Gonne ga ke a ka ka tsaya tšhaka ya me le fa e le dibetsa tsa me mo seatleng, ka gonne kgang ya kgosi e ne e potlakile.”
9 Fa a rialo moperesiti a re: “Tšhaka ya ga Goliathe+ wa Mofilisitia, yo o neng wa mmolaya kwa lebaleng le le kwa tlase la Ela+—ke eno, e phuthetswe ka seaparo, kafa morago ga khiba.+ Fa e le gore ke yone e o neng o ka e itseela, e tseye, ka gonne ga go na epe e nngwe fano kwantle ga yone.” Mme Dafide a tswelela a re: “Ga go na epe e e tshwanang le yone. E nneye.”
10 Foo Dafide a nanoga mme a tswelela a tshaba+ ka ntlha ya ga Saulo mo letsatsing leo, mme kgabagare a goroga kwa go Akishe kgosi ya Gathe.+
11 Mme batlhanka ba ga Akishe ba simolola go mo raya ba re: “A yono ga se Dafide kgosi+ ya lefatshe? A ga se ene yo ba neng ba ntse ba mminela,+ ba re,‘Saulo o kgemethile dikete tsa gagwe,Mme Dafide dikete tsa gagwe di le masome’?”+
12 Mme Dafide a simolola go isa mafoko ano mo pelong ya gagwe, mme a simolola go boifa thata+ ka ntlha ya ga Akishe kgosi ya Gathe.
13 Ka jalo a itira yo o sa itekanelang+ mo tlhaloganyong fa pele ga matlho a bone+ mme a simolola go itshwara ka tsela ya botsenwa mo seatleng sa bone mme a nna a dira matshwao mo ditswalong tsa kgoro a ba a tlogela mathe a gagwe a elela mo ditedung.
14 La bofelo Akishe a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lo a bona gore monna yo o a tsenwa. Lo mo tlisetsang mo go nna?
15 A ke tlhoka batho ba ba tsenwang, gore lo bo lo ntliseditse yono gore a tle go tsenelwa fa go nna? A yono o tshwanetse go tsena mo legaeng la me?”